Temô ya Motlhatsa

© Alex Proimos

Metlhatsa kgonana sentle le dikgaolo tse di omeletseng tsa dithemphoritšhara tse di kwa godimo, le go nna teng ga metsi go go kwa tlase mme go le gontsi e lemilwe mo mebung e e bokoa. Mo malatsing ano, temô ya motlhatsa e dirwa ka fa tlase ga nosetsô ka go oketsega, ka mekgwa ya temôthuo e e farologaneng go oketsa thobo, boleng le poloko. 

Ditlhare tsa motlhatsa di jalwa gape ka katlego mo masimong a a bulegileng, ka fa tlase ga moriti wa letloa, ka mo mantlwaneng a jalô le mo dithulaganyong tsa hydroponic. Mo boammaaruring, dipatlisiso kwa Japan di fitlhetse fa ditlhare tsa motlhatsa mo thulaganyong ya hydroponic di ka tlhagisa kotulô di le pedi mo ngwageng, ka tsamaiso ya tshegô e e kgethegileng. Dipatlisiso tsa kwa Mexico di bontshitse fa tlhagiso e e tseneletseng ya ditlhare tsa motlhatsa mo dithulaganyong tsa ntlwana-jalô le hydroponic e tlhagisitse bontsi jwa maungo jo bo fetang jwa temô ya tshimo e e bulegileng makgetho a a ka fitlhang 20.

Temô ya Motlhatsa mo Afrika Borwa

©Weltevrede Fig Farm

Motlhatsa o ithatela bosa jwa Mediterranean - selemo se se bothitho se se omeletseng le mariga a seêmô se se mo magareng. Bosa jo bo bothitho jo bo omeletseng ka motsi wa kotulô ya selemo, bo botlhokwa, ka ge bometsi bo ka baka mephatlhogo mo motlhatseng o o butswang. 

Ditlhare tsa motlhatsa di jalwa mo masimong mme ditlhare ka keletso di bewa mo ntlheng ya borwa-bokone go letlelela go butswa go go lekalekanang mo matlhakoreng ka bobedi a setlhare. Motlhatsa o ka jalwa mo mmung o o motlhaba, fela mebu e e humileng e ka ntsha maungo a magolwane. O ka itshokela mefuta ya mmu ka go atologa fela e ithatela pH ya 6 - 6,5.

Ditlhare tsa motlhatsa di na le dithulaganyo-modi tse phatlhaletseng di se boteng, tse di koafatswang ke kgaisano ya moferô. Mo lobakeng lwa disenyi, motlhatsa o tshaba nematodes le stem-borer. Ditlhare di ka tlhoka nitrogen, go ikaegile mo ditshekatshekong tsa mmu. Nosetsô ya thotiso e a diriswa; nosetsô e tshesane ya kgapetsa e tlhophiwa go na le nosetsô e e tseneletseng ya beke le beke. 

Ditlhare tsa motlhatsa di segwa mo dikgweding tsa mariga a Afrika Borwa, Seetebosigo goya go Lwetse, go tshola ditlhare di 'bulegetse' tsenelelo ya marang a letsatsi mme go nna tlase go nolofatsa kgetlo ka letsogo. Tshegô ya dijadi, sekai 'White Genoa', tse di enyang motlhatsa wa go sale gale kgotsa motlhatsa wa 'breba' e tshwanetse go diragatswa. Motlhatsa wa breba o enya e ka nna kgwedi pele ga kotulô-kgolo, mo matlhogeleng a ngwagola, fa thobo ya bobedi kgotsa e kgolo ya motlhatsa e enya gotswa mo matlhogeleng a a tlhogang mo setlheng sa ga jaana.

Kotulô ya Motlhatsa

©Weltevrede Fig Farm

Motlhatsa o butswetsa ka bonako mme ditlhare di kotulwa tsatsi le tsatsi, gantsi mo pakeng ya dikgwedi di le mmalwa. Ka goya ka mofuta le lefelo, kotulô ya motlhatsa e simolola go tloga ka Ngwanatsele/Sedimonthole mme e ka tswelela go fitlha Moranang/Motsheganong. Motlhatsa o kgetlwa go sale gale phakela go tila mogote wa sethoboloko, ka ge o ka baka tshenyegô ya motlhatsa - dikalana tsa motlhatsa di matologa leungo mme di salele mo setlhareng. 

Kotulô e e gaisang e mo malatsing ale mmalwa pele ga go butswa go go magoletsa, eleng go butswa go go ka nnang 70%. Go kgetla go sale gale go fokotsa tshenyô ya dinonyane go motlhatsa o o butswitseng mo tshimong. 

Motlhatsa ke leungo le le sa butswitseng gotlhelele mo setlhareng mme o tlile go butswa fa o tsamaisiwa goya go modirisi. 

Kotulô ya motlhatsa ke tiro e e bokete; motlhatsa o senyega bonolo mme o tshwanelwa ke go tshwarwa ka tlhokomelo. Setlhare sa motlhatsa se ntsha latex e tshweu kgotsa 'mašwi', e e bakang marôphi a letlalo, ka jalo bakotudi ba rwala diatlana, dikhai tsa matsogo a maleele mme nako dingwe le diskhafo go thibela matlalo a bona go ka tshelwa ke 'mašwi' a a esiti. 

Morago ga kotulô, motlhatsa o iswa kwa bobolokelong jo bo tsididi, o aroganngwa goya ka bogolo le boleng mme o pakiwe. Motlhatsa wa boleng jwa thomelo-ntle o ka pakelwa mo setshoding sa polasetiki sa 160 grams, kgotsa mo dijaneng mo lobakeng lwa motlhatsa o monnye wa Ronde de Bordeaux. Motlhatsa o mogolwane a romelwa ntle mo makiding a pampiri ka mo gare ga mabokisi a a phaphathi. 

Fa motlhatsa o sa siamela mmaraka wa dijewa-foreshe, sekai fa o phatlhogile kgotsa o butswitse go feta selekanyô, o romelwa kwa o ileng go phetolwa go dira jêmê, chutney kgotsa go omiswa.

Translated by Nchema Rapoo