Thyme ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Thymus Vulgaris
Leina la tlwaelô: Thyme

Thyme e tlholega kwa dikarolong tsa Asia, Borwa jwa Yuropa le tsa Mediterranean ya Afrika Bokone.

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa thyme se boitshoko mme se gola mo dingwageng di le pedi kwa bogodimong jo bo ka nnang 350 mm. Sejalo se tlhagisa dikala di le mmalwa tsa mo matlhakoreng tse di logong go bopa setlhatsana. Matlhare a mmala o o fifetseng o o botala-setlha, a sebopego sa lee se se nnye mme ale makgwakgwa go se nene. Dithunya tse di bopegang mo dintlhaneng tsa dikala mo ngataneng di mmala o o lilac phepôle.

Ditiriso

Thyme e e foreshe le e e omisitsweng e diriswa jaaka setsenya-tatsô mo dijong. E kotulelwa gape tlhagiso ya dioli tse di botlhokwa. Go kilogram nngwe le nngwe ya thyme e e foreshe e e tsenngwang mo tsamaisong ya tlhôtlhô, oli e e botlhokwa e e ka nnang millimetres di le 8 goya go 10 di a tlhagisiwa. Oli e e botlhokwa e diriswa mo kalafing jaaka pheko ya kgokgotso tse di botlhoko le go laola kgatelelô ya madi le cholesterol.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Thyme e gola bontle mo mmung o o motlhaba o o magwata o tswa metsi sentle, wa pH ya magareng ga 6.0 le 7.5. Pele go ka dirwa paakanyô efe kgotsa efe ya mmu, sampole ya mmu wa leemedi e tshwanetse go ka tsewa le go romelwa kwa laboratory go ka sekasekwa le go neelwa ditshitshinyo tsa dikotla. Thyme e nae thulaganyo-modi e e seng boteng mme medi ya yona ga se gantsi e melela kwa boteng jwa 400 mm. Mebu e tshwanetse go ka petwa go repisa mmu kwa boteng jwa 400 mm go netefatsa kelometsi e e siameng. Siamisa dielô tsa pH ka go tshela lime fa menu ele esiti, mme o tshele mosutele kgotsa motshotelo. Lemelela mo mmung o o fa bogodimong jwa 300 mm dibeke di ka nna nne goya go tlhano pele ga jalô. Mo malatsing a bofelo pele ga jalô tshela dielemente tsa tatediso le monontsha wa pele ga jalô o o lekalekantsweng mo mmung, mme o êgelele ka êge ya papetlatsheko mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm. Seno se tlile gape go tlhagola mofero mongwe le mongwe o o ka tswang o tlhogile. Lokela dinosetsi mme o jale matlhogela a thyme.

Bosa

Thyme ke sejalo se se boitshoko sa seka-motalafelaruri se se tlhogang mo boseng jo bo bothitho Jo bo omileng jwa Mediterranean, mme se diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tse di magareng ga 20°C le 30°C. E kgonana le segagane fa e setse e tlhogile. Dithemphoritšhara tsa mmu di tshwanetse go nna kwa godimo ga 16°C go bona melô e ntle. Thyme e ka lengwa mo boseng jo mo go bona go nang le bonnye 500 mm ya pula go phatlalala le ngwaga.

Dijadi

Go na le mefuta ya thyme e megolo ele meraro e e tlhagisetswang kgwebo: Citriodorus, Zygis le Varico. Thyme e e tlwaelegileng e diriswa gantsi mo kapeong. Citriodorus e na le monkgo o o bogale o o botšarara, mme Zygis e diriswa gantsi mo tlhagisong ya dioli tse di botlhokwa. Varico e dirisetswa gape oli, go tlhagisa seêlô se se kwa godimo thata.
Go na le mefuta e e fetang 200 ka jalo fa o tlhopha o o tlileng go jalwa go botoka go senka kgakololô ya motlhankedi wa selegae wa tsa jalô le moitseanape wa dipeo ka ga mofuta o o gaisang mo kgaolong ya tlhagiso le wa maitlhomo a gago le mmaraka o o lepilweng.

Translated by Nchema Rapoo