Kwelotlase ya Tlhompho le Meetlo ya Ngwao ya SeXhosa

Goldie Qayiya o bua ka fao batsadi ba gagwe ba mo godisitseng ka teng gore e nne mosadi yo nang le tlhompho, le ka fao seo le meetlo e mengwe di simolola go nyelela ka iketlo.

Dithuto tsa Bongwaneng

©Eric Miller
Tsatsi lengwe, ke ne ke tswa ka kereke le mmê wa me fa basadibagolo ba le babedi fa pele ga rona, Ester le Wesley, ba emisa go tlotla. Ba ne bare go mmê, 'Morwadiago o phela a re tlotla ka bontle, a re botsa matsogo, ka monyebo o montle.' Seno se ne sa mo tlatsa ka boipelo. Sene sa ntira gore ke phophome ka boitumelo, le nna. Ke santse ke tlotla bagodi. Dithuto tsa bongwaneng di tsenelela kwa botennyeng.

Tatlhegelo ya Meetlo

©Eric Miller

Dilo di ne di le botoka mo malatsing ao. Ga go sa tlhole go na le tlhompho mme le batho ba ba golo tota ba latlha meetlo ya bona. Rotlhe re a amogela le go sa tseye tsia gore fa lekgarebe le ya kwa Johannesburg, ka sekai, le tlile go kopisa mokgwa wa batho ba Jo'burg ebile a fetelele ka gonne o leka ka thata gore e nne karolo ya teng.

O lebala gotlhe ka ga melao ya setso. Fela melao enô e netefaditse poloketshego ya rona. Fa ke ne ke le monnye, bana ba ba bogolo jwa dingwaga tse di 10 ba ne ba ka tshamekela kwa ntle ba sa apara. Go ne go sena kotsi ya gore ba tla utlwiswa botlhoko kgotsa ba betelelwa.

Mongwe le mongwe yo o fetang o ne a bona ngwana ele motho yo o senang selabê, yo o tshwanêlwang ke tlhokomelo le tshireletso ya gagwe, mme a nyebe le go feta. Dilo di ne di le botoka thata, ka ditsela di le di ntsi. Gompieno, monna yo o bolayang ba bangwe o golegwa fela dibeke di le pedi, mme a newe bail. Mme a bolaye gape, gape le gape.

Re itse batho bano, mo setshabeng sa rona. Eya, re gololosegile mo malatsing anô. Mme fa ga jaana re gololosegile, batho ba dira eng? Bana ba a bolawa, mo kgololosegong enô.

Translated by Nchema Rapoo