Taolô ya Sejalô sa Tamati

© Louise Brodie

Kumisô

Dijalô tsa tamati di tlhoka dikotla di le di ntsi tse di akaretsang nitrogen, phosphorus le potassium mme di tsibogela sentle menontsha ya tlhokakhabone. Selekanyô sa monontsha o o tshelwang se ikaega ka seêmô sa go nona ga mmu, setlha le ka sejadi sa tamati.
Dijalô di na le tlhokô e e kwa godimo ya nitrogen e e rotloetsang kgolô e e botoka le go tlhoga ga sethunya le leungo. Di tlhoka gape seelô sa potassium se se kwa godimo se se dirang gore mmala, tatsô, go tia, sukiri, esiti le bokomota jwa leungo. Phosphorus e rotloetsa go mela ga medi, go thunya ka bonako le go tlhoga ga leungo mme e netefatsa kgolô e e nonofileng.
Ditamati di tlhoka gape dikotlana mme tlhaelô ya magnesium, calcium le molybdenum e tlwaelegile mo mebung e e esiti. Tlhaelô ya boron le copper ga e bonwe jalo le jalo mo tamating. Fa tlhaelô ya boron e ka nna teng, e baka gore leungo le phanye, le nne le dikarolwana tse di mesimasima, popego e e sa nnang sentle le go butswa ga leungo go go sa lekalekaneng. Tlhokegô ya iron le yona e ka nna teng mo mebung e e nang le calcium le alkaline kgotsa morago ga go tshelwa laeme ka bontsi. Tlhokegô ya manganese e fitlhelwa gantsi mo mebung e e nang le calcium.

Go tshelwa ga Monontsha - kg/heketara

Monontsha: 2:3:4 (30)
Nako ya tshelô:Ka nako ya jalo
Mebu e e nonneng: 300 go ya go 500
Mebu e e sa nonang: 750 go ya go 1000
Monontsha: LAN
Nako ya tshelô: Ka beke ya bo 3 le 6
Mebu e e nonneng: 250 +250
Mebu e e sa nonang: 200 + 200
Monontsha: Potassium Nitrate
Nako ya tshelô: Ka beke ya bo 6, 9 le 12
Mebu e e nonneng: 100 + 100 +100
Mebu e e sa nonang: 100 + 100 + 100

Nosetsô

Nosetsô e botlhokwa mo tlhagisong ya ditamati. Go botlhokwa go fana ka metsi a a lekaneng ka dinako tse di masisi tse di jaaka fela fa morago ga jalô le jalalelo. Gore go nosetswa ga kae go ikaega ka mofuta wa mmu le themphoritšhara. Go nosetsa go feta selekano morago ga sebaka se se leele sa komelelo go baka gore leungo le phanye fa go sa nosetswe go se nnye pele. Go botoka gore go se dirisiwe mokgwa wa go nosetsa wa go gasa metsi fa godimo ga dijalo ka ntlha ya gore matlhare a a metsi a baka bolwetse jwa matlhare jwa blight.
Mo dibekeng tsa ntlha tse nne nosetsa 12 mm ya metsi ka beke. Mo dibekeng tse robedi morago ga fao, nosetsa 38mm ya metsi ka beke. Nosetsa 31 mm ya metsi ka beke mo setlheng se se setseng. Go nosetsa sejalô go tswa kwa godimo go ka baka gore leungo le phanye.

Modikologo wa Jalô

Go elediwa lenanêô la modikologo ka dingwaga tse tharo go ya go tse nne le dijalô tse dingwe tse di sa tsalaneng le tamati, seno ke go fokotsa go nna teng ga disenyi le malwetse a a fitlhelwang mo mmung.

Go rapalatsa kgotsa Trellising

Go rapalatsa kgotsa trellising ya dijalô e na le dipoelo di le mmalwa tse di akaretsang go tokafala ga go gasa ditlhare go laola malwetse a matlhare le disenyi, go ya tlase ga phiso ya letsatsi, tsamao ya mowa e e botoka le go bola ga leungo go go kwa tlase. Dijadi tse di nang le kgolô e e sa itsiweng di tlhoka go rapalatswa mo thulaganyong ya trellis kgotsa di lepeletswe mo mogaleng o o bofilweng mo megaleng ya fa godimo. Dijalo tse di jalelwang go rekiswa kwa mmarakeng wa merogo e e foreshe di tshwanetse go rapalatswa mo thulaganyong ya trellis.

Taolô ya Moferô

Moferô o ka laolwa ka dikhemikhale kgotsa ka metšhine. Go laola ka khemikhale go ka dirwa ka dikhemikhale tse di kwadisitsweng. Taolô ka metšhine, jaaka ka petlwana, go tshwanetse go nna kwa boteng mme go se gaufi thata le sejalô.

Ntshô kungô - tonnes ka heketara

E e lekaneng: 30 tonnes
E e bogareng: 40 go fitlha go 50 tonnes
E e siameng: 80+

Kotulô

Tiriso ya bofelo ya ditamati le sekgala go ya kwa mmarakeng di tla sweetsa gore go simololwa leng kotulô. Ditamati tse di dirisetswang dijophetolwa di kotulwa fa di setse di budule gotlhelele. Ditamati tse di tshwanetseng go romelwa kwa mafelong a a kgakala di kotulwa pelenyana di ka butswa thata, fa tse di romelwang fa gae di kotulwa fa di setse di budule sentle.
Go rotloediwa gore go kgetliwe ditamati go sale gale mo mesong mme di isiwe kwa kamore-polokelong ka bonako jo bo kgonegang mme di se tlogelwe mo lefelong le le mogote sebaka se se telele. Kwa kamore-polokelong ditamati di a phepafatswa, di tshwaiwe mme di pakiwe.

Polokô

Polokô ya morago ga kotulô ya ditamati e laolwa ke go butswa ga tsone. Ditamati gantsi di tshwanetse go bolokiwa mo themphoritšhareng ya 12°C le bongôla jwa 86% go ya go 90%.

Disenyi

Nematodes, American Ballworm, Cutworm, American Leafminer, aphids, red spider mite, rust mite, Erinose mite, plusia looper, aphids le thrips.

Malwetse

Early blight, late blight, mouta o mosetlha, mouta wa matlhare, phori, go bola ga leungo, go bola go go boleta, bacterial canker, bacterial spot, bacterial speck, bacterial wilt, Fusarium wilt, anththacnose, Septoria leafspot, mosaic, spotted wilt.

Translated by Nchema Rapoo