Go Dira Bolemirui ba Dimenku

© Louise Brodie
A mango orchard near Hoedspruit in the Limpopo Province.

Dimenku ke dijalo tse di umang ka go fetoga, tse di ka ntshang kuno e ntsi thata ya ngwaga o le mongwe, e fokotsa bokana ba kuno ya yona ka bokana ba 25% mo ngwageng o o tlang. Ditlhare di tsaya dingwaga tse di nnang tse tharo go ya go di le nne go simolola ntsha kuno ya maungo le go ya ka kgaolo e ka tsaya dingwaga di le robedi. Se ke boammaaruri mo kagolong ya kwa Hoedspruit kwa porofenseng ya Limpopo, mme kwa Clanwilliam e ka tsaya go fitlha go dingwaga di le 12 go gola go nna mogolo le bokgoni ba ntshokuno e e tletseng.

Maemo a Bosa a Dimenku

Ditlhare tsa menku di ka kgotlelela methalethale ya maemo a bosa - go tswa kwa go bolelo le bongola go ya go botsididi di maemo a bosa a a omileng. Ka jalo, di ka jalwa mo kgaolong e e bophara mo Aforika Borwa. Themphereitšha e dimenku di ka godisiwang ka katlego ka fa tlase ga mothamo o o tswang go 5°C go ya go 45°C, mme dithempheretšha tse di siameng tsa letsatsi di tshwanetse go nna magareng ga 27ºC go ya go 36°C.

Dimenku di ka kgotlelela bongola gammogo le maemo a mowa o o omileng mme bongola bo tshwanetse go nna ka fa tlase ga 55% go tsweng ka Diphalane go fitlhela fa leungo le robiwa mo dikgweding tse di tswang ka Sedimonthole go ya ka Mopitlwe.

Dimeku di tshela sentle mo dikgaolong tse di omeletseng ka nako ya dikgakologo go ya ka tshimologo ya selemo jaaka fa dithunya le maungo a a tlhagisang a masisi thata mo malwetseng a mouta o o tlhagang ka fa tlase ga maemo a a kolobileng.

Tlhopha dikgaolo tse di sireleditsweng kgatlhanong le phefo kgotsa dithibelelaphefo tsa dijalo tse di leng gaufi le tshimo ya maungo ya abokado. Phefo e tlholang go galefa le dipatso tsa go ngapa mme di ka tlhola go wa ga leungo. Go phunyega ga letlalo ka ntlha ya tshenyo ya phefo go ka tlisa ditshwaetsego tsa mouta le dibaktheria. Thibelela tshenyo ya phefo ka go jala dithibelaphefo le go lebisa tshimo ya maungo ka go sekama go ya kwa ntlheng ya phefo e e bokete e fokelang teng.

Go Jala Dimenku

Tlhopha dijalo tse di maatla go tswa kwa mafelong a go godisa dimela a a tlotlegang. Tlhatlhoba matlhare le dithunya, dinoko, megagaru diyunione gammogo le motswako wa mmu le thulaganyo ya medi ya ditlhare.

Tshekatsheko ya mmu e e tseneletseng pele ga nako ya go jala e tla supa gore ke dikotla dife tse di tlhokegang kgotsa tse di leng teng go feta. Se se ka fetolwa ka nako ya go baakanya mmu pele ga go jala mme gape ka nako ya setlha sa go mela go ya ka tshekatsheko ya dijalo.

Dimenku di tshwanetse go jalwa kwa bokhutlong jwa setlha sa fa go le tsididi le dipula - Phatwe go ya go Lwetse ke tse di gaisang. Sekgala sa go jala se ikaegile ka kgolo ya setlhare mme se ka farologana go tswa go 12 x 12 dimetara mo bogareng go ya go 2.5 x 2.5 m kitlano e e kwa godimo ya masimo a menku.

Morago ga go jala, dimenku di tlhagisa moditona o o maatla o o ka oketsegang mo mmung go ya go 6 m boteng.

