Jadisô ya lavender ke gotswa mo peong fela nako dingwe seno se isa kwa mathateng. Lavender ya tlhagisetso-kgwebo e jadiswa bontle ka go jala mesegô gotswa mo motsweding o o tshepegang. Go ala kgotsa go aroganya sejalo se se setseng se tlhogile mme se jalwe gape le gona go a dirwa, fela eseng ka seêlô se se golo.
Jalô ya lavender ka bajadi ba ba golo ba kgwebo e dirwa gantsi ka go jala matlhogela a a tlhagisitsweng gotswa mo mesegông ka mo gare ga ntlwana ya bosireletsa-jalô. Seno se neela mojadi taolô e kgolwane ya bontsi le tekatekano ya dijalo. Dijalo tsa lavender di ka jalwa ka seatla kgotsa ka metšhine e e jalang.
Dijalo di tshwanetse go katoganngwa ka sekgala sa 50 cm mo meleng e e katoganeng ka 100 cm goya go 120 cm go ikaegile ka mofuta wa sejalo kgotsa mofuta wa metšhine e e diriswang. Seno ke tshimo ya dijalo tsa lavender tse di ka nnang 16 000 goya go 20 000 mo heketareng. Ditselana tsa didiriswa le terekere go letla mekgwa-tiriso ya taolô le kotulo e a dirwa.
Nako ya jalô e e gaisanng ya lavender ke letlhabula, ka jalo, mo Afrika Borwa ke mo botharing jwa Mopitlwe kgotsa go sale gale ka Moranang go netefatsa fa matlhogela a gola sentle pele ga mariga le gore fa dikgakologo di fitlha a be a nonofile mme a gotse sentle.
Jala dipeo tsa lavender mo makiding a peo ka mo gare ga tikologo e e sireleditsweng kgotsa ntlwana ya bosireletsa-jalô, ka Seetebosigo le go sale gale ka dikgakologo matlhogela a tshwanetse a be a nonofile mo go lekaneng go ka jalololwa le go jalwa kwa masimong. Matlhogela gantsi a nonofile mo go lekaneng mo dibekeng di le robedi morago ga jalô ya dipeo.
Matlhogela gape a ka jalwa go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa seno ke thari ka Phatwe le go sale gale ka Lwetse morago ga segagane sa bofelo.
Dibeke di le somepedi ka mo gare ga ntlwana ya bosireletsa-jalô di tshwanetse go tlhagisa matlhogela a a nonofileng gotswa mo mesegông a a siametseng go jalololwa le go jalwa kwa tshimong. Batlhagisi ba le ba ntsi ba kotula lavender mo ngwageng wa bobedi kgotsa ka selemo. Mo mabakeng mangwe a mo go ona jalô ya letlhabula e dirwang, selemo santlha se ka kgona go ntsha thôbô.
Go tloga ka ngwaga wa bobedi, kotulo ya bobedi e ka dirwa pele ga letlhabula. Ngwaga wa bobedi wa kotulo o tlile go ntsha dikuno tse di kwa godimo. Dijalo tsa lavender di ka kotulwa sebaka sa dingwaga di le 10 goya go 20 fa di laolwa ka tshwanelo. Dijalo tsa lavender jaaka ditlharelemo tse dingwe di nna logong le go robega bonolo fa di ntse di tsofala, ka jalo tlhokomelo e tshwanelwa ke go tsewa gore go se senngwe pelwana ya sejalo ka ge se ka swa.
O seke wa ungwisa lavender go feta selekano. Pele jalô e ka tswelela, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go tsewa le go romelwa go dirwa tshekatsheko. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se totilweng. Ka kaedi e e sa totobalang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya kwa tshimologong ya 250 kg ya 3:1:5 e ka gasagaswa le go tlhakanngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm pele ga go ka jalwa matlhogela a lavender. Seno se tlile go neela matlhogela a mantšhwa thagogo e e siameng mo go tlhogeng. Mo dikgweding di le 12 tsa ntlha, go botlhokwa go tshola dijalo di gola ka jalo ditshêlô tse dingwe gape di le pedi tsa 200 kg ya 3:1:5 di ka tshelwa go ikala le mela ya sejalo, e nngwe ya Ngwanatsele le e nngwe gape ka Mopitlwe. Fela fa kotulo e sena go simolola go botlhale go ungwisa ka bosesane morago ga thôbô nngwe le nngwe. Ka nosetsô ya rothetso, monontsha wa seêledi o tshwanelwa ke go tshelwa ka metsi.
Sejalo sa lavender ke sejalo se se boitshokonyana mme ga se tlhoke metsi a mantsi. Fa se jadilwe ntle le nosetsô ya seleruri, tshologo-pula e e ka nnang 800 mm e e phatlhaletseng le ngwaga e tla lekana.
Fela go lokela nosetsô ya seleruri go oketsa thôbô kwa go senang tshologo-pula ya dipaka tse di tlhomameng go ralala thata-thata dikgwedi tsa selemo. Nosetsô ya rothetso e a gaisa, fela o seke wa nosetsa go feta selekano ka ge seno se baka malwetse a modi mme se fokotsa boleng jwa dioli tse di botlhokwa.
Go ikaegile ka mefuta ya mmu le bosa, dielô tsa nosetsô di tlile go farologana gotswa mo tshimong e nngwe goya go e nngwe. Nosetsô magareng e e siameng ke magareng ga 15 le 20 mm ka beke mo dikgweding tse di bothitho tsa selemo, mme e fokotswe kgotsa e emiswe mo dikgweding tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula tsa ngwaga. O seke wa nosetsa mo bekeng ya pele ga kotulo, fela nosetsa ka gangwe fela fa morago ga kotulo go busetsa mmu kwa dielông tsa bometsi tse di namatsang go fokotsa kgatelelô.
Go botlhale go lokela didiriswa tse di lekolang bometsi go lekola mmu ka metlha.
Go laola mefero mo tshimong go botlhokwa thata. Laola ka seatla kgotsa ka êge ya motšhine kgotsa mogoma. Seno se ka dirwa gape ka kobelo ya sekhurumetsi sa polasetiki kgotsa dijalo-khurumetsa go thibela mefero gore e seke ya mela. Mokoa o montsi wa dijalo ka fa tlase ga nosetsô ya rothetso, o siametse go khurumetsa mmu le go fokotsa go tlhoga ga mofero. Fa bajadi ba thothiso oli e e leng ya bona matlakala gotswa mo thothisong e ka diriswa jaaka kobelo go ikala le mela ya jalô.
Translated by Nchema Rapoo