Ke agile ntlo ya lapa la me kwa felo-bodulong gaufi le St Mark’s. Ke e agile ka tsela ya setso, gotswa mo diteneng tsa seretse me e kgaphilwe ka motswako wa seloko sa kgomo le seretse. Ke thapile mongwe go dira ditena tsa seretse. Mme ke ne ka isa ditena kwa moaging ka kiribane le go mo isetsa metsi ke rwele kgamelo mo tlhogong.
Fa mabota a sena go agwa, ke ne ka kgapha ditena tsa seretse ka motswako wa go kgapha. Re dirile ka natla mo marigeng, fa go ne go sena dipula, mme mo dikgweding di ka nna thataro re ne re na le ntlo, ka phaposi ya borobalo, phaposi ya bojelo le phaposi ya boapeelo.
Fela fa re sena go nyalana, Otto o ne a ya go dira kwa Saldanha Bay kwa Kapa Bophirima, kwa Saldanha Bay Canning Company. O ne a sena boitlhophelo. Go ne go sena tiro mo Transkei. O ne a ile dingwaga di le 23 mme mo nakong eo yotlhe re bonane fela dibeke tse tharo ka ngwaga, ka malatsi a boikhutsô.
Dingwaga di le nne morago ga nyalo ya rona, morago ga gore Vusi, leitibolo la rona, a belegwe, ke ne ka ya kwa Langa kwa Cape Town le lesea gore re nne gaufi le Otto nakwana, mme ra dula le mmangwane wa gagwe Nomalizo. Sepodisi se ne se tsamaya mo mebileng se botsa batho gore dipasa tsa bona di kae, ka jalo ke ne ka tshwanela ke go dula mo ntlong go ka iphitlha.
Nomalizo le bana ba gagwe ba ne ba na le dipasa. ‘O amogetswe fano, fela o seka wa tsamaya mo motsesetoropong mo gare ga beke, ka gore sepodisi se tla go tshwara’, o ne a ntsibosa. Mo mafêlông a beke go ne go le botoka thata.
Sepodisi se ne se ile gae, mme re ne re kgona go ya kwa toropong. Cape Town e ne e siame jang, ka mabenkele a a tletseng diaparo le nama, mme sengwe le sengwe se le tlhwatlhwa-tlase gona le kwa Transkei. Ke ne gape ke kgona go isa Vusi kwa ngakeng e e siameng go tlhatlhojwa.
Morago, Otto o ne a nthekela motšhine wa go roka le wa go loga kwa Cape Town. O ntliseditse boitumelo jo bo golo ka gonne ke rata go dira dilo. Fela go dula mo ntlong ka nako tsotlhe go ne go sa kgonagale. Ke ntse kwa Cape Town kgwedi, mme ka tsamaya.
Dingwaga dingwe di ne di tena mo go Otto. Ka nako nngwe o ne a bona tiro kwa Cape Town kwa kantoro-kgolong ya mokgatlho wa badiri ba tsa dijo, a dira le mokwaledi-kakaretso, Jan Theron. Ba ne ba atle ba ye kwa madirelong a kwa go ona badiri ba neng ba na le dikgotlhang le bathapi ba bona, go rarabolola tsotlhe.
E ne e le seêmô se se thata go Otto. O ne a batla go dira tiro, fela fa sepodisi se ne se ka mo tshwara mo go yona, se ne se tla mo isa kgolegelong mme seo sene se tla sia nna le bana ba rona ba le bane kwa kae? Ka jalo le fa go ne go le thata go monna le mosadi gore ba kgaogane, re ne re sena boitlhophelo.
Ka mokgwa mongwe re ne ra bona maatla a go dira se re neng re tshwanetse ke go se dira. Ke fela ga jaana, fa ka bobedi re latlhetseng marapo, re dulang mmogo le go nna nako yotlhe ya rona mmogo, re kgonang go itsane sentle. Re itumetse kwa gae ga jaana. Tsatsi lengwe, ke ne ka bolelela monna wa me gore ke batla lenyalo la bobedi, re bitse batho botlhe ba re ba itseng, ba ba nnye ba ba golo, gore ba bone fa re nyala lwa bobedi.
O ne are, ‘Jaanong nna kea go apara eng?’ Ke ne kare, ‘Oh, re tlile go tlhoka gape le kgomo – kgomo e e mafura – le nku, go keteka.’ ‘Go botoka gore re simolole go dira gore re boloke, ka gonne ga go ope mo go rona yo o dirang mme re tlile go tlhoka madi a le mantsi’, o ne a nthaya.
Ka jalo ke ne ka mo bolelela, ‘O a bona gore o ne o njela mona thata go ka ntletla gore ke nne morutabana, fela jaanong o a nthebola?’ ‘Eya, ka gonne o tsofetse’, o ne araba. ‘Ga gona yo o ka go nyalang jaanong.’ Oh, ke ne ka keketega ka ditshego. Ke ne ka tshega thata, go fitlha ke tswa dikeledi mo matlhong.
Translated by Nchema Rapoo