Dikgang tsa Bonkoko – Go Golela kwa Motse Selegae

Alicia Mdaka, Nothando Kubukeli le Tenjiwe Tutu ba bua dikgang ka ga kgolô ya bona kwa metse selegaeng ya Kapa Botlhaba, mo Afrika Borwa, Afrika.

Alicia Mdaka

©Eric Miller

Bommangwane Robina le Theresa ba ne ba dula le rona mo ntlong ya serêtsê ya ga nkoko, le bana ba bona. Tsatsi le tsatsi ba ne ba nkomanya, ba mpeletsa dilo tsotlhe tse ke sa di dirang ka tshwanelo. Bana ba bona ba ne ba ka se dire sepe se se phoso, fela nna ke ne nka se dire sepe se se siameng, le fa ke ne ke dira tsotlhe tse ke di kgonang mo ditirong tsa me tsa fa gae, ke gama dikgomo le go thusa go lema masimo.

Tiragalo nngwe e dira gore ke tshege fa ke e gopola ga jaana. Ke ne ke romilwe kwa lebenkeleng mme ka kgoreletsega fa ke bowa, ka simolola go tshameka kgwele. Fa ke bowa nkoko o ne a nkomanyetsa gore ke thari. Mangwe a mafoko a gagwe a tota a tshwareletse. ‘O a itse gore ke eng, ngwanaangwanake?

Nonyane ya pele e tshwara seboko se se mafura’, o ne a mpolelela. Ke ne ka isa mafoko a gagwe kwa pelong mme ese kgale, fa go ne go se ope yo o lebileng, ke ne ka ya go fatafata mmu, ke batlana le seboko se se mafura. Nnete ke gore, ke ne ke sa itse gore o bua ka eng.

Fela oh, dingwaga tseo di ne di le makgwakgwa mme khutsafalô e ke neng ke e utlwa e dirile gore ke ipotse dipotso. ‘Bana ba bangwe ba itumetse le bonkoko ba bona. Ke goreng ese nna?’ Ke ne ka simolola go ipotsa. ‘A gona le sengwe se se phosô ka nna? Mosola wa botshelo jwa me ke eng? Ke goreng ebile ke tsetswe?’

Nothando Kubukeli

©Eric Miller

Ke godile ke disa dipodi, dinku le dikgomo tsa ga rre kwa dithabaneng mo morakeng wa gagwe, Kleinplaas, gaufi le Cradock kwa Kapa Botlhaba. E ne e le moraka o mo golo, wa makgolokgolo a diphologolo. Nna le kgaitsediaka re ne re di disa mmogo mme re ne re itumetse. Go nna, bongwana e ne e le nako e e itumedisang.

Rre e ne e le monna wa mohumi ka gonne o ne ana le leruo le lentsi. Abuti wa me o ne a ile kwa Johannesburg go batla tiro, seno sa tlogela kgaitsediaka le nna fela go ka disa diphologolo. Ka jalo rre o ne a nkentsha kwa sekolong morago ga go fetsa Mophatho wa Boraro, gore ke mo thuse. Mmê wa me o ne a sa itumelela seno.

O ne are, ‘O tlhoka go ya sekolong ka gonne o tlile go tlhoka thuto mo botshelong jwa gago kwa pele.’ Fela rre wa me, yo a neng a nthata thata, o ne a ganana le seo mme a ntlogela gore ke dise diphologolo.

Tenjiwe Tutu

©Eric Miller

Fa le le bana ba ba kopakopaneng gotswa kwa malapeng a le mantsi le dula mmogo, fa sengwe se tswa mo tseleng ba supa wena ka monwana. Mme fa o le ngwana ga o tlhaloganye gore ke goreng. Mmangwane o ne a na le morwa yo o neng a feta kgaitsediaka go se nene, mme e ne e le mosimane yo o senang tsebe tota.

Fa ba ne ba tshameka mmogo o ne a betsa kgaitsediaka, a lekeletsa fela, ka gonne kgaitsediaka o ne a le monnye mo go ênê. O ne a lela le go ya kwa go mmangwane, fela mmangwane o ne a sena sepe. Ke ne ke utlwela Nothemba botlhoko. Go ne gape gona le morwadi yo o neng a mpheta mme a tletse maaka.

O ne a ka bolelela mmangwane gore ke buile mafoko a a sa siamang ka ga ênê, le gore ke ne ke dutse le basimane ba le ba ntsi. Mmangwane o ne a tsaya thobane le go mpetsa, eseng gangwe fela, mme go fitlha ke rapama fa fatshe.

Translated by Nchema Rapoo