Leungo le le Bosula la Mmilo le Humile ka Vitamin C

© JMK
Mmilo (Vangueria infausta) o na le maina a a tlwaelegileng; wildemispel, Mmilo, Muzwilu, Mavelo, Umviyo, Mpfilwa, Umtulwa, Mothwanye, Umvile le Amantulwane. Mmilo ke setlhare sa leungo sa dikutukutu sa boleele jwa magareng ga 3 le 7m, ka matlhare a matala a a bêlebêtê. O fitlhelwa mo makhujaneng a a matlapa, kwa dithabeng, dikgwa tsa bojang le kwa marotobolong gaufi le lobopo lwa Kapa Botlhaba le kwa diporofenseng tsa Free State, KwaZulu-Natal, Mpumalanga, Gauteng, Limpopo, Bokone Bophirima le Kapa Bokone ga mmogo le kwa dinageng tse dingwe tsa borwa jwa Afrika.
Setlhare sa leungo sa selegae go dumelwa fa se na le maatla a bosula; se ka baka gore dikgomo di tsale fela dinamane tsa poo, ka jalo logong lwa sona ga lo diriswe le fa ele go gotsa molelo tota. Ka go fapaana, leungo la sona le tumile thata (le latswega jaaka apole) mme le humile ka vitamin C. Leungo la mmilo le simolola le le botala, fela le butswa go nna mmala wa namune-phepôle o o thuntseng, go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Moranang. Kotulo e ka dirwa go simolola mo botharing jwa Diphalane goya kwa tshimologong ya Ngwanatsele fa leungo le sa butswa thata. Leungo le lengwe le ka butswetsa mo setlhareng go fitlha letlhabula gore le nne le tatsô, fa go sena bokotsi jwa segagane.
Leungo le kgolokwe ebile le a phatsima, ka bomolagare jwa 3.5cm. Le na le leungokobolwa le le omeletseng lo lo bopi, ka tatsô e e tswina-botlha le dielô tse di kwa godimo tsa calcium (Ca) le potassium (K).
Mmilo o diriswa jaaka sethugwa mo dijong tsa dessert le go dira mofeine. Leungo le le omisitsweng le ka bolokelwa motsi wa tlhokego ya dijo, fela dijo-tlaleletsi le bogobe jo bo bedisitsweng go se nene di ka tlhagiswa gotswa mo go lona. Kwa Botswana mmilo o phetolwa go dira senôtsididi se se kwa godimo ka vitamin C.
Medi ya mmilo kgale a diriswa ka setso go alafa malaria le bolwetse jwa borurugô jwa makgwafo. Mo godimo ga fao, metsi a medi le matlhare a bediseditsweng mo go ona a ka alafa mathata a dibokwana, menstruation le a popelô mmogo le leino le le opang. Metsi a go bediseditsweng matlhare a a tšhwetlilweng le dikalana mo go ona a thusa go fodisa maoto le matsogo a bana a a rurugileng.
Mmilo o golela ka bonya, fela o tlwaetse dikgaolo tsa dikaka le tsa dika-sekaka tsa dithemphoritšhara tse di magareng ga 17 - 28 ℃. Ga go bonolo go medisa mmilo gotswa mo dipeong, fela go jala dipeo ka Ngwanatsele go na le seêlô se se botoka sa melô go na le fa go jalwa ka Seetebosigo. Inela dipeo mo metsing pele o di jala. Tsela e e gaisang ya go medisa mmilo ke go jala mesegô.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo