Mefuta ya Ditlhare tsa Dimenku

© National Mango Board
Mango cultivars range from red-skinned Tommy Atkins, to the green-skinned Keitt and Keith cultivars.

Mo molemiruing wa menku, go tlhopha mofuta wa setlhare sa menku go jala mofuta go tla ikaega ka dintlha tse di jaaka mameo a bosa, nako ya go butswa (sk. kwa morago - kgotsa pele mo setlheng-sa menku), bogolo ba leungo le bokana ba thobo, bokana ba setlhare le kgono ya go twantsho ya patso ya baketheria e ntsho le malwetse a mangwe. Sekao, mefuta ya ditlhare e mengwe e masisi mo meamomg a bosa a a bolelo, a a omileng e bile e ka nna ya tlhaselwa ke phiso ya letsatsi. Tseno di akaretsa Sensation le Keitt. Mefuta ya ditlhare e e kgotlhelelang thata ke Tommy Atkins le Kent.

Dimenku tsa setlha se se fa gare mo Aforika Borwa ke Tommy Atkins, Zill, Sabre, le Irwin. Mefuta ya ditlhare ya setlha se se fa gare e e akaretsa Kent, Shelley le Heidi, mme dimenku tsa setlhah sa kwa morago ke Sensation le Keitt.

Mefuta e megolo e e jwetsweng kwa Kapa Bophirima ke Kent, Joa, Sensation, Heidi, the new Tropica le Keitt.

Mefuta e menthšwa e a sekasekiwa ke Agricultural Research Council (ARC). Fa o tlhoma mefuta e mentšhwa ya ditlhare, gantsi di lomagantswe mo moding wa kota o setseng o gola. Sabre ke modi kota o o dirisiwang thata mo Aforika Borwa.

Dimenku tsa Pele mo Setlheng go ya go Bogareng

Tommy Atkins ke mofuta wa kwa pele o mogolo o o motopo go ya go oblong, ka leunog la phopholego e e bohibidu bo bo tseneletseng botala le boserolwane le letlalo le le kima. E na le diteng tse di gagametseng, diteng tsa setlhale le tatso e e botsatsa e e botshe. E na le botshelo ba šelofo bo bo siameng. Mofuta wa setlhare o siametse dikgaolo tsotlhe mme e itshokela patso ya baketheria e ntsho le anthracnose.

Zill ke mofuta o mongwe o o nang le leungo le le nnye go ya go e e mo magareng le le motopo. Zill e na le letlalo le le tala le phopholego e tla le serolwane mme e fotegela bo nna khibidu ka mmala fa e butswa. Zill e na le tatso e e siameng le ditegn tse di gagametseng. Leungo ga le na tlhale fela ga le bolokege sentle.

Sabre ke menku wa setso wa tlhale, o o leng monnye go fitlha ka fa gare ka bogolo. Ke o o serolwane ka marama a a mahibidu.

Irwin ke menku wa mo bogareng go ya go bokgolo le sebopego se se oblong. O serolwane go ya bohibidu ka mmala.

Dimenku tsa Mo Gareng ga Setlha

Kent ke menku o o mo bogareng go ya go bokgolo o o motala o o nnang o le motala le fa o budule. E na le tatso e e siameng, diteng tse di borethe. Kent gantsi e dirisiwa mo go omisiweng le go dira matute.

Heidi ke menku o o mo bogareng go ya go bokgolo ka sebopego sa pelo ka tatso ya ‘menku’ e e farologaneng.

Shelley ke mofuta wa setlhare wa setlha sa mo bogareng se se tswang kwa Israele. Ke leungo le le kgolwane la sebopego sa apole le diteng tse di gagametseng le tatso e e botsatsa.

Dimenku tsa Mafelelo a Setlha

©National Mango Board
The green-skinned Keitt is a late mango cultivar, popular for pickling as an unripe fruit.

Setlha sa menku mo Aforika Borwa se kgutla ka Sensation e nnye le Keitt e kgolo. Sensation ke menku o o mo bogareng e tala ya boperese bo bonnye. E n le diteng tse di gagametseng, e e tlhokang tlhale le tatso e e botshe. Ke mofuta wa setlhare o o leng wa bogologolo o o tlhaselwang ke go bola kwa gare le mathata a boleng.

Keitt ke menku a a mogolo le tse dinnye ka ntlha e nnyue mme o nna o le o o motala. Keitt e tumile thata mo ditsong tsa kwa fa e dirisiwa jaaka leungo le le tala (le sa butswa) le go tsenngwa mo metsing letswai. Keitt ka mofuta wa setlhare sa kuo e e kgolo e e ntshang kuno ka bogare ditone tse 30 ka heketara.

Translated by Lawrence Ndou