Ntshokuno ya Menku

© Westfalia Fruit

Menku ke nngwe ya maungo a a tlwalegileng a a farologaneng mo lefatsheng le ntshokuno e lebisitswe kwa Asia, segolobogolo kwa India le China. Mo Aforika Borwa, ntshokuno ya dimenku e simolotse kwa dikgaolong tsa boboatsatsi kwa Porofenseng ya Limpopo mme e atolositswe go akaretsa ntshokuno ya thobo ya kwa morago kaolong e e omileng, e e bolelo ya Clanwilliam ya kwa Kapa Bophirima.

Dikgaolo tsa Ntshokuno ya Menku mo Aforika Borwa

Dimenku tsa mo Aforika Borwa gantsi di jalwa kwa dikgaolong tsa bokone-botlhaba tsa naga. Dijalo tsa menku kwa Limpopo di fitlhelwa kwa dikgaolo tsa Soutpansberg, Bokone, Bogareng le Borwa jwa Letaba, Hoedspruit gammogo le Trichardsdal le Ofcolaco.

Dijalo tsa menku kwa Mpumalanga di fitlhelwa kwa dikgaolong tsa Komatipoort le Onderberg tsa Malelane. Gape dimenku di jalwa kwa Porofenseng ya KwaZulu-Natala mme dihektare tse di ka nnang di le 100 di jetswe kwa kgaolong ya e bollo ya Clanwilliam kwa Kapa Bophirima. Dimenku tseno tsa kwa Kapa Bophirima di atolosa setlha sa menku mo Aforika Borwa go ya ka go Motsheganong.

Setlha sa Menku mo Aforika Borwa

Dimenku ke maungo a selemo mme go nna teng go simolola matswela le go nna teng go kwa mafelelong a Ngwanatsele kwa porofenseng ya Limpopo kwa tikologong ya Malelane ka mefuta e e farologaneng ya Tommy Atkins. Kgaolo ya Hoedspruit ya Limpopo ke kgaolo ya konokono ya ntshokuno le thobo e e simololang ka bogare jwa Sedimonthole mme se ya kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Mopitlwe. Clanwilliam kwa Kapa Bophirima ke kgaolo ye sešeng ya ntshokuno ka setlha sa menku se se simololang mo bogareng ba tlhakole le go konosetsa mo bokhutlong jwa Motsheganong le kwa morago Keitt.

Ntshokuno ya Lefatshe ya Menku

©US National Mango Board
Tommy Atkins (red) and Honey are two prominent mango cultivars grown in the USA.

Dimenku di ntshwakuno kwa dinageng di le 90 mme e ka nnang 80% ya kuno e tswa mo bantshakunong ba bagolo ba lesome. Bantshakuno ba kwa godimo ke India, China, Thailand, Pakistan, Mexico, Indonesia, Brazil, Philippines, Bangladesh le Nigeria. India ke montshakuno yo o kwa godimo wa dimenku ka 40% mme e latelwe ke China ka 11%.

Dipalopalo di supile gore India e rometse ntle go feta fela ditone tse di 49 000 ka 2017/18 mme ntshokuno ya menku kwa India ka 2019 e ne e lekanyetswa go nna 70% go ya kwa tlase ka ntlha ya maemo a bosa a a kwa tlase ka nako ya setlha sa go thunya dithunya ka setlha ka Ferikgong.

Le mororo USA e se montshakuno yo o kwa godimo, e ne e le moeteledipele mo mefuta ya ditlhare tse di gaisang tsa menku wa kgwebo e bile ke moromelateng yo mogolo wa dimenku mo lefatsheng.

Dipalopalo tsa Ntshokuno ya Menku

Dimenku di phuthelwa mo mabokosong 4kg go ya mmarakeng wa thomelontle mme gantsi a rometswentle. Bokaakang bo bonnye di a fofisiwa go ya kwa India, mmaraka o mošwa wa thomelontle mo Aforika Borwa.

E ka nnang 37% ya kuno ya Aforika Borwa ya menku e rekisiwa mo gae jaaka maungo a a jewang a le foreše mme 16% e nngwe e dirisediwa matute. Atšha e monyela 28.5 e nngwe ya ya mmaraka wa ntshokuno ya menku o motala o ntshwakuno mo Aforika Borwa, fa 10% e dirisediwa go omisa. Fela, 6% ya ntshokuno ya menku ya Aforika Borwa e ne ya romelwantle ka setlha sa 2018/19.

Ka 2018/19, diromelwantle go ya Botlhaba Bogare di tsere maikarabelo a 53% ya dimenku tsotlhe tse do rometswengntle tsa Aforika Borwa. Thomelontle ya Aforika (gantsi Botswana le Ghana) tse I tsereng maikarabelo a 17% e le Russia le 6% ya Netherland ya thomelontle ya dimenku tsa Aforika Borwa.

Aforika Borwa ga se motlisateng o mogolo wa dimenku. Diromelwateng gantsi di tswa kwa Mozambique e leng 68% le Zimbabwe.

Translated by Lawrence Ndou