Tamati

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Lycopersicon esculentum Mill.
Maina a setlwaedi: Tomato, Tamati, Tamatiso, uTamatisi
Tamati ya mo tafoleng ke nngwe ya dijalô tse di lemiwang thata mo lefatsheng mme gona le mefuta ya tamati e le makgolo a le mmalwa e e leng teng. Leungo leno le humile ka lycopene le Vitamin C. Ditamati di dirisiwa ka mekgwa e e farologaneng. Ditamati tse di buduleng di jewa di le foreshe mme gape di a gadikwa kgotsa di dirisetswa go apaya. Gape di omiswa ka letsatsi kgotsa di diriwe tamati sousu, puree, lorele le sopo kgotsa jaaka ditamati tsa tshitswana, chutney le jeme.

Thanololo ya sejalô

Tamati e tshela nako e telele fela e jalwa jaaka sejalô sa ngwaga le ngwaga se se jadiwang ka ntlha ya leungo la sona. Ke setlhatshana sa losika looselele se se dikala ka dikalana tse di nyemang di le boboa mme di selana morago. Matlhare a boboa mme a fapaana ka bogolo. Sejalô se rwala dithunya tse di serolwana di le dingatana.
Maungo a kgolokwe go ya go loreto mme bogolo jwa ona le mmala di a farologana, go tswa go khibidu go ya go pinki kgotsa serolwana fa a butswitse. Sejalô se tlhagisa dithapo tse di sephaphathi di le segogoropo go le go nnye ka mmala o o thokwanyana mme di le boboa.

Ditlhokegô le paakanyô ya mmu

Ka keletso mmu o tshwanetse go ntshwa metsi sentle go ya go boteng jwa 1.2m le fa boteng jwa 600mm bo amogelesega. Repisa mmu ka botlalo ka go dirisa mogoma kgotsa foroko, petlwana kgotsa garao. Repisa mmu gore medi e kgone go tsenelelwa ke mowa, gore medi e kgone go tsenelela mo mmung le gore metsi a kgone go tsamaya. Ntsha matlapa mme o thube boalô jwa mmu jo bo tiileng go letla tsenelelo e e siameng ya medi. Ditamati di kgona go ikamanya sentle le phopholego ya mmu mme mebu e e nang le seloko se se ka nnang 15% go ya go 35% e a elediwa, dipholo tse di ntle di bonwa mebung e e boteng e tswile metsi ya serokwa. Sejalô seno se kgona go itshokela mmu o o nang le eseti mme pH e e siameng ke 5.0 go ya go 7.0. Go fitlhelela ntshô-kungô e e elediwang, mmu o tshwanetse go huma ka tlhokakhabone mme o se nne le dibokwana tsa kwa meding.

Seêmô sa bosa

Pharologano e e anameng ya maemô a bosa mo Afrika Borwa e letla jalô le ntshô-tlhagisô ya ditamati tse di foreshe mo ditshimong tse di bulegileng kwa di kgaolong tse di farologaneng tsa naga ngwaga otlhe, le fa tamati gantsi e le sejalô sa setlha se se bothitho. Ga di utlwane le segagane mme dithemphoritšhara tse di elediwang tsa kgolô ke magareng ga20°C go ya go 25°C, ka dithemphoritšhara-magareng tse di mo magareng a 18°C le 27°C ka kgwedi. Fa dithemphoritšhara di ka feta 35 mme di wele kwa tlase ga 12, go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo go bopegeng ga leungo le boleng ba lona. Diphefo tse di mogote di omile di baka gore dithunya di wele tlase ka bontsi fa seêmô sa bosa se se bongôla sa dipula se ka baka le go phatlhalatsa malwetse a mo letlhareng. Ka jalo go rotloediwa gore ditamati di jalwe mo dikarolong tse di omileng mme di le ka fa tlase ga nosetsô.

Dijadi

Fresh market Tomatoes: Floradade, Karino, Rodade, Star 9001, Star 9003, Zeal, Fortress
Jam and preserving tomatoes: HTX 14, Legato, Roma, Rossol, Star 9056F, Sun 6216
Cherry Tomatoes: Bamby, Josephine, Little Wonder, Songold, Flavorita, Jasper

Translated by Nchema Rapoo