Go Roba le go Butswa ga Dimenku

©Westfalia Fruit
After handpicking, mangoes are allowed to 'bleed' out the milky latex and then the stems are cut shorter.

Dimenku ke sejalo se se umang ka go refosana se se rayang gore dijalo di a farologana go ya ka bogolo go tswa mo ngwageng o le mongwe go ya go e menngwe. Mekgwatiriso ya tsamaiso ya tshimo ya maungo e e siameng, jaaka nontsho, e ka fokotsa kumo ya dijalo tse di farologaneng. Le fa e le gore phetogo ya 25% go ya go 30% bo a ntshiwa ka kuno mo gare ga bokana ba dikumo ka tlwaelo di solofetswe.

Ntsho ya Kuno ya Dimenku

Thobo ya dimenku e lekanyediwa mo ntshong ya kuno ke ditone ka heketara (palogare ya bobedi dingwaga tsa ‘mo’ le ‘kwa ntle’) le go ikanyega ka dingwaga tsa setlhare, sejalo sa menku, katologano ya ditlhare mo tshimong ya maungo, mekgwatiriso ya tsamaiso (jaaka nontsho) le dintlha tse dingwe.

Dijalo tse di ntshang kuno e e kwa godimo e akaretsa Keitt ya kwa morago ga setlha – ditone di le 30 ka heketara, Tommy Atkins ya kwa pele ga setlha, Sensation le Jua, ditone tsotlhe di le 20 ka heketara le Keitt e e ka ntshang kuno ya ditone di le 15 ka heketara.

Tsela ya Go Roba Dimenku

Dimenku di nopolwa ka seatla, go fitlha ka dipalo tse dinne ka setlha sa thobo. Leungo le robiwa ka nako e e bidiwang boemo ba go butswa bo bo tala gape ga e a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le go gola. Dimenku tse di godileng di tla butswa morago ga go nopola le go ‘reka nako’ ka go tshwara le go anamisa maungo.

Go gola go ka tlhomamisiwa ka go dirisa tšhate ya mmala ka maungo a a romelwang kwa ntle kgotsa sekai, ka go tlhola phetogo ya mmala o o serolwane ka fa tlase ga Jua le dimenku tsa Sensation. Dintlha tse dingwe tse di jaaka popego, dipopego tsa kgeleswa kwa thoko ga matlhare le mesetlho go dikologa kutu le tsona di ka thusa go tlhomamisa go ipakanyetsa gore setlhare se se rileng go robiwa. Go tlhatlhoba ka gale ga ponalo mo tshimong ya maungo di botlhokwa go tlhomamisa nako e e siameng ya go roba.

Dikutu tsa dimenku di golola borekhu bo bo senyang kgotsa mašwi a a ka tlholang tshenyo ya go fisa mo letlalong la dimenku. Bantshakuno ba bangwe ba dirisa dikiriti tse di kgethegileng kgotsa mokobo go letla borekhu go rotha, ba bangwe ba tlhopha go tlhatswa maungo morago ga thobo mo seeleng se se kgethegileng go thibela go tuka ga borekhu.

Nako ya thobo e e atlanegisitsweng ya thobo ya maungo a a godileng ke go tswa mo go 09:00 go ya ka 15:00 go fokotsa kelelo ya borekhu, mme se ga se kgonege go diragala ka dinako tsotlhe.

Go Tshola Dimenku Morago ga Thobo

Dimenku di tlhophiwa kwa tshimong ya maungo, go ya ka ditlhopha tsa 1 go ya go 3. Leungo la setlhopha sa 3, bogolosegolo, le kgaogantswe le tsotlhe ka ntlha ya tshenyego ya letlalo, e e tlhodilweng ke dinonyane, matshwao a go tlhorontshiwa ke phefo kgotsa ke le nnye thata kgotsa le legolo. Maungo a a romelwa go diragadiwa jaaka go dira matute (leungo le lennye) kgotsa go omisiwa (leungo le legolwane).

Maungo a setlhopha 1 le 2 maungo a tlhophiwa mo sefateng go ya ka bogolo, popego, ponalo ya letlalo, le tshenyego mme a phuthelwa mo mabokosong a 2 kg kgotsa 4 kg.

Bolwetsi ba mouta bo bo amang ditlhare le go bola ga bofelelo ba kutu ke malwetso a mabedi a a botlhokwa a morago ga go robiwa ga maungo a dimenku le kalafi ya metsi a a bolelo (HWT) e a dirisiwa ka ditnlha tsa megare mo maungong a a romelwang kwa ntle. HWT ga e diriwe mo dikgaolong tsotlhe tsa Afrika Borwa jaaka dikgaolo tse dingwe di sa ame ke malwetse a. Ka nako ya HWT, maungo a a godileng a a matala a inelwa metsotso e le 5 mo metsing a a bidisitsweng go fitlha 47℃. Mo thempheretšheng, ditshenekegi tse di tlholang bolwetsi di a bolawa kwa ntle ga go gobatsa leungo.

Go Butswa ga Dimenku

Dimenku ke maungo a maemo a bosa. Se se raya gore a tla butswa morago ga thobo. Dimenku di ka robiwa fa di godile fela di sa ntse di le thata e bile di tla kgona go emelana le go tsamaisiwa go go gakgametseng le go tshwara ka tatelano jaaka a tswelela go butswa. Jaaka leungo la maemo a bosa, go butswa ga mentsu go tlisiwa le go okamelwa ke kalafi ka gase ya ethylene.

Diphetogo tsa go butswa ga dimenku di ka diragala ka mo dithempheretšheng go tloga tse di ka nnang 10 go ya go 30°C. Tlhabololo ya mmala e siame mo go tse di ka nnang 16°C, fa tlhabololo ya tatso ke e e feletseng ka go ka nna 27ºC.

Boloka dimenku mo themphereitšheng ya phaposi kgotsa o di budutse ka go phuthela ka kgetsana ya pampiri malatsi a le mabedi. Fa o tsidifaditswe, ga o kitla o butswa, le gale, faela fa di setse di budule, dimenku di ka bolokwang mo setsidifatsi kgotsa di tsidifaiwe go fitlha dikgwedi di le thataro.

Dimenku tse ditala (tse di butswang) di nopolwa go dira di-atšha - ke seloki sa senoko, o jewa le dinama tse di tsididi, dikhari le setšhuu, go dirwa dikomkomore mme o ka dirisiwa mo disalateng tse di sigilweng go nna tshesane, di marinaetiwe ka ditlama le dinoko, kgotsa go dirwa dikomkomore

Translated by Lawrence Ndou