Fa ke le mmotlana, ke ne ka lwala thata. Bosigo bongwe, mo bolwetseng jo, ke ne ka lora ke tsamaya mo sekgweng le dingaka tsa setso di le dintsi. Bosigo jo bongwe, ke ne ke le mo mosakong wa dingaka tsa setso mme lentswe le ne la tla go nna, lentswe la badimo ba me, le re go nna, ‘Yo ke morutintshi wa gago.’. Ngaka ya setso e moleele e ne ya ema, e tshwere thobane e e nang le moriri o mo telele o o tswang mo mogatleng wa kgomo kwa bofelong, thobane ya ngaka ya setso.
O ne a e baya fa pele ga me, a re, ‘Go simolola gompieno, leina la gago ke Nothando. O na le leina le leša ga jaana, leina la ngaka ya setso. Ke Nomagqirha.’. Mo torong eo, lentswe la badimo ba me le mpoleletse gore ngaka ya setso e e neng e bua le nna ke Solomon Gomono, le gore re tla mo fitlhela kwa Uitenhage le gore e tla nna morutintshi wa me. Ke ne ka bolelela rre ka ga toro e. E ne e le pitso gotswa kwa badimong gore ke nne ngaka ya setso.
Re ne ra bolola mo loetong lwa setimela go ya kwa Uitenhage go batlana le Solomon Gomono. Morago ga go botsa botsa, re ne ra bona lefelo, iGxapa, kwa a neng a dira teng. Fela fa ke tsena ka monyako, ke ne ka simolola go ikutlwa botoka. Ngaka ya setso e ne e le ênê monna wa morutintshi wa mo torong ya me. O ne a nteba mo matlhong mme a re go rre, ‘Lekgarebe leno ga le na bothata jwa pelo le eseng. O biletswa gore e nne ngaka ya setso.’
Go ipaakanyetsa katisô ya go nna ngaka ya setso ke ne ka tshwanela ke go tsaya karolo mo modirong o o kgethegileng wa go phêkola, nna mmogo le borobedi jo bongwe jwa makau le makgarebe. Re ne re tshwanetse ke go dirisa mere e e kgethegileng e le mmalwa e ngaka ya setso e re fileng yona. Mongwe wa yona e ne e le lekwati la setlhare sa maphipa, le le neng re tshwanetse ke go le inela mo kgamelong ya metsi bosigo.
O mongwe e ne e le matlhare a setlhare sa impepho, a tlogetswe mo kgamelong e nngwe ya metsi. Mo mesong, re ne ra tlhapa ka metsi gotswa mo dikgamelong tse pedi tseno. Re ne gape ra sila modi o mosweu o o bitswang isilawu, o o bonwang kwa sekgweng, o tsenywa mo metsing mme o fuduwe ka thobane go fitlha o nna lefulo.
Re nwele lefulo leo. Mme re ne ra fisa impepho e nngwe mme mongwe le mongwe wa rona a ikhurumeditse ka kobo go hema monkgo. Fano ke fao dilo tse di bofitlha, dipônô tse di kgethegileng tse di bonwang fela ke dingaka tsa setso, di simololang go senolwa. Pele ga modiro, ke ne ke a tle ke lore ka ntatemogolo wa me yo o tlhokafetseng.
Fela jaanong, fa ke sena go hema monkgo wa impepho, ke ne ka utlwa phefo e tsiditsana mo sefatlhegong sa me mme fa pele ga me, ntatemogolo wa me a tlhagelela ka go bonala – a bonala jaaka okare ke motho yo o tshelang. O ne a mpha ditlhogonolofatso tsa gagwe go bokamoso jwa me. ‘O tlile kwa mothong wa nnete go go katisa’, o ne a bua.
Kwa bokhutlong jwa modiro wa go phêkola, tiragalo e e botlhokwa e diragetse.’Binang, binang, lotlhe le tshwanetse ke go bina’, morutintshi wa me o ne a bua, re dikaganyeditswe ke makgolokgolo a ditsala le balosika, ba re opelela le go re phaphathela diatla, re ne ra bina ka boitumelo, ka keteko e kgolo le badimo ba rona. Ke ne ke le dingwaga di le 16. Ke ne ke ikutlwa ke nônôfile ke gololosegile.
E ne e le nngwe ya dinako tsa boitumelo mo botshelong jwa me. Ga jaana, jaaka mogolo, ga ke kgone go dira tiro e nngwe ntle le ya bongaka jwa setso, ka gonne seo ga se se ke tshwanetseng go se dira. Go dira jaaka mothusi wa gae ga se tlhopho.
Nako dingwe ga ke na tiro dibekebeke ka gonne ga go ope yo o tlang kwa go nna, fela gona le nako e ba tlang, mme gangwe mo kgweding ke ya go dira kwa ntlo-boitekanelong kwa motsetoropong wa Observatory. Batho basweu, bantsho le ba mmala ba tla go itlhola mo go nna koo. Ke ba latlhela ditaola le go ba bolelela se se sa siamang mo matshelong a bona mme bangwe ba bona ba mpotsa, ‘Mama, ke tlhoka gore o phekole ntlo ya me mo meweng e e maswe.’
Ditoro tsa me di maatla thata mme bontsi jwa dilo tse ke di lorang di fetoga nnete. Se ke nngwe ya dimpho tsa go nna ngaka ya setso mme nka se bue go le gontsi ka ga seno, kgotsa ke tlhalose ditoro tseno. Dingaka tsa setso ga di bue ka dilo tsa mofuta o.
Translated by Nchema Rapoo