Oli ya Lavender le ya Lavandin

© Marinda Louw
Lavender ke sejalo sa se tlholegang kwa Mediterranean mme eseng mono Afrika Borwa, go ntseng jalo, e jalwa gone fano, ebile oli ya boleng jo bo kwa godimo ya lavender e diriwa fano mme e rekisetswe mafatshe amangwe. Leina la yone e bong Lavender le bonwa kwa lefokong la selatini (Latin) e bong “lavare” le le rayang “go tlhapa”.
Bontsi ba tsietsiwa ke dipharologano magareng ga mefuta e mentsi ya sejalo se, jaaka harologano ya lavender le lavandin. Go na le mefuta e mebedi ee tlwaelegileng ebong, Lavandula le Angustifolia e e bediwa ‘True Lavender’ kgotsa English Lavender, le Lavandula Dentata ee bediwang French Lavender kgotsa Spike Lavender. Mofuta wa boraro ke hybrid (motswako) ya L. Angustifolia le L. Latifolia mme e ntsha oli ee bediwang Lavandin.
Sejalo sa Lavandin se segolwana mme go dirisiwa monkgo wa yone oo monate oo nkgang jaaka campher. E ka bonwa mo go diriwang di diriswa tsa diphepafatsi le go thusa batho ba ba nang le bothata ba ho hema (sinus conditions). Lavender e na le dithunya tsa monkgo oo monate mme e dirisetswa boleng ba theraphy kaga e sena monkgo a montsi wa campher. E kgona go fodisa tlhogo e e botlhoko, mathata a letlalo, e be e thuse le mathata a mala a a bofaganeng (digestion).
Dipatlisiso tsa dithuto tsa kwa Korea di bone fa oli ya lavender e na le boleng ba go thusa go tlhobaela le mathata a manyaapelo. Diririso tsa se indasteri ke go e tsenya mo diphepafatsing, di diriswa tsa go tlhapa, le tiriso ya go bolaya megare ka ga e kgona go bolaya bacteria di le dintsi jaaka, typhoid, diphtheria, streptococcus le pneumococcus.
Oli ya yone ee kgona go kgatholola mmele le go kokobatsa maikutlo e dirisiwa mo dikosmetiking dile dintsi, mme e kgona go fodisa matsadi (scar tissue) le dintho tsa go sisiwa ke molelo. oli e, e ka dirisiwa e le yone fela, mme tsela ee botoka ya go e tswakantsha le oli ya carrier oil mme oe fogotlhe mo mafelong a a gobetseng. Oli ya Lavandin e na le bokgoni ba go thusa methapo ya mmele, mme o ka e dirisa go kokobatsa ditshika tsa mmele ka gonne e ka di tiisa mme e di tsoseletse.
Thobo ya dithunya le thito tsa sejalo se, e diriwa ka magareng a kgwedi ya Sedimonthole le Ferikgong. Ga e nke e dirwa ka malatsi aa mogote thata kgotsa a na le diphefo tse dintsi ka gore di ka ama Oli e e ka bonwang mo go tsone. Oli e bonwa ka tsela ya steam distillation ga go tlabe go ntshiwa “concretes” ka tiriso ya dikhemikhale (solvents)
True Lavender e ka abela 8kg go ya go 30kg, ga Lavandin e ka abela 40kg go ya go 220kg ya essential oil ka hektara. Selekano sa 500kg go ya go 1000kg ya dithito tse di omeletseng ka hektara, go tla laolwa ke lefelo, bookamedi le molemi. Go na le dibopiwa dile 48 tsa lavender ka mefuta ee lekgolo ya di-genotypes mme go ntseng jalo go na le mefuta ee meraro e go diriwa oli ya lavender essential oil ka tsone ebong; L. Angustifolia, L.
Latifolia (spika, broad Leaves) le L. Angustifolia kgotsa Latifoli Hybrid. Oli e e bonwang mo dijalong tse e a farlogana mme le ditirisi tsa yone di a farologana. Sekao sa se ke oli ee bonwang mogo Lavandin Hybrid e monate thata (sweet) mme e dirisiwa go fa di nkgisamonate (perfumes) monkgo oo monate.
Setlhatshana se se mela ngwaga yotlhe mme se thunya ka paka ya selemo. Se lemeliwa kwa diprofinsing tsa Western le Eastern Cape, KwaZulu Natal, Free State, Gauteng, Limpopo le Mpumalanga. Lavenders ga e rate mafelo a mogote mme ditempareitshara tsa selemo di fokotsa boleng ba oli e e ka bonwang. Skike Lavender yone ga e rate mafelo a a nang le mouwane (frost). Sejalo se se rata marang a letsatsi, le mmu oo omileng. O seka wa se nosetsa thata

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi