Jalô ya Tamati

© Louise Brodie

Katisô

Ditamati di atiswa gotswa mo peong, e ka nna ka go godisa le go jalalela matlhogela kgotsa ka go jala peo. Matlhogela a godisetswa mo makiding mme a jalalelwe kwa tshimong. Jalalelo e a ratega fa go dirisiwa dipeo tsa mofuta-pedi, segolo-bogolo mo jalong ya go sale gale fa go tlhagisetswe mmaraka wa merogo e e foreshe. Matlhogela gantsi a siamela go jalalelwa dibeke di le tharo go ya go tse nne morago ga jalô, mme a tshwanetse go jalalelwa mo mmung o o bongôla. Go jala ka peo gantsi go a dirwa fa sejalô se tlile go dirisetswa dijophetolwa kgotsa se tlile go kotulwa ka metšhine.

Nako ya jalô

Lefelo: Maruru
Nako e e elediwang: Diphalane
Nako e e kgonegang: Lwetse - Ngwanatsele
Lefelo: Bothitho
Nako e e elediwang: Lwetse - Ngwanatsele
Nako e e kgonegang: Phatwe - Sedimonthole
Lefelo: Mogote
Nako e e elediwang: Tlhakole - Phukwi
Nako e e kgonegang: Ferikgong - Seetebosigo

Bontsi jwa sejalô

Dijalo di le 12 000 go ya go 16 000 ka heketara.

Go katogana

300 mm go ya go 500 mm mo magareng a dijalo
1.5 m go ya go 2.5 m mo magareng a mela.

Nako ya Kgolô

Gantsi ka matsatsi a a ka nnang 90 pele ga kotulô ya ntlha, ka setlha sa go kgetla sa matsatsi a ka nna 80.

Translated by Nchema Rapoo