Jalô ya Thyme

Jadisô

©Louise Brodie
Jadisô ke gotswa mo peong fela thyme e ka jadiswa gape ka go jala mesegô kgotsa go kgaoganya sejalo se se tlhogileng le go se jalolola.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ka tlhamalalô ya peo mo karolong ya tshimo ya bodirelo jo bo golo e dirwa ka dijadi tsa motšhine. Jalô e e dirwang ke bajadi ba ba golo ba kgwebo gantsi e dirwa ka go jala matlhogela a thyme a a tlhagisitsweng mo ntlwaneng ya dijalo. Seno se neela mojadi taolô e e kwa godimo ya bogolo jwa jalô le tekatekano. Dipeo di jalwa mo makiding kwa boteng jo bo ka nnang 6 mm. Fela fa dipeo di tlhogile mme matlhogela a a nonofileng a godile, a jalololwa le go jalelelwa mo tshimong.

Katoganô

Dijalo tsa thyme di tshwanetse go katogana ka 20 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm. Seno e ka nna dijalo di le 80 000 mo hekethareng. Go tlogelwa mela ya didiriswa le terekere gore e dirisetswe taolô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jalô ka tlhamalalô ya thyme e dirwa mo tshimong ka letlhabula. Mo Afrika Borwa, seno e tlile go nna thari ka Mopitlwe kgotsa go sale gale ka Moranang, mme go netefatsa fa matlhogela a tlhoga pele ga mariga le gore a be a nonofile ebile a tsepame sentle ka dikgakologo.
Jala dipeo mo makiding mo tikologong e e sireletsegileng kgotsa mo ntlwaneng ya dijalo ka Seetebosigo, mme go sale gale ka dikgakologo matlhogela a thyme a tshwanetse a bo a nonofile mo go lekaneng go ka jalololwa le go jalelelwa mo masimong. Matlhogela gantsi a nonofile mo go lekaneng go ka jalwa dibeke di le robedi morago ga jalô ya dipeo.

Nako ya Jalelelo

Jalelela matlhogela a rosemary go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa seno ke thari ka Phatwe o fitlha go sale gale ka Lwetse morago ga segagane sa bofelo.

Paka ya Kgolo

Dibeke di le robedi mo ntlwaneng ya dijalo di tshwanetse go ka tlhagisa matlhogela a a nonofileng a thyme a a siametseng go ka jalololwa le go jalelelwa mo masimong. Mo tlhagisong ya thyme e e foreshe, batlhagisi bangwe ba simolola go kotula dintllhana tse di foreshe tsa kgolo go simolola ka bonako jwa dibeke di le somepedi morago ga jalololo. Morago ga fao kotulo ya bobedi e ka dirwa pele ga letlhabula. Ngwaga wa bobedi wa kotulo o tlile go ntsha dikgetlo di le di ntsi. Dijalo tsa thyme di ka kotulwa dingwaga di ka nna nne goya go tlhano fa di laolwa ka tshwanelo. Dijalo tsa thyme di nna logong thata le go robega bonolo fa ntse di tsofala, ka jalo go gakololwa gore dijalo di fetolwe dingwaga dingwe le dingwe di le nne goya go tlhano.

Kumisô

Thyme ga e tlhoke monontsha o montsi. Pele ga jalô, sampole ya mmu wa leemedi e tshwanetse go tsewa le go romelwa kwa ditshekatshekong. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se lepilweng.
Jaaka kaedi e e sa tlhomamang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya ntlha ya 250 kg ya 3:1:5 e ka gasagaswa le go tsenngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm pele ga jalô ya matlhogela. Seno se tlile go neela matlhogela a mantšhwa a thyme thagogo e ntle ya gore e tlhoge. Mo dikgweding tsa ntlha di le 12, go botlhokwa go tshola dijalo di gola, ka jalo tshêlô e nngwe ya 200 kg ya 3:1:5 e ka tshelwa go ikala le mela ya jalô, e nngwe ka Sedimonthole mme e nngwe ka Mopitlwe. Go gakololwa gore go ungwiswe morago ga kotulo nngwe le nngwe.

Nosetsô

Sejalo sa thyme ke sejalo se se boitshoko mme ga se tlhoke metsi a mantsi. Fa se jalwa ntle le nosetsô ya leruri, tshologo ya pula e e ka nnang 500 mm mo ngwageng e tla lekana. Go lokela nosetsô ya leruri fela go oketsa ntshô. Nosetsô ya gotswa-godimo kgotsa ya marothodi e matshwanedi, fela o seke wa nosetsa go feta selekano ka ge seno se baka malwetse a modi mme se fokotsa bogale jwa dioli tse di botlhokwa mo sejalong.
Go ikaegile ka mofuta wa mmu le bosa, dielô tsa nosetsô di tlile go farologana tshimo ka tshimo. Nosetsô-bogareng e e siameng ke magareng ga 20 le 25 mm ka beke ka dikgwedi tse di bothitho tsa selemo, mme e fokotswe ka dikgwedi tsa ngwaga tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula. O se nosetse mo bekeng ya pele ga kotulo, fela nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go busetsa mmu kwa bometsing jo bo eletsegang go isa tlase kgatelelô. Go gakololwa gore go lokelwe didiriswa tsa selekanyetsa-bometsi go lekola mmu ka metlha.

Translated by Nchema Rapoo