Taolô-Jalo ya Mmidi

© Eric Miller
Mielie garden in Schmitsdrift, Northern Cape. Subsistence farming watering the plants

Tikoloso ya Sejalo

Tikoloso ya sejalo ke mokgwa-tiriso o o siameng ka metlha go ka o sela morago, ka ge seno se fokotsa kagegô ya disenyi tse di rileng. Dijalo dingwe tse o ka dikolosang mmidi le tsona ke: Dinawa tsa soy, ditapole, merogo ya matlhare, korong le alfalfa.
Thôbô (di-tonne mo hekethareng)
E e lekaneng: 10 tonnes
E e magareng: 15 tonnes
E e siameng: 25 tonnes+

Kotulo

©Louise Brodie
Commercial farm irrigation of a maize field
Kotulo ya mmidi e dirwa fa dithu di sa butswa thata ka gonne bontsi jwa ona bo rekisetswa gore o jewe ole foreshe. Seno ke magareng a dibeke di le 9 le 14 morago ga jalô go ya ka sejadi se se dirisitsweng le maêmô a bosa ka paka ya kgolô, ka ge bosa jo bo rurufetseng bo diegisa kgolô le go taolosa paka ya kgolô. Kotulo e tshwanetse go ka dirwa fa dithôtse di na le matute a a mašwi mme seno se bitswa legato le le mašwi. Tlhôla dithôtse ka seatla ka go dirisa manala go phunya thôtse go tlhôla botlhokaphetogo jwa matute, mme fa a sena mmala thôtse ga e ise e siame. Meriri e e kwa godimo ga sejalo e tlabe e fetogetse go mmala o o borokwa.
Kotulo mo legatong le le siameng e botlhokwa thata, ka gonne fa dithôtse di setse di fetile legato le le mašwi di simolola go omelela le go latlhegelwa ke tatso e e tswina. Kotulo e dirwa ka seatla mo ditshimong tse di nnye, le ka metšhine ya kotulo mo ditshimong tse di kgolo tsa kgwebo.

Poloko

Go botoka go rurufatsa, go tsamaisa le go bapatsa mmidi ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kotulo. Dithemphoritšhara tsa rurufatso di siame thata fa di le mo 0°C goya go 2°C mo bongôleng (RH) jwa 95%+. Fa o beilwe mo themphoritšhareng eno le RH, mmidi o ka bewa malatsi ale 7 goya go 10 ntle le tatlhegelo e kalo ya boleng. Morago ga fao o latlhegelwa ke tatso le sukiri, mme fa o beilwe mo themphoritšhareng ya tikologo o latlhegelwa ke boleng mme go sa jege ga ona go a potlaka.

Disenyi

Bollworm, Aphids, Nematodes, Stalk Borers, Spider mite, Cutworms le leaf hoppers ke dingwe tsa disenyi tse di tlwaelegileng thata.

Malwetse

A a tlwaelegileng thata a o ka a elangtlhoko ke Leaf Blight, Streak virus, Rust, Ear le Stalk rot, le Grey Leaf Spot.
Jaaka mokgwa-tiriso o o siameng wa taolô-disenyi go botlhokwa thata go nna o lekola sejalo sa gago mme o bone kgakololô ya boitseanape gotswa go motlhankedi wa tsa temô wa gago le mogakolodi wa tsa tshireletso ya dijalo ka khemikhale.

Translated by Nchema Rapoo