Fa ke goroga mo Cape Town ke bone tiro go Mohumagadi Dodson, mosadi yo o siameng thata, kwa Green Point. Ka sebaka sa dingwaga di le robedi, ke ne ke dira le go robala kwa ga gagwe. Bana ba me ba ne ba dula kwa Gugulethu mme ke ne ke ya go ba tlhôla ka mafêlô a beke. Mosadi yo ba neng ba dula le ênê o ne a siame mo go bona mme ke ne ke itumelela gore ba koo.
Fela Mohumagadi Dodson o ne a fudugela kwa moseja mme ka latlhegelwa ke tiro. Ke ne ke sena madi a go duela mosadi yo o neng a ntlhokomelela bana, ka jalo ke ne ka ba busetsa kwa Transkei, kwa ntate wa me a ileng teng, gore ba dule le ênê. Le fa e ne e le monna, mme a tlhokomela bana ba le batlhano ka esi, ntate o ne a siame mo go bona.
Fa ba ne ba re ga ba batle go ya go disa dikgomo le dinku, gongwe ka ntlha ya gore go tsididi, o ne a ba bolelela fa go siame. O ne a le bonolo go bona. Fela ka 1972, dingwaga di ka nna robedi moragonyana, ke ne ka ya go tsaya bana ba me. Ke ne ke ba tlhwafaletse thata mme ke batla gore ba dule le nna. Ke ne ka ba busetsa mo Cape Town botlhe.
Ke ne ke le dingwaga di le 39 mme ke ise nke ke dire jaaka mothusi wa fa gae, fela ke ne ke setse ke na le bana ba le batlhano ba ke neng ke tshwanetse go ba tlhokomela. Go ne go sena boitlhophelo jo bo kalo. Ga e sale ke na le botsalano jo bo kitlaneng thata le kgaitsediaka Nelisa.
Monna wa gagwe o ne a dira kwa Cape Town fela o ne a ithebola go ka ntlhokomelela bana, mmogo le ba gagwe ba le bane. ‘Ke bana ba kgaitsediaka’, o ne a bua. ‘Sentle fela ke tla ba tlhokomela.’ Ba ka se bolawe ke tlala.
Ba tla bona dijo gotswa kwa masimong le maši gotswa mo dikgomong tsa rona, mme ke rulagantse go ba romela madi a go duelelela diaparo tsa sekolo, dibuka le sengwe le sengwe se ba se tlhokang. E ne le maikutlô a a lwatsang, go pagama bese ele le go sia bana ba me kwa morago sebaka se se sa itsiweng ke ope.
Bana ba me ba ne ba le kwa kae fa ke ne ke na le tiro enô e ke robalang kwa go yona? Mpotse seno mme otla ntlisetsa letshogô le le golo. Motho yo o neng a tlhokomela bana ba me o ne a se molemô go bona. E ne e le bosetlhogo mo go rona gore re se dule le bana ba rona mme jaanong, fa ba sa nna sentle, re akanya gore ke ka gonne ba godile ntle le rona. Ke ne ka tshwanela ke go tsaya ngwana wa me wa ntlha go ya go dula le motho mongwe kwa Gugulethu.
Fa ke ne ke ile kwao ka nngwe ya mafêlô a beke a ke neng ke sa dire, mosadi wa teng o ne a ntshwere sentle mme a nneya senotsididi le senkgwe. Fela fa ngwana wa me, yo a neng a na fela le dingwaga di le pedi kgotsa tharo, a tla go kopa lenathwana la senkgwe le ênê, o ne are ‘Nyaa, o setse o jele mo go lekaneng.’ Ke ne ke bona gore ngwana o tota a ikopela dijo.
Ke ne ke utlwile botlhoko thata mo pelong. E ne le kutlôbotlhoko e kgolo thata, gore bana ba gole ntle le bommaabona. Ke ne ka leka go isa bana ba me kwa go ntsalaake kwa naga-godimo, fela seo sene se sa siama ka gonne tsatsi lengwe Mohumagadi Truter o ne a amogela thêlêkeramo e e neng ere ke tshwanetse go tla go ba lata mo dibekeng di le pedi. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng ka bona, ka gonne ke ne ke tlhoka go tswelela ka tiro.
Mohumagadi Truter o ne are, ‘O seka wa tshwenyega. Tsamaya o ye go bona kwa o ka bayang bana ba gago teng. Tsaya nako ya gago o bone gore ke mang yo o tlileng go ba tshwara sentle.’ Batho ba ke neng ke ba direla ba ne ba re tlhomogela pelo. Ba ne bare fa molao o ne o farologane, mme go le mo magetleng a bona, ba ne ba tla nneya lefelo bodulo mmogo le bana ba me. Fela ka ntlha ya molao, go ne go se sepe se ba ka se dirang.
Translated by Nchema Rapoo