Taolô-Jalô ya Sage

© Louise Brodie

Thôbô - Ditone mo Heketareng ka Ngwaga

E e amogelegang
E e foreshe: 6 tonnes
E e omeletseng: 1 tonnes
Oli: 50 goya go 60 litres

Ya magareng
E e foreshe: 8 tonnes
E e omeletseng: 3 tonnes
Oli: 80 goya go 100 litres

E e siameng
E e foreshe: 12 tonnes+
E e omeletseng: 4 tonnes+
Oli: 150 litres+

Kotulo

©Louise Brodie

Kotulo ya bontsi jwa madirelo a kgwebo a magolo a sage e dirwa ka go sega 20 cm ya dintlhana tsa dikala ka metšhine. Mo madirelong a a potlana a tlhagiso le mo mantlwaneng a bosireletsa-jalô e dirwa ka seatla ka go dirisa dithipa kgotsa dikere tse di bogale. Kotulo ya dintlhana tse di foreshe e ka simolola mo bogaufing jo bo etsang dibeke di le 12 morago ga jalô ya matlhogela kgotsa mesegô e e tlhogileng. Kotulo e tshwanetse go diragala pele sejalo se thunya ka ge seno ele fa dielô tsa oli e e botlhokwa di le kwa godimo thata. 

Tlhagiso ya e e foreshe: simolola go kotula matlhare go sale gale mo mesong fa themphoritšhara e santse e rurufetse mme fela monyo mo matlhareng o setse o omile. Sega fa bogodimong jwa 20 cm jwa dintlhana tsa kgolô.

Tlhagiso ya e e omeletseng: Mo tlhagisong ya sage e e omisitsweng, tshegô e ka simolola fela fa go setse gona le matlhare a a lekaneng go ka kotulwa. Bontsi jwa sejalo bo fokotswa pele thunyô e simolola. Matlhare a kgaoganngwa gotswa mo dikalaneng mme a omiswe mo themphoritšhareng ya 40°C ka go dirisa diomisa-mowa.

Tlhagiso ya oli e e botlhokwa: Oli e e botlhokwa e e gaisang e tswa mo thothisong ya matlhare a sejalo sa sage fela ka go dirisa tsamaiso ya mowa-thothiso.

Poloko

Tlhagiso ya e e foreshe: Morago ga kotulo boloka sage e e foreshe mo 1 goya go 2°C. Sage e ka bolokwa sebaka se se ka dirang dibeke di le 2. Bongôla jo bo mo bobolokelong bo tshwanetse go tsholwa kwa godimo ga 95%. Sage e simolola go latlhegelwa ke tatsô gotswa mo dioling tse di moafalang morago ga kotulo, ka jalo go molemo go rekisa le go dirisa sage e e foreshe e e satswang go segwa ka bonako jo bo kgonegang.

Tlhagiso ya e e omeletseng: Matlhare a a omisitsweng a pakwa mo ditshoding tse di sa tseneng mowa ka bonako jo bo kgonegang gore a tshole mmala le tatsô tsa ona. A tshole mo themphoritšhareng e e ka etsang 10°C mme kgakala le le matlhasedi. Sage e e omileng gape e ka bolokwa e gatseditswe mo ditshoding tse di sa tseneng mowa.

Oli e e botlhokwa: Boloka dioli tsa sage tse di mo mabotlolong mo lefelong le le omileng le fifetse mme le rurufetse sebaka se se ka etsang ngwaga goya go dikgwedi di le 18 morago ga go tsenngwa mo lebotlolong. Morago ga seno, dioli di simolola go latlha bogale le monkgo.

Tshireletso ya Sejalo

Mefero ke bothata mme e tshwanetse go elwatlhoko, ntshô-mofero ka metšhine, ka seatla kgotsa ka dibolayamefero e tshwanetse go ka dirwa ka metlha ngwaga otlhe. Mokgwa o o siameng wa go samagana le mefero ke go kobela ka kobelo ya polasetiki kgotsa ka sekhurumetsa-jalô sa mo mmung se se jaaka maphatlô a logong. Jalô e e kwa godimo e e kitlaneng e thusa go khurumetsa mmu mme ka jalo e thibela mefero go ka mela. Peteko nngwe le nngwe ya mmu go dikologa sejalo e rotloetsa go tlhoga ga mofero ka jalo seno se tshwanelwa ke go dirwa ka bonnye.

Sage, jaaka bontsi jwa ditlharelemo tse di tlhagisang oli e e kwa godimo tsa menkgo e e bogale, e na le disenyi le malwetse ale mmalwa fela go molemo go sela morago thulaganyo ya bosireletsa-jalô e e tshitshintsweng ke motlhankedi wa tsa temô kgotsa agronomist. Morekisi wa dikhemikhale wa selegae gantsi o nna le manaane a a matshwanedi kgotsa a ka neelana ka tshedimosetso mabapi le bagakolodi ba ba gaisang ba ba leng teng gaufi le kgaolo ya tlhagiso. Dingwe tsa disenyi le malwetse tse di tlwaelegileng di umakwa fa tlase fano.

Disenyi

Aphids, Crown gall, Scale, Spider mite, Thrips le White fly ke disenyi tse di tlwaelegileng.

Malwetse

Aphids, Crown gall, Scale, Spider mite, Thrips le White fly ke disenyi tse di tlwaelegileng.

Bacterial rot, Leaf spot, Powdery mildew, Root rots le Rust.

Translated by Nchema Rapoo