Morago ga phitlho ya monna wa me, mmê wa me o ile le Anthony morwa wa me kwa Gugulethu ka gonne ke ne ke tshwanetse ke go boela kwa Eastern Cape. Ka ngwaô ya seXhosa, fa monna wa gago a tlhokafala o tshwanetse ke go ya go dula le balolapa lwa gagwe sebaka sa ngwaga, mme o apare bontsho ka motsi oo go supa gore o mo khutsafalong.
Fa ngwaga oo o fela, ke ne ka kopa go boela kwa Cape Town go dira le go direla bana ba me ba le barataro madi. Ke ba tlogetse kwa Eastern Cape mme ka dira kwa Cape Town jaaka modiri wa fa gae, fela jaaka mmê wa me a dirile. Tsatsi lengwe, moagisani o ne a tla kwa go nna a nthaare bana ba me ba a bogiswa kwa Tsolo.
Fa dikgomo kgotsa dinku di sa boela gae, Kenneth o ne a kgwathiswa mme a tshabele kwa lefelong la gagwe le le kgethegileng la boiphitlho – sekhutlhwana mo tshingwaneng – mme a iphitlhe mo tlhageng e telele. Ke fela ausi wa gagwe, Phyllis, yo a neng a itse kwa a iphitlhileng teng mme o ne a sa bolelele ope. Nako dingwe, moagisani o ne a mpolelela, bana ba ne ba sa letlelelwe le go ya sekolong. Mme seno e ne e le tlhoba-boroko e kgolo mo go nna.
Bana ba me ba ne ba tshwanetse ke go tsena sekolo. Ke ne ke tshwanetse go netefatsa fa ba ipaakanyetsa bokamoso jwa bona. Ngwana yo o rutegileng o na le tshono e e botoka ya botshelo, mmê wa me o ne atle a bue. 'Rraago e ne ele morutabana mme o ne ana le botshelo jo bo botoka ka gonne o ne a rutegile', o ntheetse.
Go ka makatsa gore ke bogisitswe ke balosika lwa me fa ke ne ke le ngwana, mme jaanong selo seo se diragalela bana ba me. Go diragetse jaana ka gonne maemô a rona a ne a tshwana. Mo ngwaông ya rona, mmê le bana ba na le seêmô se se kwa tlase fa go bapiswa le maloko mangwe a losika fa ngwana a sena rre, kgotsa monna a seo.
'Mama, ga ke kgone go emelelana le seno', ke ne ka mo bolelela. 'Bana ba me ba tshwanetse ke go tla fa go nna.' Ke ne ke robala kwa felo-tirong ka nako eo, ke na le kamore kwa morago ga ntlo e ke neng ke dira mo go yona kwa motsetoropong wa Heathfield.
Go ne go sena fa bana ba me ba ka dulang le nna mo kamotshaneng eo. Ka nakwana Anthony o ne a ya go dula le mmê kwa Gugulethu, fela monna wa gagwe o ne a sa rate seno. Ke fa ke ne ke aga mokhukhu kwa Philippi – gore ke kgone go dula le bana ba me.
Go ne go le thata, go ba godisa ke le esi. Ba ne ba nna tlhaga, segolo-bogolo basimane. Anthony o tlogetse sekolo ka Mophatho wa Bosupa, ngwaga wa bobedi wa sekolo segolo, mme Kenneth ka sekolo potlana. Go ne gona le malatsi fa bana ba neng ba le ba golo, mo ke neng ke ipolelela gore, 'Fa monna wa me a ne a santse a tshela, bana ba me nkabe ba se setoutu.
Basimane nkabe ba sa nwe bojalwa le go tshaba sekolo.' A tshenyô ya bokgoni jwa bona, ka nnete. Sekai, ke gopola fa Kenneth a ne a le matshetshe ka go tshwantshisa mme a na e mokwalo o montle. Basimane ba me nkabe ba dirile go le gonts
Translated by Nchema Rapoo