Ke ne ke kopane le monna wa me fa ke ne ke le mo Mophatong wa Bone. Tsatsi lantlha le re buileng ka lona e ne ese katlego. Re le basetsana ba le mmalwa re ne re bala ka nako ya boikhutsô, mme re ne re tsepamisitse megopolo mo dibukeng tsa rona tsa dipalo. Basimane bangwe ba ne ba ekgaekga mme ba tla go leka go re kgoreletsa.
Kene ka ba omanya, ‘Le fa le sa batle go falola ditlhatlhobô tsa lona, nna ke a batla, ka jalo tsamayang ka gonne re dira mo dibukeng tsa rona.’. Ke ne ka bolelela o mongwe wa bona, Mzwandile Tutu, gore o fetile dingwaga tsa go tsena sekolo mme o tshwanetse go ya go direla batsadi ba gagwe. Ke ne ke dira motlae, fela o ne a kwatile thata mme a batla go mpetsa.
Morago ke ne le maswabi thata, ka gonne ke ne ka lemoga fa botshelo bo ne bo se monate le mo go ênê. Mathata a gagwe a ne a tshwana le a me. Ka jalo ke ne ka ya kwa go ênê go mmolelela fa ke le maswabi. O ne a re go siame. ‘Ke ne ke sa leke go go kgoreletsa, ke ne ke tshameka fela’, o ne a bua. Mme ke ne ka simolola go mo rata.
E ne e le mosimane yo montle. Ke ne ke tswa kwa Cape Town, mme basimane ba Cape Town ga ba na maitseo, mme ke ne ka bona gore ga a jalo. O ne a tletse maitseo go batho ba bangwe. O ne a dira fa gautshwane mme a feta kwa ntlong ya etsho fa a ya gae. O ne a simolola go dira metlae fa a feta.
Tlhogo ya me e ne e le sephaphathi fa godimo, ka jalo o ne a ntumedisa ka gore, ‘Dumela, Mmê Pannekoek.’ ‘Goreng o re ke pannekoek?’ Ke ne ke botsa ka tšhakgalô. ‘Di-pannekoek di monate’, o ne a araba. ‘Ke rata di-pannekoek, ke ka fao ke go bitsang pannekoek.’ Mme o ne a nkwalela lekwalo a mpolelela gore o a nthata.
O ne a le mpha fa ke ne ke na le ditsala tsa me. Ke ne ka mo kwalela go mo fetola gore le nna ke a mo rata, mme go ne ga nna jalo. Re ne re batla go nyalana, fela santlha o ne a tshwanetse go ya go dira kwa meepong kwa Johannesburg dingwaga di le pedi, go bona madi a magadi. Ke ne ke atle ke mo kwalele fa a le koo, kwa Earthworks. Kwa bofelong, ka 1964, re ne ra nyalana. Kwa bofelong re ne le mmogo.
Ke kgatlhane le monna wa me, moratiwa wa me Zolile Edwin Mdaka, fa nna le mmê wa me re ne re santse re dula kwa mmileng wa Upper Constitution kwa District Six.
Nako dingwe morago ga tiro ke ne ke atle ke tsamaye go ya tlase le mmila wa Orange go ya kwa Girls Union kwa kerekeng ya rona ya selegae, mme lengwe la malatsi lekau le le ntle le ne la tla kwa go nna mme lare, ‘Ka kopô nka bua le wena?’ O ne a nyeba, mme e ne e le monyebo o montle! Ke ne ka lemoga ka gangwe gore seno e ka nna mathata.
‘Ke maswabi, ke latetswe, ke tshwanetse go tsamaya’, ke ne ka mo bolelela ke mo furaletse jaaka ke itlhaganela. ‘Go siame’ o ne a araba, ‘fela gongwe re ka bua fa o bowa.’ Ke ne ka tswelela go ikgatholosa Zolile, mme o ne a tswelela go bua le nna. Nako dingwe o ne a tsamaya le nna, a dira puo e e sareng sepe.
Mme, ka tsatsi lengwe, o ne a mmakatsa. Ke ne ke na fela le dingwaga di le 19 kana. ‘Alicia, ke a go rata’, o ne a bua. ‘Mme ke a go tshepisa, nka se dire maragaraga ka wena. Ke batla go go nyala.’ Tsatsi ka tsatsi o ne a tswelela go mpha ditshepiso di le dingwe ka ga lorato lwa gagwe le boikanyego jwa gagwe.
Ke ne ka simolola go utlwa matlho a gagwe mo mokokotlong wa me jaaka ke tsamaya mo mmileng, mme ka simolola go lemoga fa ke wela mo maratong le monna yonô. Go tatalala ga gagwe go ntse le moputso. Zolile o ne a kopa abuti wa gagwe gore a bue le mmê wa me ka ga lenyalo.
Mme ka jalo re ne ra nyalana, mme ke ne ka tshwanela ke go tswa mo ntlong ya ga mmê le go dula ntle le ênê. Fela botshelo bo ne bo utlwala bo siame. Mo dingwageng tseo tsa nyalô ya me ke ne ke itumetse thata, mme Zolile o ne a ntlhokometse.
Fa ke le kwa Kapa Botlhaba ntle le ênê, o ne a nthomela madi le makwalo, a botsa gore nna le bana re jang, le gore a re ka se boele kwa go ênê rotlhe. O ne a tota a nthata. Mme e ne e se motho le bakapelo, e ne e le motho wa mohumagadi wa gagwe fela.
Translated by Nchema Rapoo