Leungo la Motlhôno: Leungo le le Matute le Legora le le Mebitlwa

© Raasgat
Motlhôno (Dovyalis caffra) o bitswa gape appelkoosdoring, Umgokolo, Amagokolo, wild apricot, um-Qokolo, Umkokola, Dingaan’s apricot le Motlhono. Mokee (D. zeyheri) le sour berry e e tlwaelegileng (D. rhamnoides ) ke maungo a mangwe ale mabedi a lolapa lwa Dovayalis.
Motlhôno ke setlhatshana sa motalafelaruri se se kgonanang le komelelô le segagane, se se golelang kwa boleeleng jwa magareng ga 3 le 5m. O fitlhelwa kwa kgophung ya dikgwa, mafelo a a omeletseng, dikgwa tse di tletseng bojang, le mo matlhakoreng a dikgwa tsa kwa diporofenseng tsa Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal le Limpopo. Motlhôno o o mebitlwa o dira sejalo sa maparego kgotsa sa legora se se ntle (fa se jetswe ka go atumelana mmogo mme se segwa) mme sena le medi e e sa tlhaseleng ya dijalo tse dingwe.
Sejalo seno se ne sa romelwa kwa England ka 1838, mme sa anama le lefatshe kwa se jalwang teng jaaka legora mo ditshimong tsa kwa lobopong – se itshokela mmu o o letswai o o bokoa le go gaswa ke metsi a lewatle. Dithunya di humile ka matute; di ngoka dirurubele le ditshenekegi, fa maungo a ratilwe ke dinonyane le batho, mme matlhare a itumelelwa ke diphologolo tsa leruo.
Leungo la motlhôno le a jega ka phopholego e e matute le bobopi – fela jaaka apolekosi. Gantsi le tsenngwa mo salateng ya maungo, le dira jam e ntle mme le diriswa mo dikukung kgotsa mo go direng dinôtsididi. Gantsi o kaiwa fa ole esiti thata go ka jewa ole jalo – motlhôno o siame fa o segaganngwa le go gasagaswa ka sukiri pele o ka jewa. Leungo le le sa butswang le ka tsenngwa mo kotikoting mme matlhare a dira sefepi se se ntle sa diphologolo. Leungo le butswa go simolola ka Phatwe go fitlha Diphalane, mme le siame fa le kotulwa ka dingatana (dirisa thipa) go tila go kgaola matlapi.
Motlhôno o kgonana le komelelô le segagane mme o tlhoga sentle gotswa mo dipeong tse di kokoantsweng gotswa mo maungong a a butswitseng. Dipeo di tshwanetse go ka phepafatswa le go omiswa pele di jalwa.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo