Chives ka Kakaretso

© Louise Brodie

Chives go akanngwa fa di tlholegile kwa Asia le Yuropa Botlhaba. Gompieno chives di lengwa lefatshe ka bophara.

Leina la Bonetetshi: Allium schoenoprasum
Leina la Setlwaedi: Chives

Tlhalosô ya Sejalo

Chive e tsalana le eiye mme e na le matlhare a a tshwanang le a eiye fela ale masesanyane. Matlhare a sebopego sa boselennere, a gonyegile mme a sesafetse goya kwa dintlhaneng.

Ditiriso

Chives di diriswang mo go apayeng ga mmogo le mo disalateng di le tala. Chives di ka inelwa gape mo oling go dira tatsô.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Chives di mela bontle mo mebung ya serokwa se se motlhaba ya botswatshiding e e ungwileng mme e tswa metsi sentle. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng ga 6 le 7.

Pele paakanyô efe kgotsa efe ya mmu e ka dirwa, sampole ya leemedi la mmu e tshwanelwa ke go tsewa le go romelwa kwa laboratory go dirwa tshekatsheko le ditshitshinyo tsa dikotla. Mebu e tshwanetse go ka repiswa kwa boteng jo bo ka etsang 500 mm. Lime e e siamisang pH le mosutele kgotsa motshotelo di tshwanetse go tshelwa le go lemelelwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 400 mm dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele ga jalô. Mo malatsing a bofelo pele ga jalô, tsenya dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko kgotsa ka rotavator mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se ntsha mefero mengwe le mengwe e e ka tswang e tlhogile. Mebotwana e dirwa mo legatong leno mme mealô ya jalô e baakanyetswa jalô. Fa go jalwa matlhogela, kobelo ya polasetiki e ka alwa pele ga jalô gore mefero e e golang go feta dijalo tse di nnye e laolwe.

Bosa

Chives di mela bontle mo boseng jo bo rurufetseng mme di diragatsa ka go gaisa mo dithemphoritšhareng tse di mo magareng ga 18°C le 28°C. Chives di kgonana le segagane, fela kgolô e bonya fa dithemphoritšhara di wela tlase thata.

Dijadi

Chive ya setlwaedi ke yona e e tumileng go gaisa. Go na le ditlhopho tsa dijadi tse di ntšhwa tse di ntshang tlhagiso e e kwa godimo ya matlhare. Mofuta wa sejadi wa se-Finnish o o bitswang "Hankoniemi", mofuta wa sejadi wa se-Dutch o o bitswang "Tavallinen" le sejadi sa se-German se se bitswang "Grolau" ke mengwe ya mefuta ya dijadi tsa ntshô e e kwa godimo.

Translated by Nchema Rapoo