Dimenku

© US National Mango Board
Slices of mangoes arranged with mint for a simple, yet elegant fruit salad.

Menku (Mangifera indica L.) ke leungo la bosetšhaba la kwa India, Pakistan, le Philippines. Le mela sentle mo dikgaolong tsa boboatsatsi go akaretsa le dikgaolo tse dingwe mo Aforika Borwa. 

Mango e mela ka fa bogareng go ya go bogolo, e e ka nnang 9 go ya go 35m, setlhare se se nnang se le tala ke sa lelapa la cashew Anacardiaceae.

Dimenku tse di tala di dirisediwa letswai kgotsa komkomore ya oli, dikhari, ditšhatni le ntshokuno tse omisitsweng, fale fa dimenku tse di botshe, tse di buduleng di dirisiwa ka metomo, matute, e itshekile le go omisiwa. Ditlhaka tse di humileng ka oli di ka jewa, go dirisiwa jaaka melemo, ka dijo tsa diphologolo le oli.

Hisetori ya Ntshokuno ya Menku

Baitsetemo le borahisetori ba dumela gore menku e simolotse kwa India. Dikwalo tsa bogologolo le dikinane tsa maIntia, go na le dikgang di le dintsi tse di amanang le setlhare sa menku. Kgang e e tumileng e e tumileng e amana le molatedi yo o ineetseng o neile Buddha tshimo ya menku gore a ka kgona go ikhutsa mo moriting wa setlhare sa menku.

Morulaganyi mogolo Mmusimogolo, Akbar, yo o neng a laola go tswa ka 1556 go fitlhela 1605 o ne a na le tshimo ya maungo ya ditlhare di le 100 000 tsa menku. Tseno e ne e le tse dikgolo, le ka maemo a segompieno. Fa Mapotokisi a hudugela kwa India Bophirima, le bona ba ne ba bitsa leungo ‘manga’, gongwe e e tlhaotswe go tswa mo lefoko Tamil ‘manga’. Go tswa kwa India, maungo a anametse bophirima, gongwe ka barekisi ba bakoloniale ba Yuropa. Dijalo tsa ntlha tsa kgwebo kwa Bophirima di ne tsa tlhongwa ke bahudugi ba Mapotokisi kwa Brazil ka bo1700.

Mo Aforika Borwa, dimenku tsa ntlha di jetswe ke Jan van Riebeeck kwa Motse Kapa mme maemo a bosa a kwa lebopong a supile a sa e siamela. Dijalo dingwe tsa menku kwa KwaZulu-Natale e e bothito di ne tsa tlhongwa ka morago ka bo1850s. Le gale, dijalo tsa kgwebo di simolotse fela ka matlhagatlhaga ka 1920 kwa kagolong ya Ofcolaco, e e leng gaufi le Tzaneen kwa Porofenseng ya Limpopo le kwa Malelane kwa Porofenseng ya kwa Mpumalanga.

Ditlhare tsa menku: Peach le Sabre, di tsa jalwa la ntlha mo Aforika Borwa. Setlhare Kent le Zill di ne tsa tlhagisiwa mo tsamaong ya 1954 mme ya feletsa mo kgolong ya ntshokuno morago ga 1960 kwa Ofcolaco, mo Mokgatsheng wa Letsitele, le kwa dikgaolong tsa Letaba fa e neng ya fitlhelwa gore ditlhare tse pedi tsa ntshokuno e e siameng mo dikarolong tse.

Mesola ya Dimenku

©Westfalia Fruit
Dried mango. Mango is nutrient-rich and contains vitamin C and provitamin A and is high in dietary fibre.

Dimenku di na bokana ba metsi a mantsi - e ka nnang 72 go ya go 86%, dikhabohaetereite - mo e ka nnang 9 go ya go 25%, e bile e kwa tlase ka poroteine ka tekanyetso ya 0.9 - 5.1,  fa mafura a supa 0.2 - 2.7%.

Dimenku di na le mefuta e e farologaneng ya faethokhemikhale le dikotla. E kwa godimo ka tlhale ya dikotla, bithamine ya C, probithamine A, e bile e na le go fitlha go 10% ya tlhokego ya letsatsi le letsatsi ya bithamine B6 gammogo le kharotini le di polyphenol.

Dipolyphenol tsa menku di dira thata jaaka maokane a a kgoreletsang oksideišene e e sireletsang disele tsa batho kgatlhanong le tshenyego ya DNA le malwetse a tshenyego. Kgono ya polyphenol mangiferin go lwantsha malwetsi a tshenyego jaaka malwetsi a pelo le kankere le ona a supilwe mo go tseneletseng.

Kopi nngwe ya menku le yona ke motswedi o o siameng tota wa folate le kopore, e aba go fitlhela 20% le 10%, ka go latelana ga yona, ya ditlhokego bagolo tsa letsatsi le letsatsi.

Diilwa ke Mmela tsa Menku

Menku ke wa lelapa la cashew Anacardiaceae gape e amana le botlhole ba ivy. Batho ba bangwe ba bontsha ditsibogo ya diilwa ke mmele mo dimenkung ka ntlha ya ditshwano tse di fitlhelwang mo diporoteine tsa dimenku le mmedula.

Ditlhopha tsa malwetsi tsa ilwa ke mmele ya molomo (OAS) e diragala metsotso e le mmalwa morago ga go ja dimenku mme ke ilwa ke mmele ye sa raranang e e ka rarabololwa ka metsotso e le mmalwa. Tsibogo e nngwe e e bidiwang ‘ikgolaganye le letlalo’ e tlhola diso mo letlalong. E tlholwa ke oli ya moakere e e fitlhelwang mo letlalong mme leungo mo fatshe fela ga letlalo.

Batho ba ba nang le ilwa ke mmele ya menku ba gakololwa go tila dipopego tsotlhe tsa maungo a tlholego. Dimenku tse di apeilweng ga se gantsi di tlhola tsibogo. Gape ba ba nang le ilwa ke mmele ya cashew kgotsa manoko ba tshwanetse go tila menku ka ntlha ya kgonagalo ya ka tsibogo e e ka kopanang.

Ela tlhoko:
Tshedimosetso ke ya thuto le merero ya tshedimosetso fela mme ga e a tshwanelwa go tsewa jaaka keletso ya kalafo. Tshedimosetso ga e a ikemisetwa go tlosa keletso ya kalafo ye e neelwang ke badiredi ba tlhokomelo ya botshelo bo bo phepa.

Translated by Lawrence Ndou