Menku mo Aforika Borwa

© Westfalia Fruit

Dimenku di ka jalwa mo mefuteng e e farologaneng ya maemo a bosa go tswa kwa boboatsatsi go ya kwa go leng kgwatata. Bontsi ba dimenku tsa mo Aforika Borwa di tswa kwa kgaolong ya Hoedspruit kwa porofenseng ya Limpopo. Le mororo dimenku di jetswe mo Aforika Borwa ka dingwagasome, dijalo tsa dimenku di tlhomilwe fela kwa porofense ya Kapa Bophirima ka ngwaga kgolo wa bo 21. Seno se thusitse go atolosa setlha sa menku kwa bofelong ba Motsheganong kwa Kapabophirima e itsegeng ka morago ga ditlha tsa ona tsa go buna fa go bapiswa le diporofense tse dingwe tse di ntshangkuno jaaka Kapa Bokone. 

Dimenku di teng ka nako ya selemo ya Aforika Borwa, e e simololang ka Ngwanatsele mme fitlhe kwa mankalankaleng ka Ferikgong le Tlhakole. Setlha sa menku se simolola ka setlhare sa Tommy Atkins sa letlalo le le khibidu mme se khutla ka Keitt ya letlalo le letala. Mmala wa letlalo ga se sesupo sa go butswa. Go nkgetsa bofelelo ba kutu ya menku e tla nna sesupo se se botoka gore o butswitse. Menku o o butswitseng o tla nna le monko wa boungo.

Karolo eno mo dimenkung e lebelela kumo ya menku, ditiriso tsa temothuo, go tshwara le go dirisa dimenku le go eletsa go rotloetsa tiriso le jalo ya leungo le le farologaneng le le dikotla.

Translated by Lawrence Ndou

Go Roba le go Butswa ga Dimenku

Dimenku ke sejalo se se umang ka go refosana se se rayang gore dijalo di a farologana go ya ka bogolo go tswa mo ngwageng o le mongwe go ya ...more

Go Dira Bolemirui ba Dimenku

Dimenku ke dijalo tse di umang ka go fetoga, tse di ka ntshang kuno e ntsi thata ya ngwaga o le mongwe, e fokotsa bokana ba kuno ya yona ka ...more

Mefuta ya Ditlhare tsa Dimenku

Mo molemiruing wa menku, go tlhopha mofuta wa setlhare sa menku go jala mofuta go tla ikaega ka dintlha tse di jaaka mameo a bosa, nako ya g...more

Ntshokuno ya Menku

Menku ke nngwe ya maungo a a tlwalegileng a a farologaneng mo lefatsheng le ntshokuno e lebisitswe kwa Asia, segolobogolo kwa India le China...more

Dimenku

Menku (Mangifera indica L) ke leungo la bosetšhaba la kwa India, Pakistan, le Philippines. Le mela sentle mo dikgaolong tsa boboatsatsi go ...more

Ditiriso tsa Menku

Sejalo sa mo Aforika Borwa sa menku segolo se a diragadiwa go nna dimenku tse di omisitsweng. atšha le matute....more