Batsadi ba Bonkoko ba Gapa

Bonkoko ba setlhopha sa Grandmothers Against Poverty and Aids (GAPA) ba arogana maitemogêlô a bona le batsadi ba bona mmogo le dithuto tse di botlhokwa tse ba di ithutileng ka ga molao o o gagametseng, go dira ka natla le go nna pelonomi.

Beauty Skefile

©Eric Miller

Batsadi ba me ba ne ba se setlhogo mo go rona fela ba ne ba sa bontshe kgatlhego mo go rona. Ga nkake kare ke goreng, fela ba ne ba nwa tagi thata ka mafêlô a beke. Mongwe wa bone o ne a ka letsa gramophone mme botlhe ba bine, ba tagwe le go tshega thata mmogo, ba itiretse moletlonyana.

Ga ise nke ke nwe mofeine kgotsa bojalwa nna. Ka jalo re ne re sa bue le batsadi ba rona thata ka ga tse re neng re di dira, mme re ne re sa ngangisane le bona. Re ne fela re ba tlhompha le go ba obamela. Go ne go se ope yo o ntlholang. Ke ne ke ya gae fela go ja, mme ke tswe go ya go dira sengwe le sengwe se ke se batlang.

Nna le ditsala tsa me re ne re kopana ka metlha morago ga sekolo go pepereganya, re ipuela le go itshegela fela. Re ne re sa dire sepe se se maswe fela re ne re sa dire sepe se se siameng gape. Re ne re sa tshwane le bana ba gompieno. Ba itse dilo tsotlhe tseno ba sa le bannye. Ba tlhalefile thata.

Tenjiwe Tutu

©Eric Miller

Mmê wa me o ne a nônôfile thata mme, fa re ne re le bannye, o ne a dira ditiro tsotlhe mo lolapeng lwa rona le kwa masimong ka boene. O ne a lema lefatshe go jala merogo, a gelela metsi a rona a a nowang, a ya kgonnye, a gotsa molelo le go re apeela dijo. O ne gape a kgapha mabota a mokgoro wa rona ka seretse le seloko sa kgomo, di kopantswe go dira motswako o o siametseng gore mabota a nne sebaka se se telele.

Tshingwana ya gagwe e ne ele ntle. Ke santse ke gopola dikhabetšhe, ditapole le digwete tse a neng a di jala. Mmê wa me o ne a le bonolo thata mo baneng ba gagwe, fela fa re ne re sa reetse o ne a kwata mme a re iteye. Mmê o ne a tlhoka madi a diaparo, dibuka tsa sekolo le dilo dingwe tsa bana ba gagwe, ka jalo o ne a sweetsa go ya kwa Cape Town go batlana le rre.

Ke ne ke le dingwaga di le supa kgotsa robedi fa a tsamaya. O ne a re salapisa ka seatla fa bese e tloga, mme re ne ra tswelela go tsholetsa diatla go fitlha bese e sa tlhole e bonala, jaaka bana ba ne ba dira. Fa re retologa go boela gae ntle le enê, dipelo tsa rona di ne di le botlhoko mme ka boraro jwa rona re ne re lela. Mmaago a ka tswa a sena sepe se sengwe go ka go nea, fela o santse o sa batle gore a go latlhegele. Oh, e ne ele nako e e utlwisang botlhoko.

Goldie Qayiya

E ne e le rre wa me yo a neng a ntseela ditshweetso tse di botlhokwa, a ikgatholosa dikeletso tsa me, mme ditshweetso tsa gagwe di sweeditse tsamao ya botshelo jwa me. Dilo di ile tsa siama kwa bofelong, fela ke itemogetse dikgwetlho dingwe tse di maswe.
Mme ntlha ya gore ke ne ke sa kgone go itlhophela tsamao ya botshelo jwa me e lerile kutlôbotlhoko mo go nna. Rre o ne a sa emise go dira mme ga ise ke mmone a lapile, le fa a ne a robala sebaka se se telele.
Mmê wa me e ne e le motho yo o itidimaletseng, fela ga ise nke ke ikarabele mo go ênê ka gonne re ne re rutilwe, 'Ngwana ke ngwana mme o tshwanetse go tlhompha mogolo.'. Fa a ne are, 'Goldie, isetsa bomonnaago dijo'.
Ke ne ke dira jalo. Ga ise nke le ka motsi ope kere, 'Nyaa, ga ke batle', kgotsa 'Ke lapile'. Bagolo, mo botlhaleng jwa bona, ba ne ba tshwanetse ke go tlhomphiwa.

Translated by Nchema Rapoo