Temô ya Korong

© Chris Daly

Korong ya selemo e diragatsa bontle magareng ga 22 le 34 degrees Celsius, fa korong ya mariga e dira bontle magareng ga 5 le 25 degrees Celsius, goya ka Production Guideline for Wheat ya Department of Agriculture, Forestry and Fisheries (DAFF). Bosa ka keletso bo tshwanetse go rurufala le go nna bometsi fa go jalwa, mme bo salwe morago ke setlha se se bothitho se se omeletseng ka kotulo.

Ditlhokegô tsa Mmu

©Glenneis Kriel

Korong e tlhoka mmu o o tswileng metsi sentle o ungwile o o serokwa goya go o o serokwa se se motlhaba ka pH ya 6 goya go 7.5, goya ka DAFF. Tlhagiso e tlile go amega mo go maswe fa mebu ele esiti thata, selo se se tlileng go dira gore dikotla dingwe tsa mmu di se nne teng go dijalo.

Mo tlhagisong ya lefatshe le le omeletseng, mebu e tshwanetse ke go nna le bokgoni jwa go tshola metsi jo bo siameng, jaaka mefuta ya mmu e e nang le moalô wa mmopa o o bokete kgotsa moalô wa parego o o thibelang metsi a a bolokilweng go ka elela. Mebu e e tswang metsi sentle ga e a tshwanela tlhagiso ya lefatshe le le omeletseng, fela e ka tshwanela tlhagiso e e ka fa tlase ga nosetsô.

Nosetsô

©Louise Brodie

Sejalo se tlhoka metsi a a ka dirang 600 mm ka ngwaga, ka jalo mekgwa-tiriso ya temô-somaredi, e e akaretsang temôlelo-potlana ka tshadiso mesego, e a rotloetswa go somarela bometsi mo tlhagisong ya lefatshe le le omeletseng.

Ka tlhagiso e e ka fa tlase ga nosetsô, tshêlô ya metsi e tshwanetse go iswa tlase ka motsi wa thunyô, mme e oketswe ka motsi wa go tlala ga sephotlwa mme e emiswe ka motsi wa go butswa.

Jadisô

©Glenneis Kriel

Korong e jadiswa gotswa mo peong. Le fa go gaisa go reka peo e e rurifaditsweng ngwaga mongwe le mongwe, go na le balemirui ba le mmalwa ba ba bolokang peo e e jalang mo maitekong a go somarela ditshenyegelo. Ditlamorago ke gore tlhagiso gotswa mo dipeong tseno e ka amega mo go sa siamang fa peo e sa phepafatswa ka tshwanelo kgotsa ya tlhwekiswa ka dibolaya-tshenyi tse di tlhokegang, jaaka ele mokgwa-tiriso ka peo e e rurifaditsweng.

Fa o reka peo e e rurifaditsweng, go na gape le thulaganyo e e selwang morago fa sengwe se ka tswa mo taolông ka peo, mme balemirui ba tla ithwesa molato fa ba dirisa peo e ba e bolokileng. Peo e e welang mo ditshwanelong tsa bajadisa-dijalo ga e a tshwanela ke go ka atafatswa, go bolokwa kgotsa go rekiswa ntle le tetla e e maleba kgotsa lekwalotetla gotswa go batshola-ditshwanelo.

O Ka Jala Leng

©Glenneis Kriel

Peo e tshwanelwa ke go jalwa goya ka nako ya jalô le kotulo e e tshitshinngwang mo kgaolong nngwe le nngwe le go mofuta mongwe le mongwe, go fokotsa ditatlhegelô tse di amanang le bosa tse di bakwang ke komelelô, mogote, maruru le pula.

Letlha la jalô le le eletsegang le ka farologana gotswa mo setlheng se le sengwe goya go se sengwe, ka ntlha ya dikamano magareng ga maêmô a a rileng a tikologo, mmu le sejalo. Kwa borwa jwa Kapa, e e leng kgaolo ya tshologo-pula ya mariga, balemirui gantsi ba tlile go jala morago ga dipula tsa ntlha go tloga mo bogareng jwa Moranang go fitlha ka Phukwi le mo magareng ga bogare jwa Motsheganong le bofelo jwa Phukwi kwa dikgaolong tsa tshologo-pula ya selemo.

Dielô tse di totileng tsa themphoritšhara di a tlhokega mo magatong a a farologaneng a tlhagiso. Mediso, ka sekai, e ka se diragale ka fa tlase ga -5 degrees mme e tlile go amega mo go maswe mo dithemphoritšhareng tse kwa godimo ga 25 degrees Celsius. Themphoritšhara e e eletsegang ya tulafatso, ka fa go le lengwe, ke magareng ga 10 le 25 degrees Celsius, goya ka Wheat Production Guide. 

Mokgwa wa Jalô

©Glenneis Kriel

Peo e tshwanetse go ka jalwa ka go lekalekana, e se nne boteng thata mme mo mmung o o metsi. Bontsi jwa peo bo ka farologana gotswa go 20 kg/ha goya go 25 kg/ha ka fa tlase ga maêmô a lefatshe le le omeletseng, le 90 kg/ha goya go 120 kg/ha ka fa tlase ga nosetsô, goya ka bukana-kaedi ya DAFF, ka bogolo jwa jalô jo bo farologanang go dijadi tse di farologaneng le goya ka bometsi jwa mmu. Peo e ka jalwa ka megoma e e sa lemololeng kgotsa e e lemololang go se nene, kgotsa ka megoma e e tsentsweng dintlhana tse di motsu kgotsa dipapetlatsheko.

Balemirui ka kakaretso ba dirisa katogano-mela e e sephara mo lefatsheng le le omeletseng le katogano-mela e tshesane fa ba lema korong ka fa tlase ga nosetsô.

Translated by Nchema Rapoo