Ka 1960, leitibolo la me, Mthuthuzeli, le ne la belegwa. O tlhokafetse fa a ne a le dikgwedi di le thataro. Ngwana wa me wa bobedi le wa boraro le bona ba tlhokafetse dikgwedi di le mmalwa morago ga go belegwa.
Ga ke itse gore ke goreng, fela go ne go le jalo ka malatsi ao. Bana ba le ba ntsi ba tlhokafetse. O ne o ka se bone kalafô e e siameng kwa maokelong, jaaka e bonwa gompieno. Ke tshepa gore ke karolo ya lebaka.
Go tlhokafala ga bana ba le babedi e ne e le kutlôbotlhoko e e bosula, fela nkoko wa me o ntheetse 'O seke wa tshwenyega ka seo. O phepafaletsa popelo ya gago bana ba le ba ntsi ba o tlileng go ba tshola ka tsatsi lengwe.' Mafoko a gagwe a nthusitse e le tota gore ke kgotlhelele.
E ne ele ka 1964 pele ke nna le lesea le le tshelang, le le bitswang Olive. Ka 1966 le lengwe le ne latla – Phyllis, ênê yo ga jaana a leng mo ngwageng wa gagwe wa bosometlhano a tshela ka HIV/Aids. Kenneth o belegwe ka 1969 mme Prudence, yo o bolailweng ke Aids, jaaka Olive, o ne a belegwa dingwaga di le pedi morago.
Ka 1972, ke ne ka nna stoutu. Ga go ope yo o tlhokang go nna le bana ba ba fetang nne, fela ke ne ka tshola ngwana wa me wa botlhano, Anthony, mme ka 1975 o mongwe gape, Lennox. Eya, ke matshetshe ka go gopola matlha. Ke gakologelwa sengwe le sengwe se se diragaletseng lolapa lwa me ka matlha, letsatsi la matsalo mangwe le mangwe, le letsatsi la loso lengwe le lengwe.
Mo malatsing a, ke lebala dilo nako dingwe. Tsatsi lengwe nka fitlha sengwe mo lefelong le le bolokesegileng, mme kamoso ke lebale gore se kwa kae. Fela bontsi jwa matlha a a amang lolapa lwa me, ke bo gakologelwa ka go bonala.
Translated by Nchema Rapoo