Sage ka Kakaretso

© Louise Brodie

Sage e tlholega kwa Borwa jwa Yuropa le dinaga tsa Mediterranean Asia. Go na le mefuta le dijadi tsa Salvia kgotsa dijalo tsa sage tse di farologaneng tse di ka nnang sekete. Mo lobakeng lwa tlhagisetso kgwebo, go na le mefuta ele mebedi e megolo e e tlhagiswang kgotsa e e kotulwang, mme gantsi e a tlhakanngwa ka mabomo kgotsa ka phoso ka ntlha ya go tshwana ga yona.

Leina la bonetetshi: Salvia officinalis
Leina la setlwaedi: Sage ya Setlwaedi kgotsa Dalmatian Sage
Ke yona e e rategileng thata ka monkgo o o bogale go fetisa le dimelo tsa oli tse setlharelemo se lengwelwang tsona.
Le
Leina la bonetetshi: Salvia Triloba
Leina la Setlwaedi: Mediterranean Sage kgotsa Wild Sage.
E lengwa thata kwa Yuropa mme e mela ka botlhaga kwa teng.

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa sage se boitshokonyana mme se ka golela kwa boleeleng jo bo ka etsang 700 mm. Sejalo ke setlhatshana sa motalafelaruri se se nang le matlhare a a bosetlha-botala a a nang le phatsimo e e seleferanyana. Se tlhagisa dithunya tse di mmala wa loapi, phepôle kgotsa tshweu.

Ditiriso

Sage mo sebopegong sa yona se se foreshe le se se omeletseng e diriswa mo dijong di le di ntsi jaaka setsenya-tatsô. Tiriso e nngwe ke mo tlhagisong ya dioli tse di botlhokwa. Matlhare a na le dioli tsa boleng jo bo kwa godimo thata mme sage e e omisitsweng le dioli di diriswa thata mo bodirelong jwa nama e e phetotsweng jaaka setsenya-tatsô le sesomaredi. E kaiwa fa ele antioxidant mme e diriswa gape ke bodirelo jwa dinkgisa-monate jaaka sekoba-tshenekegi. Sage e na le mokoa o o atologileng wa bokgoni jo bo umakwang jwa boitekanelo le phekolo, jaaka go ditshupabolwetse tsa mofikela le sehuba, ka sekai, kgokgotso e e botlhoko le letshoroma. Teye ya sage go begwa fa e retibatsa ditlhabi tsa letshoroma.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Sage e diragatsa bontle mo mebung ya serokwa e e tswang metsi sentle mme e gola mo seêlông sa pH se se atologileng sa magareng ga 5 le 8, fela e dira bontle mo mebung ya pH ya magareng ga 6.5 le 7. Pele paakanyô nngwe le nngwe ya mmu e ka dirwa sampole ya leemedi la mmu e tshwanelwa ke go tsewa le go romelwa kwa laboratory go dirwa tshekatsheko le ditshitshinyo tsa dikotla.

Mebu e tshwanelwa ke go petlekwa go repisa mmu goya kwa boteng jwa 600 mm go netefatsa kelometsi e e siameng. Lime e e siamisang pH le mosutele kgotsa motshotelo di tshwanetse go tshelwa le go lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele ga jalô. Mo malatsing a bofelo pele ga jalô, tsenya dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko kgotsa ka rotavator mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se ntsha mefero mengwe le mengwe e e ka tswang e tlhogile. Fa mebotwana le kobelo di dirwa di dirwa mo legatong leno, mme mealô ya jalô e baakanyetswa jalô jaanong.

Bosa

Sage ke sejalo se se boitshoko sa motalafelaruri se se melang mo boseng jo bo sa tsenelelang jo bo omileng, mme e diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tsa magareng ga 20°C le 30°C. E kgona gape go itshokela segagane mme mo marigeng a a sa tsenelelang e tla falola serame sentle. Fela, serame se se tseneletseng se bolaya sejalo ntle fela le fa tse sireleditswe.

Dijadi

Go na le mefuta e megolo ele mebedi ya sage e e kotulelwang kgwebo, Sage ya Setlwaedi le Sage ya Mediterranean.

Dijadi tse di di jalwang thata gore di jewe ke batho ke: Alba, Albiflora, Aurea, Berggarten, Extrakta, Icterina, Lavandulaefolia, Purpurascens, Purpurea and Tricolor.

Translated by Nchema Rapoo