Maungo a Selegae a Afrika Borwa

© Hans Hillewaert

Goya ka Lefapha la Temôthuo, Dikgwa le Tsa Ditlhapi (DAFF) tseno di kaiwa fa ele dimela tse di botlhokwa go gaisa tsa maungo a selegae a Afrika Borwa: Morula, mobola, mmupudu, mmilo, motlhôno, mogorwagorwana, mhawa & moretologa.

Maungo mangwe a selegae ke dilwana tse di botlhokwa tsa kgwebisano mme a rekiswa go ikala le mebila mo dikarolong di le di ntsi tsa borwa jwa Afrika.

Ona a akaretsa mogorwagorwana, mhawa (Carpobrotus edulis), umsobo (kowa) kwa dikarolong tse di kwa botlhaba jwa Afrika Borwa, motlhôno (Dovyalis caffra), moretologa (Ximenia caffra), Mosalasaia (X. americana) le moepel kgotsa mmupudu (mofuta wa Mimusops). Mangwe a bontsha bokgoni jaaka dijalo tse diša tsa kgwebo mme tswelopele e dirilwe ka morula (Sclerocarya birrea) le a mangwe ale mmalwa.

Morula

Setlhare seno se se golo se tlwaelegile kwa porofenseng ya Limpopo ya Afrika Borwa. Leungo le kotulwa gotswa fa fatshe (Ferikgong go fitlha Moranang) mme le jewa le le foreshe kgotsa le phetotswe go nna jam. Le phetolelwa gape go nna dinôtagi tse di jaaka bojalwa.

Mobola

Setlhare se se golo ka lekwati le le magwata, mobola o mela kwa dikgaolong tse di kwa botlhaba jwa Afrika Borwa, mme o tlhagisa leungo le le serolwana le le nnye, le le jewang le le tala, le omisitswe kgotsa le bedisitswe go dira bojalwa.

Mmupudu

Setlhare seno se ithatela diporofense tsa dipula tsa selemo tsa Afrika Borwa, mme le tlhagisa leungo la mmala wa namune le le nnye le le kgolokwe.

Leungo le le tswina le na le vitamin C e e kwa godimo thata, mme matlhare a jewa ale matala ke sikaloopodi. Leungo le kotulwa le sa butswa, mme le tla butswa mo malatsing ale mmalwa.

Mmilo

Setlhare seno sa leungo se tlhagisa leungo la bogolo jwa apolekosi la tatsô e e tshwanang le ya apole e e omisitsweng. Leungo le le foreshe le dirisetswa go titiela bojalwa jo bo bogale thata (mampoer ka Afrikaans). Maungo a tshwanetse go kgetlwa ka seatla gotswa mo ditlhareng, mme a ka kotulwa mo sebakeng sa go fitlha dikgwedi di le thataro.

Motlhôno

Maungo a motlhôno a tatsô e e bogale le monkgo o o monate a jewa ale matala, ka go ratega a gasagasitswe sukiri. Leungo le na le vitamin C e e kwa godimo mme le na le diesiti tsa amino tse di farologaneng. Boesiti jo bo kwa godimo jwa lona jwa tlhagô bo le dira gore le siamele go dira jam. Setlhare seno se se mebitlwa se dira magora a a rategileng.

Mogorwagorwana

Setlhare seno se se nnye se se mebitlwa se mela mo dikgaolong tse di mogote tsa dipula tsa Afrika, se tlhagisa maungo a a serolwana a bogolo jo bo ka lekanang le jwa namune. Leungokobolwa le jewa le le tala, le omisitswe kgotsa le dirwa jam kgotsa mofeine wa leungo, fela dithapô di botlhole.

Mhawa

Ke morare wa sehupametsi o o tlholegang kwa Kapa Bophirima, mhawa o dira jam e e siameng mme o dirisetswa go tsepamisa mmu le gape mo ditshimong tse di sonagang metsi. Matute a letlhare la ona a diriswa go retibatsa phisô ya letsatsi, mengapô le go babelwa.

Moretologa

Leungo leno le le tlhabosang le le botlha le fitlhelwa mo setlhatshaneng se se mebitlwa, gantsi se jalwa jaaka legora. Leungo le jewa le le foreshe, le na le vitamin C e e kwa godimo mme oli ya thapo ya lona e diriswa mo ditlotsa-letlalong tse di jaaka lipstick le disepa.

Translated by Nchema Rapoo