Tlhagiso ya Nectarine

The main difference between peaches and nectarines, is that nectarines have smooth skins.

Kgang-Tshimologô

Tlholego ya nectarine ga e itsiwe, fela go akanngwa fa e tlholegile dingwaga di feta 4 000 tse di fetileng kwa China, e ka nna mo pakeng e ka yona tiriso-gae ya perekisi e neng e simolola. Bontsi jwa dijadi tse di jalwang gompieno le tsona di tseiwa gotswa go mefuta e tlholego ya yona e golaganngwang le Borwa jwa China. 

Di-nectarine le diperekisi ke mofuta wa leungo o o tshwanang, fela ka kgwebo di kaiwa fa ele maungo a a farologaneng. Pharologano e kgolo ke gore di-nectarine di na le bomadi jo bo bakang gore di nne le letlapi le le borethe, fa perekisi e na le letlapi le le marukhwi. Ntle le seno, di-nectarine gantsi di tswina le go nna potlana fa go bapisiwa le diperekisi. 

Leina 'nectarine' le dirisitswe lantlha kwa England ka bo 1616, mme e katswa e ne ele gotswa mo lefokong 'nectar' le le kayang botswina jwa leungo. China ke motlhagisi wa nectarine yo o eteletseng pele mo lefatsheng. 

Di-nectarine tsa Afrika Borwa

South African nectarines.

Di-nectarine, mmogo le diperekisi, ke mangwe a maungo a ntlha go ka jalwa mo Afrika Borwa morago ga kgorogo ya ga Jan van Riebeeck ka 1655. Ka 1892, di-nectarine le diperekisi e ne ele ditlhare tse di jalwang ka go gaisa kwa Koloneng ya Kapa.

Kgaolo-Tlhagiso

©Louise Brodie
Nectarines being pruned in summer.

Di-nectarine di tlhagisiwa go ralala Afrika Borwa, fela mokoa wa tlhagiso o bonwa gotswa kwa Kapa Bophirima. Goya ka Hortgro Tree Census ya 2018, Ceres e rwele mo go ka dirang halofo ya tlhagiso mme dielô tse kgolo di tswa gape le kwa Wolseley, Tulbagh, Klein Karoo, Paarl le Porofense ya Bokone.

Dijadi tsa Nectarine

©Louise Brodie
A wide variety of nectarines are planted.

Mefutafuta ya dijadi tsa nectarine e a jalwa, mme tshweetso ya gore ke mofuta ofe o o tlileng go jalwa e tlhotlholetswa ka bogolo ke dintlha tsa tikologo le letlhoko la mmaraka. Balemi ba fetola dijadi tsa bogologolo fa tse di ntšhwa le tse di tokafaditsweng di nna teng.   

Ka 2018, Alpine e ne ele mofuta o o jalwang thata, mme e selwe morago ke August Red. Mefuta e mengwe e akaretsa Royal Ruby, Super Star, May Glo, Luciana, Fantasia, Sunburst, Skye, Tiffany, Artic Wolf, Sunlite, Garofa, Margaret’s pride, Crimson Glo, September Bright, Summer Fire, Fire Pearl, Garcia le Summer Bright. 

Mefuta ya nectarine e farologane mo temeng ya ditlhokego tsa paka ya botsididi, nako ya go butswa, tebego le tshabelelo ke malwetse a a farologaneng. Matlapi gantsi a masweu kgotsa serolwana. 

Setlha

Necatrines being sorted during production season.

Setlha sa tlhagiso sa Afrika Borwa se ikaega ka maemô a bosa, kgaolo ya tlhagiso le sejadi. Gantsi e simolola ka Diphalane go fitlha ka Mopitlwe, mme dielô tse di potlana di tlhagisiwa gape ka Moranang. Setlha sa tlhagiso se letla naga go tlamela di-nectarine go dinaga tse di ipharileng kwa Sephatlo-fatshe sa Bokone ka nako e tlhagiso kwa dinageng tseo eleng kwa tlase. 

Dithekiso tsa Afrika Borwa

Nectarines being sorted in a pack house in the Langkloof.

Afrika Borwa, le fa ele motlamedi-potlana boditšhabatšhaba, o iponetse serodumo se se ntle ka ntlha ya boleng jo bo maatlamêtlô jwa maungo a yona a a romelwang ntle. Palo ya mabokoso a a romelwang ntle e oketsegile mo dingwageng di le mmalwa tse di sa tswang go feta, mme go feta halofo ya dielô tse di romelwang ntle di ya kwa United Kingdom. European Union le Botlhaba-Gare le tsona di tsaya dielô tse kgolo, fa dielô tse di potlana di romelwa kwa ditlhakatlhakeng tsa Lewatle la Indian, Russia, Botlhaba jo bo Kgakala, Asia le go ralala Afrika. 

Ditiriso

©Louise Brodie
Nectarines are primarily enjoyed fresh.

Di-nectarine di na le dielô tse di kwa godimo tsa fibre, di-vitamin le diminerale mme di na le ditswaki tse di dipoêlô tsa sejalo, jaaka di-antioxidant tse di sireletsang mmele kgatlhanong le go tsofala. Leungo le letlapi di a jega, fela thapo e a latlhwa. Di-nectarine gantsi di jewa di le tala mme gape di isega sentle mo disalateng. 

Maele

Fa o reka di-nectarine, tlhopha leungo le le borethe le tiile le le mmala o o sedifetseng. Di-nectarine di ka buduswa ka go di tlogela mo mogopong le maungo a mangwe, jaaka diapole le dipanana. Ka mokgwa mongwe, atolosa tshelo-poloko ya tsona ka go di beya mo setsidifatsing go diegisa tsamaiso ya go butswa. 

Thapo e ka ntshwa ka go sega nectarine go ikala le morokô, mme o sokoletse dihalofo goya matlhakoreng a a fapaaneng, mme o goge dihalofo ka go di kgaoganya. 

Translated by Nchema Rapoo