Sutherlandia Frutescens

© Marinda Louw
‘Makgona-tsotlhe’ wa dimela tsa Afrika Borwa, Sutherlandia frutescens* e tumiswa ka go anama ka ntlha ya bokgoni jwa go tiisa masole a mmele, go thibela megare le bothibela-kgotelo jwa yona jo bo dirisetswang makowa a a jaaka arthritis, kankere le jaaka kalafi ya type-2 diabetes mellitus.
Dikgatiso tsa ntlha gotswa kwa bakolonialeng ba ma-Dutch kwa Kapa di begile fa Basarwa le BaNama ba ne ba dirisa metsi a a bedisitsweng gotswa mo Sutherlandia go phepafatsa dintho le go thuba letshoromo. E na le maina a a fetang 25, maina ale mantsi a selegae a kaya mekgwa ele mentsi ya phekolô. Leina ‘Phetola’ (lereo la Setswana la ‘e a fetoga’), le ka supa go fetofetoga ga malwetse ale mantsi go tlisa dipholô tse di batlwang. Leina la yona la Sepedi ‘Lerumo-lamadi’ (‘lerumo la madi’) le kaya Sutherlandia fa e tlhatswa madi, ‘insiswa’ (SeZulu) ‘le ntsha sefifi’ mme leina la yona la seAfrikaans ‘kankerbos’ le tlhalosa tiriso ya yona jaaka moriana kgatlhanong le kankere.
Ka setso dikarolwana tsotlhe tsa dimela di ne di dirisetswa go ka bidiswa mo metsing goya ka mofuta wa bolwetse jo bo alafiwang. Sekai, metsi a go bediseditsweng matlhare le dikalana mo go ona a dirisetswa go alafa malwetse a sebete, philo le mala. Dikarolwana tsa semela tse di omisitsweng le go dirwa lorole le go inelwa mo metsing a a mogote di dirisetswa go tsosolosa keletsô ya dijo le go thibela tshenyô (selo se se dirisitsweng ka katlego mo balwetseng ba HIV/AIDS) le go alafa hemorrhoids, ditshwaetsegô tsa go rota le gonorrhea.
E diriswa gape mo kalafong ya kgatelelô ya tlhaloganyo le maikutlo, go akaretsa tenegô, letshwenyegô le manyaapelo. Ditiriso tsa sešweng tsa Sutherlandia di ka sebopego sa tee, dipilisi, borêkêrêkê, cream le digamolwa tsa seeledi.
Sutherlandia frutescens - mongwe ya mefuta ele merataro e e leng fela mo Afrika Borwa - ke setlhatshana sa monawa ka matlhare a masesane a a kgobakaneng le dithapo-photlwa tse di thunyang malomo a mahibidu a a bopegileng jaaka serurubele go simolola ka Phukwi go fitlha ka Sedimonthole. Ke semela se se kgonanang le komelelô se se melang kwa diporofenseng tsa Kapa Bophirima, Botlhaba le Bokone le dikgaolo dingwe tsa KwaZulu-Natal, popego ya sona ya bokhemikhale le bosemadi e farologana go kgabaganya dikgaolo tseno tsa naga.
Ke semela se se tumileng sa mo tshingwaneng se se golang sentle mo letsatsing le mmu o o ntshwang metsi sentle, mme se ka jadiswa bonolo ka go jala dipeo mo motswakong wa mmu wa karolo tse pedi tsa motlhaba, le karolo ele nosi ya monontsha. Semela se kotulwa gantsi kwa nageng fela dijalo tsa kgwebo di le mmalwa tsa Sutherlandia di fitlhelwa kwa diporofenseng tsa Kapa Botlhaba le Mpumalanga.
*Lolapa lwa Sutherlandia, lo ga jaana lo meditsweng ke lwa Lessertia, lo kile lwa bo lo na le mefuta ele 6, e aname go ralala borwa jwa Afrika. Lolapa lwa Lessertia, lo ga jaana lo akaretsang Sutherlandia, lo aname le bophara jwa Afrika, lo na le mefuta ele 60, ele 50 ya yona e mo borwa jwa Afrika. Mefuta mo lolapeng lwa Sutherlandia e ne e farologana le ya Lessertia, ka gonne e tshotswe got medulafatsong e e farologana - dinonyane. Ka go gongwe gotlhe di a tshwana mme ka jalo Sutherlandia e meditswe ke Lessertia.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo