Jalô ya Sepinatšhe

© Eric Miller

Jadisô

Jadisô e dirwa ka peo.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya go tsenya peo mo mmung ka tlhamalalô e ya dirwa mme tlhofofatso ya mmu e ka dirwa go netefatsa katologanô e e nepagetseng. Jalô ka motšhine le yona e ya dirwa go netefatsa katologanô e e nepagatseng ka nako ya jalô. Dipeo di tshwanetse go jalwa ka boteng jwa 20mm. Dipeo gape di ka jalelwa mo lekiding mme di jalololwe fa di goletse mo boleeleng jwa di-centimeter di le lesome.

Katologanô

Dijalo di tshwanetse go katogana ka 10 goya 20 cm mo meleng e e katoganeng ka 30 cm. Seno se lekana le dijalo tse di ka nnang 160 000+ mo hekethareng. Balemi ba kgwebo ba ba kotulang ka metšhine ba jala ka go atumelana ga 15 cm ka 25 cm, go neela molemi dijalo di le 250 000+ mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Le fa sepinatšhe se ka jalwa ngwaga otlhe fela fa seêmô sa bosa se siame, mo Afrika Borwa go na le dinako tsa jalô tse kgolo di le pedi tse di diriswang. Go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Moranang fa dithemphoritšhara tsa selemo di se kwa godimo thata mme mariga a se tsididi thata, le go simolola ka Phatwe go fitlha ka Sedimonthole pele dithemphoritšhara di nna mogote thata.

Paka ya Kgolô

Thôbô ya matlhare a ntlha a a kwa ntle e ka simolola mo malatsing ale 60 goya go 70 gotswa morago ga jalô. Go netefatsa paka tse telele tsa ntshô-kungô mme ka jalo le thôbô e e kwa godimo, sepinatšhe se tlhoka Nitrogen mo mmung ka paka yotlhe ya kgolô.

Kumisô

Pele ga jalô fa mmu o baakanngwa, o phepafatswa le go tsenngwa motshotelo, thebolelo ya kwa ntlheng ya magareng ga 500 kg le 1000kg ya Nitrogen, Phosphate le Potassium jaaka motswako wa 2:3:2 e tshwanetse go tlhakanngwa mo mmung o o fa godimo. Morago ga fao, 250 kg ya LAN e tshwanetse go tsenngwa mo dibekeng di le tlhano, le gape mo dibekeng di le robedi morago ga jalô. Tiriso ya mmutelo wa kgogo o o nang le seêlô se se kwa godimo sa Nitrogen le yona e okeditse thôbô ka go gola.

Nosetsô

Nosetsa fela fa morago ga jalô le fela morago ga melô. Mo kgweding ya ntlha ya kgolô ya sejalo, mmu o tshwanetse go lekolwa malatsi mangwe le mangwe ale mabedi go netefatsa gore ga gona kgatelelô ya metsi mo mmung. Mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo fa mebu e omelela ka bonako, nosetsô ya beke le beke kgotsa le ya gabedi ka beke e tshwanetse go ka dirwa. Mo dikgaolong tse di fodileng, nosetsô e ka atolosetswa go nakwana-magareng ya malatsi ale 10 mo mebung e e bokete ya serokwa. Sepinatšhe se na le thulaganyo ya medi e e seng boteng, mme se tshaba kgatelelô ya metsi mo mmung. Go botlhokwa go lekola kgatelelô ya metsi mo mmung ka bobotlana gabedi mo bekeng.

Translated by Nchema Rapoo