Jalô ya Mmidi

© Roger DelaHarpe
Traditional maize

Jadisô

Jadisô ya mmidi ke ka peo.

Mokgwa wa Jadisô

Dipeo di tshwanetse go ka jalwa kwa boteng jwa 4cm go netefatsa fa themphoritšhara ya mmu o o fa godimo e ka fitlhelela 16°C goya go 20°C, go bona melô e e matshwanedi ka bonako jwa morago ga jalô jo bo kgonagalang. Go botlhokwa go jala ka go lekalekana mo boteng jono go netefatsa fa dijalo di tlhoga ka go lekalekana. Seno se botlhokwa mo kotulong.
Jalô e dirwa ka metšhine e e jalang go netefatsa fa dijalo di ema ka go lekalekana. Mo ditshimong tse di nnye jalô e ka dirwa ka seatla.

Katoganô

Dijalo tsa mmidi di tshwanetse go ka katoganngwa sekgala sa 20 goya go 30cm, mo meleng e e katoganeng ka 80 goya go 100cm. Seno se lekana le dijalo tse di mo magareng ga 40 000 le 60 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Mo Afrika Borwa jala dipeo tsa mmidi go simolola ka Phatwe go fitlha ka Mopitlwe, kgotsa le go sale gale ka Moranang kwa dikgaolong tse di bothitho tsa mariga a a tlang thari tse di senang segagane.

Paka ya Kgolô

Mmidi o tsaya dibeke di le 10 goya go 12 go siamela kotulo fa bosa ele jo bo bothitho mme maêmô a dumela. Fa paka ya kgolô e itemogela dithemphoritšhara tse di rurufetseng, kotulo ya mmidi e ka diega mme o ka tlhoka dibeke tse di ka fitlhang 14. Legato la thunyô le go bopega ga meritshana kwa godimo ga sejalo le direga mo bekeng ya bo-6 goya go ya bo-7 morago ga jalô, mme kotulo e siama dibeke di le 3 morago ga fao.
Ka fa tlase ga maêmô a a eletsegang, mefuta ya mmidi e meša e kututswe mo magareng ga beke ya bo-8 le ya bo-9, mme batlhagisi bangwe ba kgonne go nna le thôbô tse pedi mo ngwageng.

Kumiso

©Louise Brodie
The Sweet corn plant.
Ka motsi wa jalô, tshela 800 goya go 1000 kg ya motswako wa 2:3:2 (22) N:P:K mo hekethareng. Seno se ka dirwa fa go lekalekantshwa karolo e go jalelwang mo go yona pele fela ga jalô. Seno se ungwisa mmu ka dikotla tse tharo tse kgolo Nitrogen (N), Phosphate (P) le Potassium (K).
Dibeke di le tharo morago ga jalô, fa dijalo di tsepame, tshela Nitrogen ya tlaleletso ka tsela ya 400 goya go 500 Kg ya LAN mo hekethareng go nonotsha kgolô le go nonofatsa sejalo.
Pele ga thunyô, mo dibekeng di ka nna 6 goya go 7 mo pakeng ya kgolô, 400 goya go 500 kg e nngwe ya 1:0:1 (29) e tshwanetse go ka tshelwa ka ge seno se fana ka seelo se se lekanang sa Nitrogen ya kgolô le Potassium ya tsebe e e siameng ya mmidi le go bopega ga thôtse.

Nosetsô

Nosetsa ka gangwe morago ga go jala peo ya mmidi go tsepamisa peo. O seke wa nosetsa botlhaswa ka ge seno se tlile go rurufatsa mmu le go kgoreletsa melô. Fa Dijalo di setse di simolotse go gola mme medi e simolola go tsepama, oketsa nosetsô goya magareng ga 25 goya go 35mm ka beke go ralala paka ya kgolô. Gopala gore mebu e e motlhaba e tlile go tswa metsi ka bonako mme e ka tlhoka nosetsô ya gangwe le gape fa sejalo sentse se gola, seelo se se kwa godimo sa mmopa se ka tlhoka nosetsô ya gangwe le gape e e kwa tlase ka paka ya kgolô. O seke wa nosetsa mo bekeng ya pele ga kotulo.
Elatlhoko kgatelelô ya metsi mo mmung ka nako tsotlhe, ka go lokela dilekanya-kgatelelô ya metsi tsa mmu kgotsa ka seatla ka go dirisa garawe kgotsa augur.

Translated by Nchema Rapoo