Morula Ga Se Nnôtagi Fela

©Geoff Nichols of SANBI

Maina a a tlwaelegileng a Sclerocarya caffra kgotsa morula a akaretsa Inkanyi, marula, Umganu, mufula le morula. Setlhare sa morula ke setlhare sa bogolo jo bo mo magareng goya go jo bogolo se se tlhotlhoregang, se na le dithunya tsa tona le tsa tshegadi mo ditlhareng tse di fapaaneng.

(Basadi ba ba ithweleng ba dirisa lekwati la mofuta o o rileng wa setlhare go sweetsa bong jwa masea a bona a iseng a belegwe - sekai, lorole lo lo dirilweng gotswa mo lekwating la setlhare sa tona lo dirisetswa ngwana wa mosimane). Umganu (morula) ke setlhare se se diriswang thata ke batho ba Zulu mo kalafong ya setso ya makidiane (uzagiga).

Molwetse o tshwanetse goya kwa setlhareng seno le go betsa setlhare ka marama a gagwe, a ntse are, ‘zagiga, zagiga ngiyeke’ (‘tsamaya makidiane’) gararo. Go umakwa fa makidiane a tla nyelela mo malatsing ale mararo. Ditiriso tsa kalafi tse dingwe di akaretsa go tsaya moriana wa lekwati go alafa malamahibidu, letshololo, ramatiki le go thibela malaria.

Lekwati le kaiwa fa ele kalafi ya haemorrhoids mme metsi a a bediseditsweng mo go lona a nowa jaaka molemô wa bokoa le molapo. Megala e dirwa gotswa mo boalông jo bo ka fa tlase ga lekwati, fa logong le dirisetswa go dira dibetlwa, furniture, meropa le dijôkô.

Setlhare sa morula se mela gotswa kwa Ethiopia borwa goya kwa KwaZulu-Natal mo Afrika Borwa, mme ke ponagalo e e tlwaelegileng kwa kgaolong ya Ba-Phalaborwa ya porofense ya Limpopo. Leungo le kgeru ga e sale di diriswa gotswa ga Lowe ka ntlha ya dikotla tsa tsona - di na le vitamin C le diminerale tse di kwa godimo.

Leungo la morula le butswa go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Moranang fa leungo le le butswitseng le wela fa fatshe. Setlhare se se godileng se ka ntsha go fitlha go 500kg ya maungo ka ngwaga.

Leungo le jewa le le foreshe kgotsa le phetoletswe go nna dinôtsididi le jam. Maungo a kokoanngwa, a tlhatswe le go bulwa go ntsha kgweru. Leungo le apewa go fitlha metsi a fetola mmala mme le ntshwe.

Metsi a a setseng a phetolelwa go dira jam, mme e tsenngwe mo metemeng ya galase le go tswalelwa. Jam ya morula e ka nna le botshelo jwa kwa lebentleleng jo bo fitlhang sebaka sa ngwaga fa e tswaletswe sentle. Dikgweru tsa morula di a jega mme gantsi di a beswa.

Di tletse dikotla mme di na le 25% ya protein ga mmogo le calcium (Ca), magnesium (Mg), phosphorus (P) le potassium (K). Kgweru e a tšhwetlwa go ntsha dithapô. Dikgapa tsa dikgweru di ka diriswa jaaka bodilo, jaaka kobelo kgotsa go gotsa molelo, fa oli e e gamotsweng gotswa mo dithapông (e e humileng ka di-antioxidant le vitamin C le E) e diriswa mo tlhokomelong ya letlalo.

Maungo le matlhare a diriswa jaaka difepi tsa diphologolo. Morula ke setlhare sa moriti se se tumileng mme o tlhoga bonolo gotswa mo peong e e jetsweng mo motlhabeng wa noka, fela o tshaba segagane. O dira go gaisa fa o jalwa ka dikgakologo.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo