Dikgang tsa Bonkoko: Go Dula Le, Le Go Tlogela, Balekane Ba Ba Sotlang

Maloko a le mabedi a Grandmothers Against Poverty and Aids a arogana ka ga maitemogêlô a bona a go tshela le banna ba ba sotlang.

Beauty Skefile

©Eric Miller

Dikgwedi di le mmalwa morago ga gore ke kopane le Victor, ke le dingwaga di le 20, re ne ra nyalana. E ne e le lenyalo la lesira le le sweu mme batho botlhe mo motseng ba ne ba tlile, makgolokgolo a bona. Go ne go siame thata. Mo dingwageng tsa ntlha di le lesome tsa nyalo ya rona, re ne re na le madi a a lekaneng mme re itumetse.

Victor o ne a rekela bana le nna diaparo, a re tshegetsa ka tsela nngwe le nngwe e re neng re ka e eletsa. Ke ne ke akanya gore dilo di tla dula ka tsela eo go ya go ile. Fela o ne a tlogela tiro, a batla go boela kwa Qunu kwa Kapa Botlhaba, kwa a tswang teng. Ke fao mathata a simolotseng teng. Ka sebakanyana dilo di ne di tsamaya sentle kwa Qunu.

Re ne re dula mo ntlong e e agilweng ka ditena mme re ne re lema mmopo le maphutshe mo masimong a rona. Re ne re jala dijo di le dintsi mme re ne re sa bolawe ke tlala. Fela Victor o ne a sa tlhole a dira. Gongwe seo se mo neile manyaapelo. Ka lebelo, ke fao a neng a simolola go mpetsa. O ne a tla gae a tagilwe mme ga a mpona ke dutse le bana, o ne a mpotsa ka mafega, ‘Dijo tsa me di kae?’. Mme a simolola go omana le nna, a mpotsa dipotso fela gore a lwe le nna, ka nako tsotlhe, o ne a mpetsa.

O ne a sweetsa go nyala mosadi wa bobedi, mohumagadi wa morwarraagwe yo o tlhokafetseng. Seno ke ngwao ya seXhosa, go netefatsa fa batlholagadi le bana ba bona ba tlhokomelwa. Fela mo go nna, go ne go le thata. Fa ke ipuelela, o ne a mpetsa. Go ne go sa tlhole go na le lerato mo nyalong ya me mme go sena sepe se se ntshiametseng kwa Qunu. Ke ne ka phutha morwalo wa me. Go botoka go sokola kwa Cape Town, legae la me, gona le fano.

Felicia Mfamana

©Eric Miller

Barwarre, bokgaitsedi le mmaago monna wa me Milton e ne e le batho ba ba siameng, fela e ne e le motlapa ebile e le motlhorisi. O ne a itirela madi ka go baakanya matlo a batho, fela o ne a sa mphe le ge e le sente tota. Mmatsale wa me o ne a itse gore ke motho yo o jang mme o ne a sa dumelane le seno ka gope.

O ne a mpha madi le dijo tsa bana. Nomanani, leitibolo la rona le ne la belegwa, mme morago ya nna Noxolo, Nonkosi le Phumla, mme Milton o ne a santse a sa re tlhokomele. O ne a nwa nnotagi thata mme a tle gae mo gare ga bosigo, a re tsosa botlhe le go botsa ka go goa, ‘Goreng le robetse? Dijo tsa me di kae?’ Lantlha fa a ne a mpetsa e ne e le fa ngwana wa rona wa bobedi, Noxolo, e ne e santse e le lesea.

Dingwaga di le robongwe morago ga fao, ke ne ka mo tlogela. O ne a ile letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe mme mo gare ga bosigo, jaaka ka metlha, o ne a tla a kokota mo monyakong wa me. ‘Ke tshwerwe ke tlala. Dijo tsa me di kae?’ o ne a ikuela. ‘Ga gona dijo ka gonne ga wa nneya madi a go di reka’, ke ne ka bua. ‘O seka wa mpolelela maaka.

O rekisa dimonamone mme o na le madi’, o ne bua. ‘Madi ao ke a go fepa bana’, ke ne ka araba. ‘Ga se madi a gago.’. ‘Ke tlile go go bolaya’, o ne a omana. Kgaitsediaka Neliswa o ne a dula le rona. O ne a simolola go lela le go tlhaba mokgosi, mme a leka go re tsena mo gare le go mo kgarametsa. ‘Nyaa, bolaya nna pele’, o ne a mo goeletsa. ‘Mpolaye pele o bolaya kgaitsediaka.

’ Moagisanyi wa rona o ne a utlwa mokgosi mme a tlhaga a tabogile. ‘Emisa! Ke mohumagadi wa gago yo!’, o ne a mo goeletsa, a goga Milton gotswa mo go nna. O ne a leletsa sepodisi mogala. Ba ne ba se tle, fela Milton, mo botagweng jwa gagwe, o ne a ritibatsa maikutlô. Moso o o latelang, ke ne ka mo tlogela.

Translated by Nchema Rapoo