Taolô-Jalô ya Chives

© Louise Brodie

Thôbô - Ditone mo Heketareng ka Ngwaga

Thôbô magareng mo heketareng e ka nna ditone di le 16.

Kotulo

Kotulo ya bogolo jwa chive ya kgwebo e dirwa ke metšhine. Mo maphateng a tlhagiso a mannye le mo mantlwaneng-tshireletso a dijalo e ka dirwa ka seatla le fa seno se ka nna tlhwatlhwa-godimo.

Simolola go kotula mo mesong fa themphoritšhara e e rurufetse, mme fela morago ga gore matlhare a omelele. Kotulo ya matlhare a kwa ntle e ka simolola mo bogaufing jwa dibeke di le 10 morago ga go jalwa ga dipeo. Bajadi ba ba golo ba kgwebo ba tlile go leta sebakanyana mme ba kotule ngatana yotlhe, ba sega ngatana mo boleeleng jo bo ka etsang 3 goya go 5 cm gotswa mo mmung mme ba dire dingatana tsa bogolo jo bo batlwang. Fa seno se dirwa ka seatla matlhare a kwa ntle a ka kgetlwa pele kgotsa ngatana yotlhe e ka segwa le go tlhaolwa ka bogolo.

Poloko

Tlhagiso e e foreshe: Morago ga go kotula boloka chives tse di foreshe mo go 2°C. Chives di ka bolokwa sebaka se se ka etsang malatsi ale 5 goya go 7. Se se botlhokwa thata go akanyetswa ke go tshola matlhare a omile mo dikgetseng tse di tswaletsweng. Ditlharelemo tse di foreshe di latlha tatsô ya tsona ka bonako, ka jalo go molemô go rekisa le go dirisa chives tse di foreshe tse di satswang go segwa ka bonako jo bo kgonagalang.

Chives tse di foreshe di ka remetlwa le go tsholwa mo dikgetsaneng tse di tswalegileng ka mo setsidifatsing.

Disenyi

Aphids, Cut Worms, Root Maggots le Thrips ke dingwe tsa disenyi tse di tlwaelegileng.

Malwetse

Botrytis, Phori, Pink Rot le White rot.

Go molemô go sala morago thulaganyo ya bosireletsa-jalô jaaka e tshitshintswe ke motlhankedi wa tsa temô kgotsa agronomist. Morekisi wa dikhemikhale wa selegae gantsi o nna le manaane a a tshwanetseng kgotsa a ka neelana ka tshedimosetso ka ga bagakolodi ba ba gaisang ba ba leng teng gautshwane le kgaolo ya tlhagiso.

Translated by Nchema Rapoo