Jalô ya Chives

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya chive ke gotswa mo peong. Dijalo le digwere le tsona di ka aroganngwa le go jalelelwa ka tsela e e tshwanang le ya matlhogela.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ka bajadi ba ba golo ba kgwebo e dirwa gantsi ka go jala dipeo ka tlhamalalô mo mmung kgotsa ka go jala matlhogela a chive. Dipeo tseno di jalwa kwa boteng jo bo ka etsang 1.5 millimetres. Dipeo tsa chive di mela le go tlhagelela mo malatsing a ka nna supa goya go lesome mme matlhogela a ka jalololwa le go jalwa mo tshimong morago ga dibeke di ka nna nne goya go tlhano. Fa go jalwa dipeo ka tlhamalalô mo mmung, go gakololwa gore go jalwe bobedi jwa palo ya dipeo tse di tlhokegang mme katoganô e fokotswe fa go tlhokwa. Jalô e dirwa ka metšhine ya jalô kgotsa ka seatla, goya ka bogolo jwa bodirelo.

Katoganô

Jala chives ka katoganô e e ka nnang 15 cm mo meleng e e katoganeng ka 20 cm. Seno ke tshimo ya dijalo tsa chive tse di ka nnang 400 000 mo heketareng. Ditselana tsa didiriswa le tsa terekere di a dirwa malebana le mekgwa-tiriso ya taolô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa chive ka tlhamalalô mo masimong go sale gale ka dikgakologo kgotsa ka letlhabula. Mo Afrika Borwa seno ke go sale gale ka Lwetse kgotsa ka Moranang. Jalô ya matlhogela a chive le yona e ka dirwa mo nakong e. Dijalo tse di setseng di le teng le tsona di ka aroganngwa le go jalololwa.

Paka ya Kgolô

Batlhagisi ba kgwebo ba simolola go kotula matlhare a a foreshe a chive go simolola mo bo gaufing  jo bo etsang dibeke di le thataro morago ga jalô. Dijalo tsa chive di ka kotulwa sebaka sa dingwaga di le pedi goya go tharo mme morago di tshwanetse go ka aroganngwa le go jalololwa. Bajadi bangwe ba kgwebo ba tlile go jala matlhagela sešwa ngwaga le ngwaga.

Kumisô

Pele go ka jalwa, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go ka tsewa le go romelwa kwa laboratory go dirwa tshekatsheko. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se lebeletsweng.

Ka kaedi e e sa totobalang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya kwa tshimologong ya 300 kg ya 3:1:5 e ka gasagaswa le go tlhakanngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 15 cm goya 20 cm pele ga jalô. Seno se tlile go neela dijalo tse di ntšhwa thagogo e e siameng mo go tlhogeng. Go molemô go elatlhoko kgolô mme o sweetse fa nitrogen ya tlaleletso e tlhokega go nonotsha kgolô. Seêlô se se tshwanang sa nosetsô-kumisô se ka dirwa ka mokgwa wa nosetsô ya rothetso morago ga dipeo di sena go mela mme dijalo di tlhoga. Nontsha ka 250 kg ya LAN mo heketareng morago ga kotulo nngwe le nngwe.

Nosetsô

Bontsi jwa bajadi ba chive ba kgwebo ba lokela dinosetsi tsa rothetso ka ge seno ele se se gaisang go ka elatlhoko taolô ya bometsi jwa mmu. Sejalo sa chive ga se a tshwanela go ka nosetswa go feta selekano, mme mmu o tshwanelwa ke go letlwa gore o ome pele o nosetswa gape. Go tlhagisa matlhare a a foreshe, netefatsa fa sejalo se noseditswe ka tshwanelo. O seke wa nosetsa go feta selekano ka ge seno se ka baka malwetse a segwere kgotsa matlhare a a lwalang. Ka jalo, go molemô go lokela didiriswa tse di metang bometsi gore o tswelele go ela mmu tlhokô.

Go ikaegile ka mefuta ya mmu le bosa, nosetsô magareng e e siameng ke magareng ga 25 le 30 mm ka beke, ka tshêlô ele esi mo dikgweding tse di bothitho tsa selemo mme o fokotse nosetsô ka dikgwedi tsa ngwaga tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula, Mebu e e bokete e ka nosetswa dibeke dingwe le dingwe di le pedi. Leka go efoga go nosetsa ka tlhamalalô pele ga kotulo, fela nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go buseletsa bometsi jo bo namatsang fa o eletsa go tsosolosa sejalo gore se tlhagise gape.

Translated by Nchema Rapoo