Lavender ka Kakaretso

© Louise Brodie

Lavender e tlholega kwa Asia Bophirima le Bogare, Yuropa, Mediterranean le Afrika Bokone. Mo kaeding eno re tlile go samagana le mefuta ele mebedi e megolo e e diriswang mo tlhagisong ya oli e e botlhokwa e e dirisetswa mabaka a kalafi le botsenya-tatsô. Yona ke lavender ya nnete kgotsa English lavender le metswako ya Lavandin.

Leina la Bonetetshi: Lavandula Angustifolia
Leina la Setlwaedi: Lavender, Lavender ya Nnete kgotsa English Lavender 
Leina la Bonetetshi: Lavandula Angustifolia x Lavandula latifolia
Leina la Setlwaedi: Lavandin

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa lavender ke segola-sebaka se se golelang kwa boleeleng jo bo ka nnang 1200 mm mme se na le matlhare a ma telele a o kareng lomapô a a bosetlha-tala, a a makeketo go le gonnye mme a fitlha kwa boleeleng jo bo ka nnang 40 goya go 50 mm. Sejalo se tlhagisa palo e e rileng ya dikala tsa mo tlhakoreng tse di bopang setlhatshana. Dithunya tse di bopegang mo dintlhaneng tsa dikala ka dingatana tse di motopo di mmala wa loapi goya go yo o lilac purple. Lavandin ke mogodi o o manontlhotlho go feta mme e tlhagisa dithunya tse di fetang tsa English lavender.

Ditiriso

Lavender e dirisetswa gantsi oli e e botlhokwa ya yona. Go kilogram nngwe le nngwe ya English lavender e e tsenngwang mo tsamaisong ya thothiso, oli e e botlhokwa e e ka etsang 5 goya go 8 millilitres e a tlhagiswa. Fa Lavandins di thothiswa di tlhagisa go ka nna gabedi ga oli fela ka monkgo wa kalafi o montsinyana ka ntlha ya seêlô sa camphor sa yona se se kwa godimo. Oli e e botlhokwa ya English lavender e tlhwatlhwa go bodirelo jwa dinkgisa-monate ka ntlha ya monkgo-sethunya wa yona. Oli ya lavender e diriswa gape mo melemong jaaka phetodi ya antiseptic le ya sebolaya-megare. Oli e siame jaaka sekoba-tshenekegi mme e diriswa gape mo aromatherapy.

Oli e diriswa gape jaaka phetodi ya tsenyô-tatsô ke bodirelo jwa dijo le dino. Lavender gape e ka omiswa jaaka monkgo wa potpourri le gape jaaka thulaganyo-thunya ya dithunya tse di omisitsweng.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Lavender e mela mo mebung ele mentsi fela e mela ka go gaisa mo mebung e e motlhaba goya go e e serokwa se se motlhaba ya pH ya magareng ga 6.0 le 8. Lavender ya Nnete e mela ka go gaisa mo mebung e e alkaline go feta, mme Lavandin e ithatela mebu e e esiti go se nene ya pH e e kwa tlasenyana.

Pele paakanyô efe kgotsa efe ya mmu e ka dirwa, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go ka tsewa le go romelwa kwa laboratory go dirwa tshekatsheko le ditshitshinyo tsa dikotla. Lavender e na le thulaganyo-modi e e seng boteng jalo mme medi ya yona ga se gantsi e melela kwa boteng jo bo fetang 300 mm. Mebu e tshwanetse go petwapetwa go repisa mmu kwa boteng jwa 400 mm go netefatsa kelometsi e ntle. Siamisa dielô tsa pH ka go tshela lime fa mebu ele esiti thata mme o tshele mosutele kgotsa motshotelo. Lemelela mo mmung o o fa bogodimong jwa 300 mm dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele go ka jalwa.

Mo malatsing a bofelo pele go jadiwa, tsenya dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko kgotsa rotavator mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se ntsha mefero mengwe le mengwe e e ka tswang e tlhogile. Lokela dinosetsi mme fa kobelo e tlile go dirwa e tlile go dirwa jaanong mme go jalwe matlhogela morago.

Bosa

Lavender ke sejalo sa motalafelaruri se se tlhogang mo boseng jo bo bothitho bo omeletse jwa Mediterranean mme e diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tse di mo magareng ga 20°C le 28°C. Lavender e ka lengwa mo boseng jo bo omileng kwa gonang le bobotlana pula ya 500 mm mo ngwageng, le fa e diragatsa ka go gaisa ka fa tlase ga nosetsô ya leruri ya rothetso. E mela gaufi le bogodimo jwa lewatle fela e diragatsa botoka kwa bogodimong jo bo kwa godimo go jwa lewatle, mme dingwe di mela kwa bogodimong jo bo ka fitlhang go 1500 meters kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo go feta di ama thunyô le boleng jwa oli ka fa go sa siamang.

Dijadi

©Louise Brodie

Go na le mefuta ele mebedi e megolo ya lavender e e tlhagisetswang kgwebo. Lavender ya Nnete kgotsa ya English tse eleng dithunya tse di nnye tsa oli e potlana fela ele ya boleng jo bo botoka, le Lavandins tse eleng metswako mme di tlhagisa dithunya le dioli tse di ntsinyana mo heketareng. Lavender ya Nnete e kwa maêmông a a godingwana mme e rekiswa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Go na le mefuta ele mentsi ya lavender ka jalo fa o tlhopha gore o ka jala ofe go molemo go bona kgakololô ya motlhankedi wa tsa temô wa selegae le go baitseanape ba tsa tlhagiso ka ga mofuta o o gaisang wa kgaolo-tlhagiso ya gago le tiriso ga mmogo le mmaraka o o totilweng.

Mefuta e e tumileng ya English lavender ke: Hidcote, Munstead, Jean Davis le Vera e e leng yona e tumileng go gaisa.
Mefuta e e tumileng ya Lavandin ke: Abriali, Dutch Mill, Grappenmall, Grosso, Provence, Seal le Super.

Translated by Nchema Rapoo