Taolô-Jalô ya Coriander

© Louise Brodie

Thôbô - Ditone mo Heketareng ka Ngwaga

E e amogelegang
Coriander e e foreshe: 4 tonnes
Dipeo tse di omileng: 0.5 tonnes
Oli: 40 litres

Ya magareng
Coriander e e foreshe: 8 tonnes
Dipeo tse di omileng: 1 tonnes
Oli: 75 litres

E e siameng
Coriander e e foreshe: 12 tonnes+
Dipeo tse di omileng: 1.2 tonnes
Oli: 100 litres

Kotulo

Kotulo ya bontsi jwa coriander ya kgwebo e dirwa ka metšhine. Mo madirelong a a potlana le mo mantlwaneng a bosireletsa-jalô e ka dirwa ka seatla le fa seno se ka nna tlhwatlhwa-godimo.

Tlhagiso e e foreshe: simolola go kotula matlhare mo mesong fa dithemphoritšhara di santse di rurufetse mme fela matlhare a setse a omile. Kotulo ya matlhare a a kwa ntle e ka simolola ka bogaufi jo bo ka nnang dibeke di le 4 morago ga jalô ya dipeo. Bajadi ba ba golo ba kgwebo ba tlile go leta sebakanyana mme ba kotule ngatana yotlhe pele fela ga thunyô, ka go sega ngatana mo boleeleng jo bo ka nnang 5 cm gotswa mo mmung le go dira dingatana tsa bogolo jo bo eletsegang. Fa e dirwa ka seatla sejalo sotlhe se a kumolwa le go pakwa.

Tlhagiso ya peo e e omileng: Mo tlhagisong ya coriander e e omileng, leta go fitlha morago ga thunyô, fa maungo a simolola go nna popota le go omelela. Dipeo gantsi di butswa mo magareng ga dibeke di le 15 le 18 morago ga jalô. Dipeo morago di a kgaoganngwa gotswa mo matlaping mme di ka tlhaolwa goya ka tse di tlileng go dirisetswa jalô le tsa kgwebisano ya di-spice.

Tlhagiso ya oli e e botlhokwa: Dioli tse di botlhokwa di bonwa gotswa mo thothisong-mosi ya dipeo tse di gaitsweng. Gotswa mo dipeong tse tala tse di thothisitsweng, ntshô ya oli e e botlhokwa e dira fela go ka nna 0.6 % goya go 1%.

Poloko

Tlhagiso e e foreshe: Morago ga kotulo, boloka coriander e e foreshe mo go 1°C. Coriander e ka bolokwa sebaka se se ka dirang dibeke di le 2 goya go 3. Kakanyetso e e botlhokwa thata ke go tshola matlhare a a omileng mo ditshoding tse di tswalegileng. Ditlharelemo tse di foreshe di latlha tatsô ya tsona ka bonako, ka jalo go molemô go rekisa le go dirisa coriander e e foreshe e e sa tswang go segwa ka bonako jo bo kgonegang. Coriander e e foreshe e ka tsholwa mo dikgetsaneng tse di sa tseneng mowa ka mo gare ga setsidifatsi.

Tlhagiso ya e e omileng: Dipeo tse di omeletseng di pakwa mo ditshoding tse di sa tseneng mowa ka bonako jo bo kgonegang gore di tshole tatsô ya tsona. Tseno di ka bolokwa sebaka sa dikgwedi di le robongwe goya go ngwaga.

Oli e e botlhokwa: Dioli tse di botlhokwa tse di mo lebotlolong di ka bolokwa mo lefelong le le omileng le fifetse mme le rurufetse sebaka se se ka dirang ngwaga goya go dikgwedi di le 18 morago ga go tsenngwa mo lebotlolong. Morago ga fao bontsi jwa dioli tse di botlhokwa di simolola go latlhegelwa ke bogale le monkgo.

Disenyi

Aphids, Army worms, Cut worms, Nematodes, Spider mite, Thrips and White fly ke disenyi tse dingwe tse di tlwaelegileng.

Malwetse

Bacterial leaf spot, CMD Virus, Fusarium Wilt, Powdery mildew, Root rots le Soft rot.

Go molemô go sela morago thulaganyo ya bosireletsa-jalô jaaka e kaetswe ke motlhankedi wa tsa temô kgotsa agronomist. Morekisi wa dikhemikhale wa selegae le ene gantsi o tla nna le manaane a a matshwanedi kgotsa a ka neelana ka tshedimosetso ka ga bagakolodi ba ba gaisang ba ba leng teng gaufi le kgaolo ya tlhagisetso.

Translated by Nchema Rapoo