Mmidi

© Louise Brodie
Maize field
Leina la Bonetetshi: Zea mays L. var. rugosa
Leina la Tlwaelô: Mmidi

Tlhalosô ya Sejalo

Mmidi go akanngwa fa o tlholegile kwa Amerika Bogare mme o jadilwe lantlha mo Afrika ka ngwagakgolo wa bo-16 le wa bo-17. Mmidi ke ntsalaago mmopo yo o nang le bonnye pedi ya seelo sa sukiri se se fitlhelwang mo mmopong wa tlwaelô.
Ke tlhaga mme o na le thitô e e tiileng e e thata. Magarê kgotsa matlhare a tlhoga gotswa mo thitông mme sethunya kgotsa moriri o tlhoga kwa bogodimong jwa thitô, o o dulafatsang ditsebe kgotsa dithu tse di tlhogang gotswa mo dinokong tse di kwa tlase kwa moding wa matlhare. Sejalo se ntsha sethu se le sengwe kgotsa di le pedi tsa mmidi tse di tlhogang gotswa kwa moding wa matlhare a tsebe.

Ditiriso tsa Mmidi

Mmidi o jewa ole foreshe, o bedisitswe kgotsa ka pesô. Dithotse gape di kgolwa gotswa mo sethung le go gatsetswa ka gangwe morago ga kotulo mme di tsenngwe mo metemeng.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

©Louise Brodie
Maize view
Mmidi o tlhoka mebu e e tswang metsi sentle e e motlhaba ya serokwa goya go ya serokwa, e e nang le seelo se se siameng sa monontsha wa tlhokakhabone mme pH e e magareng ga 6 le 7 ke e e gaisang.
Simolola go baakanya mmu wa gago go sale gale pele ga nako ya jalô, kgotsa fela morago ga thôbô e e fetileng, fa mmu o go tlileng go jalelwa mo go ona o ne o lemilwe. Dikgwedi di ka nna 3 goya go 4 pele ga jalô, motshotelo kgotsa mosutele mongwe le mongwe wa tlhokakhabone o o tlhokagalang o ka tshwelwa mo karolong ya jalô, mme morago o ka petapetwa le go lemelelwa mo boteng jwa 500mm go o tlhakanya le masaledi a sejalo sa kgale, motshetêlô le masaledi a mofero mo mmung. Morago ga fao jala sejalo-khurumetsa se se tala, mme ka bonya o lemelele dipeo mo mmung o o fa bogodimong jwa 10mm. Fela fa sejalo-khurumetsa se sena go tlhoga mme se gola, gasagasa 100kg ya LAN mo hekethareng go nonotsha kgolô ya sejalo-khurumetsa se se tala.
Dikgwedi di le pedi pele ga jalô, tsaya disampole tsa mmu jaaka go laotse labotatori mme o di ise go ka sekasekwa go tlhotlhomisa ditlhokegô tsa dikotla tsa mmu.
Dibeke di ka nna tharo goya go nne pele ga jalô, fa tshekatsheko ya mmu e setse e bonwe, sejalo-khurumetsa se a gailwa mme jaanong ditlaleletsi tse di jaaka lime e e baakanyang pH, gypsum ya calcium, motshotelo le mosutele tse dingwe tsa tlhokakhabone, di tshwanetse go ka tshelwa le go tsenngwa mo mmung ka go di lemelela mo mmung o o fa bogodimong jwa 500mm.
Malatsi ale supa pele ga jalô mmu o petapetwa la bofelo mme seno gantsi se dirwa ka mogoma wa papetlatsheko o o lemang mmu o o fa bogodimong jwa 20cm, go lekalekanngwa karolo ya jalô le go e ntsha mofero mongwe le mongwe o o ka tswang o saletse. Monontsha wa pele ga jalô le dilatedisi tse di jaaka Boron le Zinc tse di laetsweng ke tshekatsheko ya mmu di tshwanetse go ka lemelelwa mo mmung o o fa godimo mo sebakeng seno. Morago ga seno karolo ya jalô e tlabe e siametse go ka amogela peo.

Bosa

Mmidi ke sejalo sa bosa jo bo bothitho mme o tshaba segagane. O dira bontle fa dithemphoritšhara di farologana gotswa go 18°C goya go 28°C. Gore dipeo di mele ka katlego le go tswelela ka go lekalekana, dithemphoritšhara tsa mmu di tshwanetse go nna 16°C go ya kwa godimo. Kgolô ya mmidi, sethu le thôtse e amega thata fa dithemphoritšhara di wela kwa tlase ga 10°C kgotsa di feta 35°C.

Dijadi

Samurai, Golden sweet, Star 7702 or 7708, Paradise, Prolific le Challenger

Translated by Nchema Rapoo