Mhawa o o Letswai o Neelana ka Jam e e Siameng

© Marinda Louw

Carpobrotus edulis e itsagale jaaka mhawa o o boikobo, mhawa wa Kapa, ghaukum, ghoenavy, Kaapse vy, perdevy, rankvy, suurvy, ikhambi-lamabulawo kgotsa umgongozi (Zulu). Sekhurumetsa-mmu se se melang bonolo ke sejalo se se mosola sa kalafi, ka leungo le le jegang le dithunya tse di kgatlhisang tse di serolwana, tse di fetogang go nna pinki e e thuntseng.
Mhawa o ka fitlhelwa go simolola kwa Namaqualand kwa porofenseng ya Kapa Bokone, go dikologa lobopo lwa Kapa Bophirima go fitlha kwa Kapa Botlhaba. Sejalo ke setsepamisa-marotobolo se se matsetseleko le separegi se se sa fisweng ke molelo. Dinoga gantsi di fitlhelwa mo dikgwetheng tsa mhawa di letile dikeketi tse di ngokwang le maungo. Ntle le dikeketi, leungo le itumelelwa gape ke sikaloopodi, dinoko le batho.
Leungo le bopegile jaaka sethibo, le butswa go nna le selebego se se letlalo se se matsutsuba, ka segompa sa dithapô mo sekgomareding se okareng ke jelly. Matlase a leungo a ngathwa, mme segompa sa dithapô se monyêlwe. Tatsô e tota ele bogale, ele letswai gape ele botlha, mme leungo le diriswa go dira jam e e gaisang. Go dira jam, khurumetsa 1kg ya mhawa ka metsi a a tsididi (a a tshetsweng 1 tsp ya letswai) mme o inele bosigo jotlhe, ntsha metsi mme o e obole. Tshela dikomiki tse pedi tsa sukiri le dithobanenyana tsa cinnamon di le mmalwa mo komiking ele nosi ya metsi mme o bidise go fitlha go kgomarela. Mme jaanong tsenya mehawa le go tlogela mo molelong go fitlha go nna kima, mme maungo ale bohibidu jo bo fifetseng ka mmala. Tsenya mo mabotlolong a galase a a tlhwekisitsweng.
Matlhare a mhawa a kgomaganya letlalo ebile a bolaya megare mme a ka tlhafunwa go retibatsa kgokgotso e e botlhoko, ditshwaetsego tsa molomo, go fiswa ke letsatsi, go babelwa, diso tsa mofikela, bogwata jwa mongato le melongô.
Ditiriso tse dingwe tsa kalafi di akaretsa pheko ya TB (syrup e dirwa ka matute a matlhare, oli ya motlhware le mamepe) le go alafa go ngakiwa (ka go ja syrup e e dirilweng gotswa mo leungong). Mhawa o diriswa kwa Kapa Botlhaba go alafa diphtheria (tshwaetsego e e masisi ya kgokgotso le nko) le bolwetse jwa sukiri. Mhawa o tlhoga bonolo gotswa mo mesegông mme o itumelela mmu o o tswang metsi sentle le go nna mo letsatsing.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo