Jalô ya Sage

Jadisô

©Louise Brodie

Jadisô ke gotswa mo peong fela sage e ka jadiswa gape ka go jala mesegô kgotsa ka go dira mealô. Jalô ka peo e tsaya sebaka mme dijalo di ka feleletsa di sa lekalekane. Go molemo go jalela mo makiding mo ntlwaneng ya bosireletsa-jalô gore matlhogela a a lekalekanang a kgone go ka jalololwa le go jalwa ko tshimong. 

Go jala le go tlhagisa mesegô ya sage, tsaya mesegô ya 20 cm gotswa mo dintlhana-kgolo tse di foreshe mme o obole matlhare a a fa tlase gotswa mo mesegông, mme o inele karolwana e e fa tlase e e obotsweng mo metsing. Fa o setse o na le palo e e tlhokwang ya mesegô, baakanya sediro se o tlileng go jalela mo go sona. Seno gantsi ke motswako wa motlhaba le potting mix ka mo kgetseng ya jalô ya bogolo jwa 500 ml. Inela dintlhana tse di metsi ka mo gare ga hormone mix ya sejalo mme o jalele ka mo gare ga sediro sa jalô. Dibeke di le mmalwa morago ga fao, mesegô e tlile go nna le medi mme fa matlhogela a sage a gola sentle a jalololwa le go jalwa kwa tshimong. 

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya sage ka bajadi ba ba golo ba kgwebo e dirwa gantsi ka go jala matlhogela a a tlhagisitsweng ka mo mantlwaneng a bosireletsa-jalô. Dipeo tsa sage di jalelwa mo makiding a peo kwa boteng jo bo ka nnang 8 goya go 10 millimeters. Fa dipeo di setse di medile mme matlhogela a a nonofileng a tlhogile, a jalololwa mme a jalwe kwa masimong. Fa dikgwethe di setse di itlhomile, ke mokgwa-tiriso o o siameng go simolola go dira dijalo gotswa mo mesegông gore e jalwe, go direla lobaka lo dijalo di latlhegang le mme gape le go dira diphatlha mo meleng ya jalo. 

Katoganô

Dijalo tsa sage ka tlwaelô di gola go nna sebopego sa kgwele e e ka nnang 650 mm ka boleele le bomolagare jwa 500 mm le 600 mm. Fa go jalwa, matlhogela a tshwanetse go katoganngwa ka 30 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm kgotsa 60 cm. Seno ke tshimo ya dijalo di ka nna 50 000 goya go 60 000 mo heketareng. Go ikaegile ka dirori le mekgwa ya kotulo, ditselana tsa didiriswa le terekere di a dirwa go diragatsa mekgwa-tiriso ya taolô le kotulo. 

Nako ya Jadisô

Jalela dipeo ka mo makiding a peo mo tikologong e e sireleditsweng kgotsa mo ntlwaneng ya bosireletsa-jalô ka Seetebosigo mo Afrika Borwa, mme mo tshimologong ya dikgakologo matlhogela a sage a tlabe a nonofile mo go lekaneng go ka jalololwa le go jalwa mo masimong.

Nako ya Jalô

Nako e e gaisang go jala matlhogela a sage ke go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa seo ke thari ka Phatwe goya go sale gale ka Lwetse. Fa tshimologo ya letlhabula ele bothitho mo go lekaneng, jalô e ka diragala ka yona, ga fela dijalo di ka mela mme di gole ka nonofo pele serame sa mariga se tsena. 

Paka ya Kgolô

Dibeke di le thataro goya go lesome ka mo gare ga ntlwana ya bosireletsa-jalô di tshwanetse go tlhagisa matlhogela a sage a a nonofileng mo go lekaneng a a siametseng go ka jalololwa. Tlhokomelo e tshwanetse go dirwa gore go se kotulwe go feta selekano mo ngwageng wa ntlha ka ge seno se ka tsenya kgatelelô mo sejalong sa sage. Kotulo ka botlalo e tla simolola mo selemong sa ngwaga wa bobedi. Dijalo tsa sage di ka kotulwa go fitlha go dingwaga di le 6 kgotsa go feta fa di laolwa ka tshwanelo. Go tloga ka ngwaga wa bobedi, dijalo di a kerwa go nna boleele jo bo nnang 10 cm gotswa fa fatshe go sale gale ka dikgakologo. 

Kumisô

Pele jalô e ka tswelela, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go tsewa le go romelwa go dirwa tshekatsheko. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla gore dijalo tsa sage di atlege. 

Tshitshinyo e e latelang e ka diriswa jaaka lenaane la tlwaelô. Tshêlô ya kwa tshimologong ya 300 kg ya 2:3:4 (31) mo heketareng e ka gasagaswa le go tlhakanngwa le mmu o o fa bogodimong jwa 20 cm pele ga go ka jadiwa matlhogela a sage. Seno se tlile go neela matlhogela a mantšhwa thagogo e e siameng mo go tlhogeng ga ona. Mo dikgweding tsa ntlha tse 12, go botlhokwa go tshola dijalo di gola ka jalo tshêlô e nngwe gape ya 300 kg ya 2:3:4 (31) e ka tshelwa go ikala le mela ya jalô, ka Sedimonthole kgotsa Ferikgong morago ga kotulo. Go botlhale go tshela monontsha morago ga kotulo nngwe le nngwe. Go botlhokwa thata gore go se ungwiswe ka nitrogen go feta selekano ka ge seno se fokotsa bogale jwa monkgo le dioli mo matlhareng.

Nosetsô

Le fa sejalo sa sage se kaiwa fa se le boitshoko mme se dirisa metsi ka botlhale, ga go a siama go tsenya sejalo mo kgatelelông ka go nosetsa mo go sa lekanang, selo se se amang kgolô le tlhagiso ya sejalo, kgotsa go nosetsa go feta selekano, selo se se ka bakang malwetse a modi. 

Ka jalo, go molemo go lokela didiriswa tse di metang bometsi gore o tswelele go elatlhoko bometsi jwa mmu. 

Go ikaegile ka mefuta ya mmu le bosa, dielô tsa nosetsô di tlile go farologana gotswa go tshimo goya go e nngwe. Seêlô magareng se se siameng ke magareng ga 20 le 30 mm ka beke mo dikgweding tse di bothitho tsa selemo le go se fokotsa mo dikgweding tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula tsa ngwaga. Jaaka ka ditlharelemo tse dingwe tse di mafura, leka go se nosetse mo bekeng ya pele ga kotulo. Go molemo go nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go busetsa mmu mo bometsing jo bo namatsang. Go botlhokwa go letla mmu go tswa metsi sentle mo karolong ya modi, le boalô, mmu o o fa bogodimong jwa 5 cm, go oma pele o nosetsa.

Translated by Nchema Rapoo