Ditiriso tsa Menku

© National Mango Board
Ripe mangoes can be eaten as fresh fruit or when green, used to make pickles, atchars and in curries.

Sejalo sa mo Aforika Borwa sa menku segolo se a diragadiwa go nna dimenku tse di omisitsweng. atšha le matute. Gape se rekisiwa jaaka se le foreše jaaka diromelwantle le go rekisa mo dimarakeng tsa mo nageng tsa ntshokuno e foreše. Ditiriso tse dingwe tsa dimenku di akaretsa go jewa jaaka maungo a a tsidifadi tsweng – o sigilwe kgotsa mo dirolong tsa maungo. Dimenku gape di diragadiwa mo go nneng matute, ditšhotlho, ditšhatni, maungo a a mo metomong, maungo le go inelwa mo letswaing, mme e dirisiwa mo go apeyeng le dintshokuno tsa go baka gammogo le go nna aesekerimi le matute a a tsidifaditsweng.

Dikarolo tse dingwe tsa setlhare sa menku jaaka kutu ya menku, matlhare le dithunya le medi di dirisiwa mo melemong ya Ayurvedic. Sekao, dithunya tsa menku tse di bidisitsweng di ka dirisediwa motshwetshwe mme matlhare a mneku a ka dirwa tšhotlho mmogo pepere e ntsho di alafa botlhoko ba mpa le letshololo.

Dintshokuno tsa Menku

©Marinda Louw
Ripe mangoes are cut into strips and dried, often preserved sulphur dioxide to retain the colour.

Dimenku tse di foreše - e ka nna tse ditala kgotsa tsa maungo a a buduleng – di ka itumelelwa ka letswai, matute a llaeme kgotsa lorole la pherefere, mo go disalsa, disalate, mme gantsi e tlhakantshiwa le nama ya kolobe, tlhapi le kgogo.

Dimenku tse di omisitsweng di dirilwe go tswa mo menkung e e buduleng. Leungo le tlhatswiwa ke metsi, la obolwa, la go segiwa go nna dikarolwana tse di telele le go omisiwa. Ga go oketswe sukiri, fela salfa taeoksaete e ka tsenngwa jaaka sesomarelanjo. Dirolo tsa menku tse di omisitsweng di dirwa gonna tšhotlho ya menku e e anamiswang ka bosesane le go oma.

Ka atšha ya menku, dikarolwana tsa menku tse di tala dia tlhakantshiwa le pherefere chillies, senoko sa masala, konofole, peo ya masetete le oli. Ka jalo seno se a leswa go tswakana pele mo mabotlolong le tšhatni ya menku e dirilwe ka go bidisa menku, sukiri le diloki mo go tlhomamong e e kitlaneng e e jaaks jamo.

Folouru ya menku e dirilwe go tswa mo diobolongtsa mo mmung le dintlha mme e ka nna tlhoka gluten kemedi ya 10 - 50% ya folouru ya korong e ka bakiwa. Lorole la menku le lona le bidiwa amchoor. E dirilwe ka go tswa go omisiwa ga dimenku tse so butsweng mme e dirisiwa jaaka seloko sa boungo.

Matute a Menku

Mefuta ya dimenku e e ditlhale go feta kgotsa go nna boleta go feta go ka jewa di le foreše di ka dirisiwa go nna matute a menku. Matute a menku a diriwa go nna tšhotlho ya menku. Leungo le le buduleng le diriwa tšhotlho go ntsha matute mme ke gona fa e tla tlhotlhiwang go tlosa dikarolwana tse di kgolo. Metsi a a tlhotlhilweng, matute a mangwe a maungo go tswa mo go tse di okeditsweng, dibithamine le ditatso tsa tlhago di ka nna tsa tlatseletswa.

Matute phuthelwa ka go thibela tshenyego a bidisiwa mme a na le botshelo ba šelofo bo bo fitlhang go dikgwedi di le 12, mme dikotla tse leng masisi mo bolelong tse di jaaka bithamine C le bithamine B di ka nna tsa senngwa ka tiragatso ya go bidisa.

South African Fruit Juice Association e atlenegisa gore diboloki di ka oketswa mo matuteng a a tsidifaditsweng go atolosa botshelo ba šelofo go fitlha go dikgwedi tse tharo, mme matute a e leng gona a fetsang go somolwa a santse a le foreše (a a se nang diboloki tse di okeditsweng) ka tota a tshwanetse go jewa mo nakong ya diura di le pedi. 

