Tlhagiso ya Motlhatsa

© Weltevrede Fig Farm

'Motlhatsa o o jewang' ke leungo le le tumileng go ka jewa le le foreshe, jaaka leungo le le omisitsweng kgotsa go ka diriswa mo jêmêng, chutney le dessert. O tlhagiswa mo dinageng tse di fetang 50 lefatshe ka bophara, mme o gola sentle mo dikgaolong tse di bothitho tse di omeletseng fela tsa dithemphoritšhara tse di bogareng tsa Afrika Borwa. 

Sešweng, metlhatsa ya mmala o o fifetseng e tlhagelela ka magetla mo go rategeng, technology ya rurufatso e thusitse go tokafatsa tshelo-poloko ya metlhatsa e e foreshe, mme thomelo-ntle ya metlhatsa ya Afrika Borwa ka difofane e ntse le seabe mo setlhagisweng se se romelwang ntle, mo dikgweding tsa Ngwanatsele/Sedimonthole goya go Moranang/Motsheganong. 

Mmaraka o o kgethegileng wa metlhatsa e e potlana gotswa mo Afrika Borwa, ya mofuta wa Evita (Great Parisian), o a gola.

Histori ya Motlhatsa

Metlhatsa e ka tswa e tlholegile kwa Asia Bophirima mme e ka latediswa goya morago kwa dingwageng tse di ka etsang 5000 BC. E anama le babolodi mme e lerwe kwa UK, China le Yuropa ka dingwaga tsa bo-1500.

Ka dingwaga tsa bo-1800 e ne ya jalwa mo dipolaseng le ditshingwaneng mo Afrika Borwa fela e ne e sa lemelwe kgwebo go fitlha kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo-1900. Ka dingwaga tsa bo-1910 Piet Cilliers o ne a lere seresemela gotswa kwa California mme a jala tshimo ya ntlha ya kgwebo ya motlhatsa kwa Willington kwa Kapa Bophirima. Bodirelo jwa motlhatsa bo ne kwa tshimologong ba tsepamisa tiro mo komisông ya motlhatsa le jêmê ya motlhatsa, mme ba gola le tlhagisetso-kgwebo ya jêmê le phetolo ya metlhatsa e metala (metlhatsa ya breba). 

Ke fela mo bosalegaleng jwa dingwaga tsa bo-2000, fa tlhagiso ya metlhatsa e e foreshe ya mmaraka wa dijo e neng ya simologa mo Afrika Borwa, ka thomelo-ntle goya kwa marekisetsong a UK le Yuropa.

Tlhagiso ya Motlhatsa Boditšhabatšhaba

Ditone tse di fetang 1 million tsa motlhatsa di tlhagiswa mo dinageng tse di fetang 50 lefatshe ka bophara. Motlhagisi mogolo wa motlhatsa ke Turkey, e e tlhagisang go ka nna 26% ya tlhagiso ya lefatshe. Sejadi segolo sa bona ke 'Black Bursa', eleng motlhatsa o mogolo wa letlapi le le ntsho ka tshelo-poloko e telele. Turkey gape ke motlhagisi mogolo wa metlhatsa e e omisitsweng. Dinaga tse dingwe tse di tlhagisang motlhatsa ke Egypt, Algeria, Tunisia le Morocco mo Afrika ga mmogo le Syria, USA, Brazil, Spain le Iran.

Dikgaolo tsa Tlhagiso ya Motlhatsa tsa Afrika Borwa

©Weltevrede Fig Farm

Afrika Borwa e na le diheketara di le 222 tse di jaletsweng tlhagiso ya kgwebo ya motlhatsa (2019). 

Dilemo tse di bothitho di omeletse tsa kgaolo e e kwakwaletseng ya Klein Karoo di siametse thata go butswisa metlhatsa, fela metlhatsa mo Afrika Borwa e jalwa mo dikgaolong tse di farologaneng. Tsona di akaretsa kgaolo ya Swartland (Porteville, Riebeeck Valley, Malmesbury le Hermon), Paarl, Worcester, Napier kwa Overberg le kwa Klein Karoo (kgaolo ya Kammanassie gaufi le Oudtshoorn le Prince Albert). 

Toropo ya Bonnievale e tlhagisa metlhatsa e metala - e gape e bitswang metlhatsa ya breba - ya disomaredi mme go na le dijalo dingwe kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima gaufi le Rustenburg, Brits le Magaliesberg. 

Komisô e e kgethegileng ya mefuta ya metlhatsa ya 'White Genoa' le 'Adam' e dirwa kwa Port Albert.

Setlha sa Tlhagiso ya Motlhatsa

Setlha sa motlhatsa mo Afrika Borwa se simolola ka kotulô ya metlhatsa ya breba ka Ngwanatsele go fitlha e ka nna bogare jwa Sedimonthole. Metlhatsa ya breba ke metlhatsa e e melang gotswa mo matlhogeleng a setlha se se fetileng. Mefuta e e tlhagisang metlhatsa eno ya go sale gale ke 'Adam', 'White Genoa' le 'Dauphine'. 

Kotulô-kgolo ya motlhatsa e simolola ka Ferikgong ka Ronde de Bordeaux, tshimologong ya Ferikgong - Mopitlwe, mme Tangier e kotulwa go tloga mo bogareng jwa Ferikgong go fitlha Tlhakole. Setlha se wetsa ka Parisian, e le yona e simololang mo bogareng jwa Ferikgong mme e wetse ka Moranang.

Dithekiso tsa Motlhatsa mo Afrika Borwa

Goya ka Lefapha la Temôthuo, Jalô ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF), palogotlhe ya tlhagiso ya motlhatsa o o foreshe mo Afrika Borwa e ka nna ditone di le 2 000 ka ngwaga go tloga ka 2813/14 goya go fitlha ka 2017/18. Go seno, go go ka nnang 10% go rekiswa go le foreshe go mebaraka ya selegae ya Afrika Borwa mme 12% - 13% e nngwe e a phetolwa. 

Goya ka Hortgro, Afrika Borwa e rometse-ntle ditone di le 380 tsa motlhatsa ka setlha sa 2017/18, eleng se se ka nnang 0.12% ya metlhatsa ya lefatshe. Dinaga tse di rekang metlhatsa ya Afrika Borwa ka bontsi ke UK, Hong Kong le Netherlands.

Translated by Nchema Rapoo