Go Samagana le Tatlhegelo Mo Dingwageng tsa Bonnye

Alicia Mdaka, leloko la Grandmothers Against Poverty and Aids (GAPA), o arogana maitemogêlô a gagwe a bongwana a loso.

Ditshalapiso tsa Bofelo

©Eric Miller

Ke ne ke le mo ngwageng wa ntlha kwa sekolong fa rre, yo e neng e le morutabana, a tlhokafala. Ke ne ke itse gore o a lwala, fela ke sa itse gore bothata e ne e le eng. Ke na le kgakologelô e e nônôfileng e le nngwe ka ga nako eo. Mo tsatsing le a tlhokafetseng ka lona, o kopile mmê wa me: ‘Ke kopa o nkapeele dijo tse ke se kitlang ke di lebala.

Kopa morwadiaka gore a tle gotswa kwa go tshamekeng mme a arogane dijo tsa me le nna.’ O ne a mo apeela kgogo le merogo gotswa kwa tshingwaneng – ditapole, digwete le khabetšhe. Fa mogopo wa gagwe o le fa pele ga gagwe, mmê o ne a mpitsa. Rre o tsere leswana le le lengwe mme ka tsaya le lengwe, mme re ne ra arogana dijo tsa gagwe gotswa mo mogopong wa gagwe.

E ne fela e le diura di le mmalwa moragonyana fa a ne a tlhokafala. Jaanong ka ge ke le mosadi yo o godileng, ke lemoga se a neng a se dira ka tsatsi leo. O ne a ntshalapisa labofelo. Morago ga gore a tlhokafale, ke ne ke tlhola ke goroga gae gotswa sekolong mme ke tseye dimpopo tsa me, ebe ke ya kwa mabitleng le go tshameka ka yona mo godimo ga lebitla la gagwe.

Ka tsela e e sa tlwaelegang, tsela ya ngwana, ke ne ke itumetse kwa teng. ‘Bolao jwa me jwa kgomotso’, ke ne ke bitsa lefelo leo, mme ke ne ke dula koo sebaka sa diura. Ke ne ebile ka nako dingwe ke robala kwa teng, fa fatshe. Ka nako eo ke ne ke sa itse se ke se dirang, fela ga jaana ke lemoga gore ke ne ke ikutlwa botoka go nna mo lefelong le ke neng ke le gaufi le ênê.

Setso sa SeXhosa

©Eric Miller

Boitshwaro jwa me kwa lebitleng la ga rre bo utlwisitse mmê wa me botlhoko. Gongwe bo tlisitse kutlôbotlhoko e ntsi ka fa teng ga gagwe. Gape, o ne a tshwenyegile ka nna. Morago ga go feta ga ngwaga oo le gore ke falole ngwaga wa me wa ntlha wa sekolo, o ne a nthomela go ya go dula le nkoko wa me kwa motseng wa Tsolo kwa Kapa Botlhaba.

Se se salang, mmê wa me e ne e le modiri wa gae mme go ne go le thata gore a ntlhokomele mo motshegareng. Ka ngwao ya rona ya seXhosa, dilo di dirwa jaana gantsi – fa mmê a dira, o romela bana kwa go bonkoko ba bona, ba ba ba godisang.

Ka jalo ke ne ka ya kwa go nkoko kwa Tsolo, mme ke ne ka dira matshetshe kwa sekolong koo. Ke kwa teng kwa ke ithutileng go nna mmoki – yo, mo setsong sa rona sa puo, a aparang ka go itshupa le go opela dipako le go binela kgosi e e gaisang kgotsa badimo.

Kwa GAPA, ke nna gantsi yo eleng mmoki go bonkoko botlhe, ke opela, ke bopa, ke kiba ka dinao ka maatla a lekau. Mongwe le mongwe o a makala fa a bona seno.

Malatsi A Boitumelo a Sekolo

©Eric Miller

Morutabana wa me kwa Tsolo, Agnes Kenu, o ne atle nako dingwe a diragatse le go opela le go bina fa a tsaya dikgang mo phapisi-borutelong ya rona. Ke ne ke phuphuma ka boitumelo fa ke mmogela, mme o ne a simolola go belaela fa ke na le mpho e e tshwanang le ya gagwe. O ne a simolola go mpiletsa kwa pele mo phaposi-borutelong le go ntira gore ke dire dilo tseno le ênê.

Ke ne ke dira ka matsetseleko ka fa tlase ga gagwe mme ke ikutlwa ke le motlotlo ka gonne ke ne ke bona fa ke ithutela ka bonako le ka bonolo fa go bapiswa le bana ba bangwe. Ke ne ke se moengele; ka gape kene ke dira tse di tswileng mo tseleng ka dingwaga tseo. Ke gopola nako nngwe, fa morutabana wa me a ne a tswile mo phaposi-borutelong, ke ne ka ya go dula mo tafoleng ya gagwe ke tletse ka boipono le bosenang-tsebe.

‘Jaanong, re tlile go dira dipalo’, ke ne ka bolelela barutwana, mme ka simolola go kwala mo bôrôtông. Ba ne ba tshega. Mme fela fao, morutabana o ne a tsena. ‘Oh, ke maswabi – swabi swabi, nka se dire seno gape’, ke ne ka bua ka bonolo, ke boela kwa tafoleng ya me. Ke ne nka tswa ke sena tsebe fela ke ne ke se makgakga, mme morutabana wa me o ne a tswelela go nthata.

Translated by Nchema Rapoo