Matute a tlhago a baakantswe go tswa mo leungong le le godileng la felela ntle ga tiriso ya dibolayadisenyi mme ga e a tshwanela go ntshiwa tswa mo dijalong tse di fetotsweng.

Ditlhaka tsa Menku

©Mattes
Mango pits are opened to reveal the kernel inside. The kernel is ground for mango flour or used for oil extraction.

Ditlhaka tsa menku, di itsegeng gape jaaka gutli, di ka dirisiwa mefuta e e farologaneng ya melemo le maikaelelo a go akarediwa jaaka ditlolo tse di humileng ka oli ya letlalo le moriri.

E humile ka dibithamine (bogolosegolo B12), diminerala jaaka potasiamo, kalsiamo magenesiamo, tshipi, senke, manganese, fosoforo, gape e na le diesiti tsa mafura tse di 9 go tswa go 10 tse di leng botlhokwa. Peo ya menku (mo gare ga ntlha) gape e na le sukiri ya tlhago e e dirisiwang go laola maemo a sukiri.

Ditlhaka tsa dimenku tse di so butsweng ke tse di gaisang go dirisiwa jaaka e ka nna ya silwa go nna tšhotlho kgotsa botoro. Dintlha tsa dimenku tse di buduleng di thata mme di ka dirisiwa fela mo popegong ya lorole.

Tswaka lorole kgotsa tšhotlho ka khkhonate kgotsa oli ya motlhware, potentise mo letsatsing malatsi a le mmalwa le go e dirisa mo moriring gore a phatsime kgotsa go alafa sekerefo le go thunya tlhogo. Popego yalorole e ka tswakanywa le tswina ya dinotshe go alafa letshololo mme go twe e fokotsa mamemo a madi a sukiri.

Ditlhaka tse di so butsweng di ka dirisiwa gape mo go apeeng ga MaIntia. Sekao, kgapetla e e kwa ntle e e boboa e ka tlosiwa, tlhaka e apeiwe mme ya sigiwa mo ka dikarolwana tse ditelele, ya gadikiwa le go fafadiwa ka letswai le lentsho.

Dimenku tsa Dijo tsa Diphologolo

Ditlhaka tsa menku le dithamane di ka dirisiwa go fepa diphologolo. Ditlhaka le dithamane di a inelwa le go omisiwa (10%) go tlosa dithenisi pele fa go fepa diphologolo.

Mo patlisisiong ya kwa Nigeria, dijo tsa dithamane tse di bedisitsweng tsa menku tlhaka di ne di ntshiwa go tswa mo peong ya menku. Peo e ne ya segiwa mme, peo dithamane di na di ntshiwa, di bedisitsweng metsotso e le 30 go tlosa dithenisi le go di omisa ka letsatsi pele ga ge di tlisiwa go kopanngwa mo mmung mme e le dijo tsa dikokwana. Patlisiso e bontshitse gore go fitlha 60% ya bupi jwa mmidi di ka fetolwa ka dijo tsa menku thamane tse di bidisitsweng e leng dijo ta bofelo tsa dikgogo. Go fetola bupi jwa mmidi go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo kgolong le boleng ba nama. Dijo tsa letsatsi le letsatsi e le dijo tsa phetogo ya pholo e e kwa godimo e ne e na le tlhaka ya menku mo dijong. Mo godimo ga moo, dijo tsa tlhaka ya menku e na le diteng tsa mafura a a kwa godimo fa go bapisiwa le bupi.

Oli ya Menku

Tlhaka ya menku (mo gare ga peo) e na le 7 – 12% ya oli, e e humilemg ka diesiti tsa stearic le oleiki. Olein (go tswa go oli ya oleiki) e na le dithoto tsa emollient le stearin (go tswa kwa go esiti ya stearic) e ka fetola botoro ya khoukhou mo tšhokoleteng.

Ela tlhoko:
Tshedimosetso ke ya thuto le merero ya tshedimosetso fela mme ga e a tshwanelwa go tsewa jaaka keletso ya kalafo. Tshedimosetso ga e a ikemisetwa go tlosa keletso ya kalafo ye e neelwang ke badiredi ba tlhokomelo ya botshelo bo bo phepa.

Translated by Lawrence Ndou