Taolo-Jalô ya Sepinatšhe

© Eric Miller

Tikoloso-Jalô

Ke mokgwa-tiriso o o siameng go ka dikolosa dijalo fa o tlhagisa Sepinatšhe go thibela kagegô ya disenyi le malwetse a sepinatšhe. Dikolosa ka lephutshe, dinawa, matlhodi, lettuce, ditamati, ditapole le khabetšhe.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

E e lekaneng: 15 tonnes
E e magareng: 20 tonnes
E e siameng: 30+ tonnes

Kotulo

Kotulo gantsi e dirwa ka seatla ka dithipa tse di bogale kgotsa disekele tse potlana mo ditshimong tse di nnye kgotsa madirelong a temô. Seno se letla balemi go kotula ka dipaka tse telele mme ka jalo ba oketse thôbô. Sega fela matlhare a a kwa ntle mo boleeleng jo bo ka nnang 40cm gotswa mo mmung. Seno se tshwanetse go dirwa ka metlha go rotloetsa kgolô mme ka jalo go oketsa thôbô. Mo madirelong a kgwebo ya temô a magolo se no se dirwa nako dingwe ka metšhine. Mo madirelong a magolo ano bokete jwa sejalo le bona bo kwa godingwana.

Poloko

Sepinatšhe ga se bolokege sentle, mme se tshwanetse go ka bewa kwa ntlhwaneng e e fodileng ka bonako jo bo kgonagalang morago ka kotulo. Dipholô tse di ntle di mo themphoritšhareng ya 4°C le bongôleng jo bo kwa godimo ga 85%. Sepinatšhe se tshwanetse go bewa mo setsidifatsing bontsi jwa malatsi ale 7 pele se jewa go netefatsa setlhagiswa se se boleng. Ka jalo setlhagiswa se tshwanetse go ka fitlhelela moreki ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kotulo.

Disenyi

Nematodes, Dikgopa, Cutworm, Aphids, Slugs, Hawaiian Beet Worm, Loopers, Leaf Miners le maritshe.

Malwetse

Leaf spot, Spinach Blight, Mosaic virus, Downy Mildew, Curly top, White Rust le Phori.

Translated by Nchema Rapoo