Ditlhare tsa menku di gola le go tlhagisa sentle mo mebung e e farologaneng fela motlhaba serokwa kgotsa serokwa (e e nangle diteng tsa mmopa wa 15 go ya go 25%) ke o o siameng tota. Mmu o o nang le dillaga tse di kitlaneng o tshwanetse go tilwa gammogo le mmu o o ka lebisang kwa maemong a metsi a manutsi thata. PH ya 6 - 7.2 ke e e feletseng.

Mekgwatiriso ya Tsamaiso ya Dimenku

akaretsa ditiragalo tse di jaaka nontsho, nosetso, go poma, tshireletso ya dijalo le go feta. Dintlha di le mmalwa di a kwalwa ka fa tlase. Kgakololo ya dintlha tsotlhe e ka bonwa ka go tsenya ditlhopha tsa dithuto tsa setegeniki le go tswa kwa bagakoloding ba temothuo.

Ditlhare tsa menku di thunya mo malatsing a tekanyetso ya malatsi a le 28. Le mororo ditlhare tsa menku di dulafatsa ka bo tsona le tulafatsaneng ke phefo kgotsa ditshenekegi, Agricultural Research Council (ARC) e atlanegisa dinotshe go dulafatsa ditlhare tsa menku ka 3 go ya go 15 ya metshitshi ka heketara.

Ditlhare tsa dimenku di a pomiwa morago ga thobo le dikala tse di ‘khutswane‘ tse di tshwarang dimenku di tlositswe. Go poma ‘go bula’ ditlhare ka ntlha ya tsenelelo ya marang a letsatsi mo gare ga setlhare le go tloswa ga logong la bogologolo go rotloetsa kgolo e ntšhwa.

Nontsho, go ya ka ditshekatsheko tsa mmu le matlhare, gantsi e dirwa morago ga thobo.

Go sireletsa dimenku mo malwetsing a jaaka anthracnose le dintsi tsa maungo do dirwa sentle go ya ka thulaganyo ya taolo ya disenyi e e tsentsweng. Dikhemikale tse di dirisiwang mo ntshokunong ya menku di tshwanetse go kwadisiwa mme di botlhokwa go latela melawana e e amanang le masalela a kgatsho ya dijalo le ditsibogo tsa mmaraka.

Le mororo ditlhare tsa menku di kgotlelela komelelo, nosetso e tokafatsa kuno ya bogolo ba menku. Mofuta wa nosetso le lenaneo la go nosetsa di ikaegile ka dintlha tse di jaaka mofuta wa mmu, mokgwa wa go laola maemo a bosa, mme gape go botoka go rerisana le moitseanape wa nosetsa. Bobedi tse nosetso e e potlana le ga rotha di a dirisiwa mo Aforika Borwa.

Disenyi le Malwetse a Dimenku

Bolwetsi ba dijalo ba mouta ke bolwetse jo bo tlwaelegileng morago ga go robiwa ba mouta bo bo amang ditlhare tsotlhe tsa dimenku mme e ka bonwa jaaka dipatso tse di borokwa - bontsho mo matlhareng. Dimenku di tla nna tse amegang go le gonnye mo dikgaolong tse di bothito moo e golang ka bonako e bile fa e se ikaeditse mo ditlhareng mo tsamaong ya setlha sotlhe sa pula.

Patso ya baketheria e ntsho ke bolwetse bo bong bo bo tsalanang le pula ka tsewa mme bo ka alafiwa di kgatshetsi tse di nang le koporo. Bo tlhagelela jaaka dintho tse di tletseng metsi mo leungong. Mouta wa lerole ke bolwetse jwa mouta bo bonalang jaaka dipatso tse ditshweu tsa lerojana mo matlhogeleng a bašwa, matlhare, dithunya kgotsa maungo.

Disenyi tsa dimenku di akaretsa ntsi ya maungo, tshupa ya menku le ntlhana e e omeletseng, sesenyi mo ditlhareng tsa bašwa.

Translated by Lawrence Ndou