Jalô ya Coriander

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya coriander ke gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya coriander ka bajadi ba ba golo ba kgwebo e dirwa gantsi ka go jala dipeo ka tlhamalalô mo mmung. Dipeo di jalelwa kwa boteng jo bo ka dirang millimetres di le lesome. Dipeo tsa coriander di mela sentle, fela go gakololwa gore go jalwe bobedi jwa palo ya dipeo e e tlhokwang mme mela e dirwe bosesane fa go tlhokega. Seno se dirwa ka dijadi tsa metšhine kgotsa ka seatla, goya ka bogolo jwa bodirelo.

Katoganô

©Glenneis Kriel

Dijalo tsa coriander di tshwanelwa ke go katoganngwa ka sekgala se se ka nnang 5 cm mo meleng e e katoganeng ka 30 cm. Seno ke tshimo ya dijalo di ka nna 650 000 mo heketareng. Ditselana tsa didiriswa le tsa terekere di a dirwa go letla mekgwa-tiriso ya taolô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa coriander ka tlhamalalô mo masimong go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa seno ke go sale gale ka Lwetse fela fa matshosetsi a segagane a setse a fokotsegile.

Paka ya Kgolô

Mo tlhagisong ya coriander e e foreshe, batlhagisi bangwe ba simolola go kotula matlhare a a foreshe mo bogaufing jwa dibeke di le tlhano goya go thataro morago ga jalô.

Kumisô

Pele ga jalô, sampole ya leemedi la mmu e tshwanetse go tsewa le go romelwa go dirwa tshekatsheko. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se lebeletsweng.

Ka kaedi e e sa totobalang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya kwa tshimologong ya 500 kg ya 3:1:5 e ka gasagaswa le go tlhakanngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 15 cm goya go 20 cm pele ga jalô. Seno se tlile go neela dijalo tsa coriander tse di ntšhwa thagogo e e siameng mo go tlhogeng. Ka ge coriander e sa tlhoke monontsha o mo ntsi jalo, go botoka go lekola kgolô mme o sweetse fa nitrogen ya tlaleletso e tlhokega go nonotsha kgolô. Seêlô se se tshwanang sa nosetsô-kumisô se ka dirwa ka mokgwa wa nosetsô ya rothetso morago ga dipeo di sena go mela mme dijalo di tlhoga.

Nosetsô

Bontsi jwa bajadi ba chive ba kgwebo ba lokela dinosetsi tsa rothetso ka ge seno ele se se gaisang go elatlhoko taolô ya bometsi jwa mmu. Sejalo sa coriander se ka tsena bonolo mo legatong la ntshô-peo fa se letlwa go nna ka fa tlase ga kgatelelô ya tlhokô-metsi ka ntata ya komelelô. Ka jalo, fa coriander e lemelwa go tlhagisa matlhare a a foreshe, netefatsa fa sejalo se nosetswa mo go lekaneng. O seke wa nosetsa go feta selekano ka ge seno se ka baka malwetse a modi kgotsa bacteria mo matlhareng. Ka jalo, go molemo go lokela didiriswa tse di metang bometsi gore o tswelele go ela mmu tlhoko.

Go ikaegile ka mefuta ya mmu le bosa, nosetsô magareng e e siameng ke magareng ga 25 le 30 mm ka beke ka tshêlô e e arogantsweng ka bobedi mo dikgweding tse di bothitho tsa selemo, mme o fokotse nosetsô mo dikgweding tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula tsa ngwaga. Leka go efoga go nosetsa ka tlhamalalô pele ga kotulo, fela nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go buseletsa bometsi jo bo namatsang fa o eletsa go tsosolosa sejalo gore se tlhagise gape.

Translated by Nchema Rapoo