Taolô-Jalô ya Thyme

Thôbô - Di-tonne mo Hekethareng ka Ngwaga

©Louise Brodie
E e lekaneng
Foreshe: 4 tonnes
Omeletseng: 1 tonne
Oli: 30 litres
E e bogareng
Foreshe: 10 tonnes
Omeletseng: 2 tonnes
Oli: 60 litres
E e siameng
Foreshe: 20+ tonnes
Omeletseng: 4+ tonnes
Oli: 150+ litres

Kotulo

Kotulo ya thyme e dirwa ka seatla le ka motšhine go ikaegile ka bogolo jwa bodirelo. Mo madirelong-tlhagiso a mannye le mo dintlwaneng tsa dijalo, e dirwa ka seatla.
Tlhagiso ya e e foreshe: simolola go kotula go sale gale mo mesong fa themphoritšhara e santse e rurufetse. Kotulo ya dintlhana tse di foreshe e ka simolola mo bogaufing jwa dibeke di le 12 morago ga go jala matlhogela a thyme.
Tlhagiso ya e e omisitsweng: Mo tlhagisong ya thyme e e omisitsweng, tshegô e ka simolola ka bonako jo go nang le matlhare a a lekaneng go ka kotulwa. Bontsi jwa kgolôsemela bo segwa fela pele ga thunyô e la tswelela pele, fa bogale jwa dioli bo le kwa godimo go gaisa. Mesegô morago e omiswa mo themphoritšhareng ya 32°C. O seke wa dirisa mowa o o bolelo go feta 36°C ka ge seno se tlile go baka gore dioli tse di mowafalang bonolo di tswe mo moreng mme tatsô le monkgo di tlile go latlhega.
Tlhagiso ya oli e e botlhokwa: Dioli tse di botlhokwa tse di gaisang di tswa mo kotulong le tlhôtlhong ya matlhare a thyme pele a tsena mo thunyông, fa dioli tse di leng mo sejalong di le monkgo o o botlha go gaisa. Tlhagiso ka botlalo e ka solofelwa go tloga ka ngwaga wa bobedi.

Poloko

Tlhagiso ya e e foreshe: Morago ga kotulo, boloka thyme e e foreshe mo themphoritšhareng ya 4°C. Thyme e ka bolokwa sebaka sa dibeke di le pedi. Bongôla jwa polokelo bo tshwanetse go tsholwa bo le kwa godimo ga 95% go thibela tatlhegelô-metsi. Mere e e foreshe e latlha tatsô ya dijo ya yona ka bonako, ka jalo go botoka go rekisa le go dirisa thyme e e foreshe e e sa tswang go segwa ka bonako jo bo kgonegang.
Tlhagiso ya e e omisitsweng: Matlhare a a omisitsweng a phuthelwa mo ditshoding tse di sa tseneng mowa ka bonako jo bo kgonegang gore di tshole mmala wa tsona le tatsô. Di tshole mo themphoritšhareng ya 10°C. Thyme e e omisitsweng e ka gatsetswa mo ditshoding tse di tswaletsweng.
Oli e e botlhokwa: Boloka dioli tse di botlhokwa tse di mo lebotlolong mo lefelong le le omileng le fifetse le rurufetse sebaka se se ka nnang ngwaga goya go dikgwedi di le 18 morago ga go tsenngwa mo lebotlolong.
Mere e e monkgo-monate jaaka thyme e na le disenyi le malwetse ale mmalwa ka ge monkgo o o botlha o o bogale wa thyme o dira jaaka sekoba-tshenekegi. Fela, go botoka gore o sele morago thulaganyo ya tshireletso-jalo e e tshitshintsweng ke motlhankedi wa tsa jalô kgotsa agronomist. Mogwebi wa selegae wa dikhemikhale gantsi o na le manaane a a matshwanedi kgotsa a ka fana ka tshedimosetso ka ga bagakolodi ba ba gaisang ba ba leng teng gaufi le kgaolo ya gago ya tlhagiso.

Disenyi

Aphids, Snout beetles, Spider mites, Snails le whiteflies.

Malwetse

Alternaria, Botrytis, root rot and rust ke mathata a a tlwaelegileng.

Translated by Nchema Rapoo